Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Bala?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Bala?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Bala?

“Ga ke na bopelotelele jwa go bala. Nka mpa ka lebelela thelebishene go na le gore ke bale.”—Margarita, 13, Russia.

“Fa ke tshwanela ke go tlhopha fa gare ga go bala buka le go tshameka baseketebolo, nka mpa ka tlhopha go tshameka.”—Oscar, 19, United States.

FA E le gore o ile wa ipha nako go bala go fitlha fano, gongwe o lemoga gore go bala ke bokgoni jo bo botlhokwa jo o tshwanetseng wa bo tlhagolela. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o leba go bala buka kgotsa setlhogo sa makasine jaaka go nwa molemo: O a itse gore molemo oo o tla go thusa mme ga o batle go o nwa.

Tsogang! e ile ya botsolotsa basha bangwe go tswa kwa dinageng di le 11 go utlwa gore ba ikutlwa jang ka kgang ya go bala le melemo ya gone. Dintlha tse di latelang ke dikakgelo tsa bone.

Ke eng fa o go fitlhela go le thata go bala?

“Go bonala ke se nke ke bona nako ya go bala.”—Semsihan, 19, Jeremane.

“Go bala go matsapa. Ke akanya gore ke botswa go bala.”—Ezekiel, 19, Philippines.

“Ga ke rate go patelediwa go bala ka dikgang tse di lapisang.”—Christian, 15, Engelane.

“Fa buka e le tshesanyane nka leka go e bala. Mme fa e le kima, e a ntshosa.”—Eriko, 18, Japane.

“Ke itewa tsebe motlhofo ke dilo tse dingwe. Ga ke kgone go tlhoma mogopolo mo go se ke se balang.”—Francisco, 13, Afrika Borwa.

Basha ba Bakeresete ba kgothalediwa go bala Baebele. (Pesalema 1:1-3) A go thata gore o dire jalo? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang?

“Baebele ke buka e kgolo! Ke akanya gore e tla ntsaya botshelo jotlhe!”—Anna, 13, Russia.

“Dikarolo dingwe tsa Baebele di bua ka dilo tse di kwa teng mme e bile ga di kgatlhe go le kalo.”—Jezreel, 11, India.

“Go thata gore ke bale Baebele ka metlha ka gonne thulaganyo ya me e tlhakatlhakane thata.”—Elsa, 19, Engelane.

“Go thata gore ke bale Baebele ka gonne tiro e ke e dirang mo gae le tiro ya sekolo di ja nako ya me yotlhe”—Zurisadai, 14, Mexico.

“Go thata gore ke dire mmalo wa Baebele ka gonne go bonala ke sa kgone go fokotsa nako e ke e dirisetsang ditiro tsa go itlosa bodutu.”—Sho, 14, Japane.

Ga go pelaelo gore go bala e ka nna kgwetlho. A mme go iteka gore o bale sengwe go ka go tswela mosola? O ile wa solegela molemo jang ke go bala?

“Go bala go okeditse kitso ya me mme go dirile le gore ke se ka ka inyatsa fa ke bua le batho ba bangwe.”—Monisha, 14, India.

“Go bala go a ntapolosa e bile go dira gore ke se ka ka akanya ka mathata a me.”—Alison, 17, Australia.

“Go bala go nthusa go itse mafelo a ke neng ke se kitla ke kgona go ya kwa go one.”—Duane, 19, Afrika Borwa.

“Go bala go nthusa gore ke itlhatlhobele dilo ka bonna, go na le gore ke ikaege fela ka se ke se bolelelwang ke ba bangwe.”—Abihu, 16, Mexico.

Ke eng se se go thusitseng gore o itumelele go bala?

“Go tloga fela ka nako ya fa ke ne ke sa le monnye, batsadi ba me ba ile ba nkgothaletsa gore ke balele kwa godimo.”—Tanya, 18, India.

“Batsadi ba me ba ile ba nkgothaletsa gore ke leke go bona dilo ka leitlho la mogopolo fa ke ntse ke bala, ke leke go bona e ka re dilo tse ke balang ka tsone di direga ka mmatota.”—Daniel, 18, Engelane.

“Rre o ne a akantsha gore ke simolole ka go bala dibuka tsa Baebele tse ke di ratang thata tse di jaaka Dipesalema le Diane. Gone jaanong ke itumelela go bala Baebele mme ga e tlhole e le mokgweleo.”—Charene, 16, Afrika Borwa.

“Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè, batsadi ba me ba ile ba nnaya deseke le raka ya dibuka e e nang le dibuka tsotlhe tse ba ileng ba di mpeela fa ke sena go tsholwa.”—Ari, 14, Japane.

Ke eng fa o akanya gore go bala Baebele go botlhokwa?

“Batho ba dumela dilo tse dintsi ka Baebele tse di seng boammaaruri. Go botoka go itlhatlhobela dilo tseno ka bowena.” (Ditiro 17:11)—Matthew, 15, United States.

“Go bala Baebele go tlhoka gore motho a akanye thata. Mme e nthusitse gore ke kgone go bua ka bopelokgale le ka tsela e e utlwalang sentle fa ke bua le batho ba bangwe ka tumelo ya me.” (1 Timotheo 4:13)—Jane, 19, Engelane.

“Fa ke bala Baebele, ke utlwa e kete Jehofa o bua le nna ka tlhamalalo. Ka dinako tse dingwe go e bala go nkama maikutlo.” (Bahebera 4:12)—Obadiah, 15, India.

“Ke simolola go itumelela go bala Baebele ka gonne e mpolelela gore Jehofa o akanya eng ka nna e bile e nnaya kgakololo e e molemo.” (Isaia 48:17, 18)—Viktoriya, 14, Russia.

O bona leng nako ya go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo go yone?

“Ke na le thulaganyo. Ke bala kgaolo e le nngwe ya Baebele fa ke tsoga moso mongwe le mongwe.”—Lais, 17, Brazil.

“Ke bala Baebele le dikgatiso tse dingwe tsa Bokeresete fa ke le mo tereneng ke ya sekolong le fa ke boa. Mo dingwageng tse nnè tse di fetileng, ke ile ka kgona go latela thulaganyo eno.”—Taichi, 19, Japane.

“Ke bala ditemana di le mmalwa mo Baebeleng bosigo bongwe le bongwe pele ga ke ya go robala.”—Maria, 15, Russia.

“Ke bala ditsebe di le nnè tsa makasine wa ‘Tora ya Tebelo’ kgotsa ‘Tsogang!’ letsatsi le letsatsi. Ke kgona go fetsa makasine otlhe pele ga go tla o mongwe.”—Eriko, 18, Japane.

“Ke bala Baebele moso mongwe le mongwe pele ga ke ya sekolong.”—James, 17, Engelane.

Jaaka dikakgelo tse di fa godimo di bontsha, go bala go ka tokafatsa bokgoni jo o setseng o na le jone jwa go bala le go oketsa kitso ya gago. Go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng—go akaretsa le makasine ono—go tla go thusa gore o ‘atamele Modimo.’ (Jakobe 4:8) Ka jalo, le fa o ka tswa o fitlhela gore go bala ke kgwetlho, o se ka wa itlhoboga!

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o bale Lefoko la Modimo?

▪ O ka dira jang gore o ‘ithekele nako’ ya go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng?—Baefeso 5:15, 16.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

AMANYA DILO TSE O DI BALANG LE TSE O DI BADILENG

Amanya se o se balang le se o setseng o se itse ka wena le ka tikologo e o leng mo go yone. Ipotse dipotso tse di latelang:

Amanya Kgang E o E Balang Le e O Kileng wa e Bala A maemo kgotsa mathata a a tlhalosiwang fano a tshwana le a a ileng a tlhalosiwa mo dibukeng tse dingwe, mo dimakasineng tse dingwe kgotsa dikgang tse dingwe tse nkileng ka di bala? A batho ba go buiwang ka bone ba na le mekgwa e e tshwanang le ya batho ba nkileng ka utlwa ka bone?

Amanya Se o Se Balang le Seemo sa Gago Tshedimosetso eno e tsamaisana jang le seemo se ke leng mo go sone, setso sa me le mathata a ke lebaneng le one? A nka dirisa tshedimosetso eno gore ke kgone go rarabolola mathata a ke nang le one kgotsa go tokafatsa botshelo jwa me?

Amanya Se o Se Balang le Tikologo e o Leng mo go Yone Tshedimosetso eno e nthuta eng ka tlholego, tikologo, ditso tse di farologaneng kgotsa mathata a setšhaba? Tshedimosetso eno e nthuta eng ka Mmopi?