Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Tlhagiso Tsia go Ile ga Thusa

Go Tsaya Tlhagiso Tsia go Ile ga Thusa

Go Tsaya Tlhagiso Tsia go Ile ga Thusa

E NE e le Laboraro, August 24, 2005—e le letsatsi le le tlwaelegileng fela le le mogote e bile le le bongola kwa New Orleans, Louisiana, U.S.A. Alan le lelapa la gagwe ba ne ba intshitse go ya go fetsa malatsi a se kae kwa Beaumont, Texas, e e leng bokgakala jwa dikilometara di feta 300 go ela kwa bophirima. Ba ne ba tshotse diaparo tse di lekaneng malatsi a le matlhano a ba tla bong ba seyo ka one. Alan o tlhalosa jaana: “Re ne re sa itse gore kgwanyape e e bidiwang Katrina e ne e tla, e ka nako eo e neng e ntse e bopega kwa botlhaba jwa Florida. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jwa Labotlhano go ne go bonala sentle gore New Orleans e ne e tlile go tlhaselwa ke kgwanyape e e tlileng go baka tshenyo e kgolo.”

Ka Sontaga, August 28, go ne go phepafetse gore kgwanyape e e bidiwang Katrina e ne e tlile go nna maatla thata. Ratoropo wa New Orleans o ne a ntsha taolo ya gore batho ba fuduge mo toropong eno. Ka ntlha ya seno, dikoloi di le diketekete di ne tsa tsamaela ka iketlo kwa bokone le kwa bophirima, mme ditsela tse dikgolo di ne tsa tswalega ka ntlha ya pharakano. Batho ba le diketekete ba ba neng ba se na dikoloi ba ne ba tshabela mo mafelong a go itshireletsa kgotsa mo setadiamong se segolo sa Superdome. Ba bangwe bone ba ne ba ipolelela gore ba tla nna mo matlong a bone go fitlha kgwanyape e feta.

‘Mo Nakong e e Tlang, ke Tlile go Nna wa Ntlha go Tswa mo Lefelong le le Kotsi!’

Joe, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke mongwe wa batho ba ba neng ba se ka ba tswa mo lefelong le le kotsi. O ne a dumela gore a ka kgona go falola kgwanyape eno a ntse a le mo gae. O ne a ipolelela gore tshenyo e e ileng ya bakwa ke dikgwanyape tse di fetileng e ne e se maswe go le kalo jaaka fa ba maemo a bosa ba ne ba boleletse pele. A re: “Ke ne ke akanya gore ke tla falola. Ke ne ka fetola mogopolo wa me ka bonako! Diphefo le pula di ne tsa tla ka maatla a magolo thata. Go ise go ye kae, borulelo jwa ntlo ya me bo ne jwa tsewa ke diphefo. Morago ga moo metsi a ne a simolola go tlhatloga ka lobelo lo lo tshosang—ka bogodimo jwa dimetara di le tharo mo diureng di le tharo! A ne a tsena mo ntlong ka lobelo lo logolo mo e leng gore ke ne ka tshwanelwa ke go ya kwa letlhatlaganyaneng la bobedi la ntlo ya me. Ke ne ka tshoga tota ka gonne phefo e ne e tsositse modumo o mogolo mme go ne go bonala dipota di tloga di wa. Siling e ne e wela fa fatshe. Jaanong ke ne ke tshwanetse go bona gore nka iphalotsa jang.

“Ke ne ka akanya gore ke itatlhele mo metsing a a fetang ka mosumo o mogolo le maatla. Mme kwa ntle, go ne go na le makhubu a a kotsi fela thata. Phefo e ne e ntse e phepheula lefulo le lesweu la makhubu mo mebileng e e fa gaufi. Ke ne ke itse gore fa nka itatlhela mo metsing, ke ne nka nna ka nwela.”

Kgabagare go ne ga tla sekepe mme Joe a namolwa ka sone mme a tlogelwa mo borogong. Fa tlase ga borogo, go ne go kokobetse ditopo le mantle gongwe le gongwe mo godimo ga metsi. O ne a robala bosigo bo le bongwe mo godimo ga butu ya koloi. Go tswa foo o ne a tsewa ka helikopotara, mme morago ga moo ka bese a bo a isiwa kwa Civic Center ya New Orleans. A re: “Batho ba koo ba ne ba ntshwara sentle. Ka nako nngwe ke ne ke tlhakane tlhogo. Selo se ke neng ke se ipotsa thata e ne e le gore, ‘Ke tlile go bona kae metsi a go nwa?’”

Fa Joe a akanya ka se se mo diragaletseng, o lemoga gore a ka bo a ile a se ka a feta mo mathateng a a ntseng jalo. A re: “Ke ithutile. Mo nakong e e tlang fa go twe ‘Tswang mo Lefelong le le Kotsi,’ ke tlile go nna wa ntlha go tswa!”

O ne A Itlhokomolosa Tlhagiso, Mme a Tshabela mo Setlhareng

Ditoropo tsa Biloxi le Gulfport, kwa lotshitshing lwa Mississippi, di ne tsa senyegelwa fela thata mme batho ba swa. Go ya ka The New York Times ya August 31, 2005, Vincent Creel, e bong motsamaisi wa merero ya dilo tse di amang setšhaba kwa Biloxi, o ne a re: “Batho ba le bantsi ba ne ba itlhokomolosa ditaelo tsa gore ba tswe mo lefelong le le kotsi ka gonne bone le magae a bone ba ne ba falotse kgwanyape e e bidiwang Camille [ka 1969].” Kgwanyape e e bidiwang Camille e ne e tsewa e le yone e e neng e le maatla go gaisa ya Katrina, mme jaaka Creel a ne a bolela, Katrina yone ‘e ne e na le metsi a mantsi a a ka se thibelweng a a neng a ntse fela jaaka a tsunami.

Moagi mongwe wa mo toropong eno yo o neng a itlhokomolosa tlhagiso e ne e le Inell, yo o feditseng nako e telele a nna kwa Biloxi. A re: “Re ile ra falola dikgwanyape di le dintsi fa dingwaga di ntse di feta. Ka gone ke ne ke sa itshwenye thata ka Katrina.” Morago ga gore Inell a phuthe botlhe ba lelapa la gagwe e leng matsalaagwe wa dingwaga tse 88, morwawe, morwadie le mogwe wa gagwe—mmogo le dintša tse pedi le dikatse tse tharo—ba ne ba swetsa ka gore ba se ka ba tswa mo ntlong ya bone, e e neng e agegile sentle. Morago ga moo, kgwanyape e ne ya tlhasela Biloxi mo e ka nnang ka 10:00 mo mosong ka August 29. Inell o gakologelwa jaana: “Ke ne ka bona metsi a tsena mo teng ga nngwe ya dikamore tsa borobalo e e kwa moragonyana ga ntlo. Morago ga moo a ne a simolola go tsena gongwe le gongwe. Re ne ra bona gore re tshabele kwa kamoreng e e kwa godimo go iphalotsa. Mme metsi a ne a nna a tla. Re ne ra tshwanelwa ke go tswa mo kamoreng eno e e kwa godimo re boifa gore metsi a ka re tswalela teng. Mme re ne re tla ya kae?

“Morwaake o ne a bula phatlha mo sefeng e e fa fensetereng gore re kgone go tswa ka yone re bo re thumela mo metsing a a kwa ntle. Morago ga moo, re ne ra kokobala mo godimo ga metsi re itshwareletse ka dintlha tsa borulelo jwa ntlo. Ba le bararo ba rona ba ne ba le kafa letlhakoreng la moja la ntlo, mme morwadiake o ne a le mo go la molema. Ke ne ka bona setlhare se segolo gautshwane. Nna le morwaake le matsale re ne ra thumela kwa go sone mme ra se ngangatlela thata. Morago ga moo ke ne ka utlwa morwadiake a goeletsa a re, “Mmè! Mmè!” Mogwe wa me yo e neng e le ene wa bofelo go tswa mo kamoreng e e kwa godimo, o ne a thumela kwa go ene go mo namola. Ka bobedi jwa bone ba ne ba kgona go tsena mo teng ga seketswana se se neng se emisitswe mo tselaneng nngwe mme jaanong se kokobetse fa godimo ga metsi gaufi le ntlo. Ba ne ba nkopa gore ke tsene mo sekepeng. Ke ne ke tshaba go ya go tsena mo sekepeng ka ntlha ya metsi a a neng a biloga ka maatla. Ke ne ke ikutlwa ke babalesegile mo setlhareng, mme ke ne ke sa batle go se tlogela.

“Fa ke ntse ke le mo setlhareng seno, ke ne ka kgona go bona metsi fa a ntse e elela le mebila le go dikologa ntlo. Ke ne ka simolola go akanya thata ka seemo se ke leng mo go sone mme ka ikutlwa ke le seeleele go bo ke ile ka se ka ka tsaya tsia tlhagiso ya gore ke tswe mo lefelong le le kotsi.

“Kgabagare, metsi a ne a simolola go fokotsega, mme kwa bofelong ke fa rotlhe re le mmogo mo seketswaneng! Lori ya setimamolelo e ne ya goroga mme ya re isa kwa bookelong. Ruri re ne re leboga thata go bo re sa ntse re tshela!”

Dithulaganyo Tsa Basupi Tsa go Tswa mo Lefelong le le Kotsi

Katrina e ne ya ama ditoropo tse di ikadileng go bapa le Gulf Coast, koo matlo a le diketekete a neng a senyega teng go tswa kwa Louisiana go ela kwa botlhaba kwa Alabama. Mme gone dikgwanyape ga di bolo go nna teng mo kgaolong eno ya United States. Ka ntlha ya seno, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba na le dingwaga di se kae ba itiretse dithulaganyo tsa go tswa mo lefelong le le kotsi. Ngwaga le ngwaga, gantsi ka June, pele ga paka ya dikgwanyape e simolola, diphuthego tse 21 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong le legolwane la New Orleans di ikgopotsa thulaganyo e di itiretseng yone ya go tswa mo lefelong le le kotsi fa go tlhaga maemo a tshoganyetso. Ka gone, bontsi jwa Basupi ba mo lefelong leno ba ne ba itse gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso. Thulaganyo eno e ne ya ba thusa jang ka nako ya kgwanyape e e bidiwang Katrina?

Ka bonako fela fa badiredipuso ba toropo ba sena go itsise batho gore ba tswe mo lefelong le le kotsi, bagolwane ba phuthego nngwe le nngwe ba ne ba ikgolaganya le maloko a mangwe a phuthego ya bone go ba kgothaletsa gore ba fuduge mo toropong eno. Ba le bantsi ba ne ba kgona go itirela dithulaganyo tsa go fuduga le ba malapa a bone kgotsa ditsala. Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa dipalangwa le tsa go thusa ba ba tsofetseng le ba ba bokoa. John, yo e leng leloko la komiti ya namolo ya Basupi o ne a re: “Ruri ke dumela gore re bolokile botshelo jwa batho ba le bantsi ka ntlha ya go latela thulaganyo eno.” Ka gone, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go tswa mo toropong eno pele ga kgwanyape e tlhasela. Gore go thusiwe batho ka bonako gore ba falole mo mafelong a a neng a tlhaselwa ke kgwanyape, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa United States e ne ya tlhoma dikomiti tsa namolo ya tshoganyetso.

Go Batlana le Basupi mo Teng ga Setadiamo sa Astrodome

Mo e ka nnang batshabi ba le 16 000, ba bontsi jwa bone ba neng ba tswa kwa Louisiana, ba ne ba amogela dijo, metsi le mo ba ka nnang teng mo teng ga Setadiamo sa Astrodome kwa Houston, Texas. Komiti ya namolo ya Basupi kwa Houston e ne ya utlwela gore go ne go na le Basupi mo gare ga boidiidi jono jwa batho. Potso e ne e le gore ba tla ba bona jang?

Mo mosong wa Labotlhano, September 2, setlhopha sa bagolwane ba Basupi se ne sa goroga kwa Setadiamong sa Astrodome go batlana le bakaulengwe ba ba neng ba tshabetse mo go sone. Ba ne ba sala ba akabetse fa ba bona diketekete tsa batho, banna, basadi, basha, bana le masea, ba ba neng ba tletsetletse gotlhe mo setadiamong se segolo. Lebala la kgwele ya dinao le ne le tletse ka malao a le diketekete, mmogo le batshabi ba ba neng ba letetse tharabololo ya bothata jono jwa bone ka bopelotelele. Go ne go na le mela e meleele ya batho ba ba tlhokang kalafi, mme badiri ba tsa kalafi ba ne ba taboga go tseela balwetse kwa diambulenseng.

Samuel, e bong mongwe wa bagolwane ba ba neng ba batlana le Basupi ba bangwe o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke mo gare ga kampa ya batshabi.” Ba ne ba tlile go bona jang Basupi ba le mmalwa ba ba neng ba le mo gare ga boidiidi jono jwa batho? Bagolwane ba ne ba simolola pele ka go tlhatlogela kwa godimo ka ditepisi tsa setadiamo ba bo ba fologa ba tshotse diboto tse dikgolo tse di kopang Basupi gore ba itlhagise. Morago ga diura di le tharo ba ntse ba ba batla mme go se na nko e e tswang lemina, ba ne ba lemoga gore ba ne ba tlhoka go dirisa mokgwa o mongwe o o tla nnang le matswela. Ba ne ba kopa badiri ba Sefapaano se Sehibidu gore ba dire kitsiso ka sebuelagodimo e e reng: “Botlhe ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng, tsweetswee yang kwa ditepising tse di kafa botlhaba mo boalong jo bo kwa tlase.”

Kwa bofelong, Basupi ba ne ba simolola go tla ka iketlo mme difatlhego tsa bone di phophoma ka menyenyo. Samuel o tlhalosa jaana: “Ba ne ba sekile dikeledi e bile ba itumetse fela thata. Ba ne ba re tlamparela thata ba bo ba re tshwara ka mabogo. Ba ne ba nna ba ntse ba re tshwere ka gonne ba boifa gore re ka tla ra ba latlhegela mo bontsintsing jono jwa batho.” Ka Labotlhano le Lamatlhatso, Basupi ba le 24 ba ne ba bonwa mme ba tsewa ba isiwa kwa lefelong la namolo la Basupi.

Bontsi jwa bone ba ne ba latlhegetswe ke dithoto tsa bone tsotlhe ba setse fela ka diaparo tse di leswe tse ba neng ba di apere. Mosupi mongwe ene o ne a tshwere lebokoso le lennye, le le lekanang le le le tsenyang ditlhako. Le ne le na le dipampiri tsa botlhokwa—e le tsone fela tse a ileng a kgona go di boloka ka nako ya fa kgwanyape e senya.

Kwa setadiamong sa Astrodome, batho ba le bantsi ba ne ba lemoga gore bagolwane ba ba neng ba tla mo lefelong leno e ne e le badiredi ba Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba tla kwa go bone ba ba kopa Dibaebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Go ne ga kopiwa Dibaebele di feta 220. Gape Basupi ba ne ba tsamaisetsa batho bano makasine wa Tsogang! wa August 8, 2005, o o nang le setlhogo sa kafa ntle se se tshwanelang se se reng, “Masetlapelo a Tlholego—A a Etegela go ya Pele?”

Bangwe ba Boela Kwa Magaeng a Bone

Mongwe wa bafalodi ba kgwanyape ke mmegadikgang yo o nang le maitemogelo e bile e le motsamaisimogolo wa seteishene sa thelebishene sa New Orleans. Ka ntlha ya tiro e a e dirang, o ile a bona tshenyego e ntsi thata mo nakong e e fetileng. O ne a boela kwa legaeng la gagwe kwa Jefferson Parish, Louisiana, go ya go batla dithoto dingwe tsa gagwe. A re: “Ke ne ke tshogile. Tshenyo e ne e le kgolo e bile go ne go senyegile sengwe le sengwe. Mo thelebisheneng re ne re bone metsi a morwalela fa a ne a thuba maparego a one a bo a tshologa go tswa mo meseleng. Diphefo tse di maatla le tsone di ne tsa baka tshenyo e kgolo. Lefelo la bonno le ke neng ke na le folete mo go lone le ne le senyegile gotlhelele. Go ne go na le mouta, go bodile e bile go nkga. Go ne go nkga go re phu! Go tshosa tota. Le gale se re se itumelelang ke gore re sa ntse re tshela.”

Alan, yo o umakilweng kwa tshimologong, kgabagare o ne a boela kwa legaeng la gagwe kwa Metairie, e leng toropo e e kwa bophirima jwa New Orleans. Kgwanyape e ne e bakile tshenyo e kgolo. A re: “Go ne go ama maikutlo fela thata go bona seno, go ne go tshosa. Go ne go ntse jaaka e kete bomo ya atomo e ne e latlhetswe mo toropong eno. Dilo tseno re tlhola re di utlwela fela mo dikgannyeng tsa radio kgotsa re di bona mo thelebisheneng. Ke kgang e sele tota fa jaanong o tsamaya kgotsa o kgweetsa mo lefelong le o neng o nna mo go lone mme o iponela tshenyo e e diregileng—tshenyo e kgolo e bile e aname. Go thata go dumela gore seno se diregile.

“Ka sekai, monko—e ne e kete ke wa nama e e bodileng, monko wa dilo tse di suleng. Mafelo a le mantsi a kgwebo a ne a senyegile kgotsa a tletse metsi. Gongwe le gongwe go ne go na le mapodise le masole. Go ne go lebega e kete ke lefelo la botlhabanelo.”

Maiteko a go Namola Batho

Balaodi ba toropo, ba naga le ba puso ba ne ba dira dithulaganyo tsa namolo. Setheo sa konokono sa puso se se neng se thusa e ne e le sa FEMA (Federal Emergency Management Agency). Ditheo tse dingwe di ne tsa kopana mmogo go thusa batho ba le diketekete ba ba tlhokang thuso. Dijo di le dintsi, diaparo le metsi di ne tsa tlisiwa ka dilori mo mafelong a a tletseng metsi a morwalela wa kgwanyape. Go ise go ye kae setheo sa FEMA se ne sa ntsha ditšheke le dithuso tse dingwe tsa madi go thusa batho go itshedisa mo malatsing kgotsa dibeke tsa ntlha di le mmalwa. Fa go ntse go le jalo, go ne go ntse go ya jang ka Basupi ba ga Jehofa?

Go Lebelela Gore Tshenyo e Kana Kang le go Baakanya

Fela fa kgwanyape e tlhasela, Basupi ba ne ba rulaganya ditlhopha tsa batho ba ba tla lebelelang gore tshenyo e kana kang ba bo ba romela bangwe kwa mafelong a a senyegileng go ya go bona gore ke magae a le kae a Basupi le Diholo tsa Bogosi tse di senyegileng go se kae kgotsa tse di senyegileng gotlhelele. Ba ne ba tla kgona jang go mekamekana le tiro eno e kgolo? Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, se ne sa letla gore go tlhomiwe dikomiti tsa namolo tse di neng di tla kaelwa ke Komiti ya Lekala ya United States. Mo godimo ga moo, Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo tsa mo dikarolong di le dintsi tsa United States di ne tsa kopiwa go tla go simolola go aga sesha. * Di ne tsa kgona go fitlhelela eng?

Ka February 17, 2006, ba setlhopha sa namolo sa Long Beach, Mississippi, ba ne ba bega gore mo lefelong la bone, mo matlong a le 632 a Basupi a a neng a senyegile, a le 531 a ne a weditswe go agiwa sesha, mme go setse a le 101 a a neng a sa ntse a tlhoka go baakanngwa. Gape Basupi ba ne ba thusa le baagelani ba bone ba e seng Basupi. Diholo Tsa Bogosi di le 17 di ne di senyegile thata mo marulelong, mme fa kgwedi ya February e le fa gare, go ne go setse go ruletswe di le 16 tsa tsone sesha. Go tweng ka komiti ya Baton Rouge, Louisiana?

Setlhopha seno se tlhokomela lefelo la Louisiana, le le neng la senngwa thata ke kgwanyape e e bidiwang Katrina. Mo magaeng a le 2 700 a Basupi a a neng a tlhoka go baakanngwa, go ne go setse go baakantswe a le 1 119 mo magareng a February, ka gone komiti eno ya namolo e ne e sa ntse e na le namane e tona ya tiro. Gape, baagelani le malapa a a neng a tlhoka thuso fela thata a ne a thusiwa. Diholo tsa Bogosi di le 50 di ne di senyegile fela thata. Ka February, di le 25 tsa tsone di ne di baakantswe. Kwa Texas setlhopha sa Houston se ne se tlhoka go baakanya magae a le 871 a a sentsweng ke kgwanyape e e bidiwang Rita ka September. Ka February 20, go ne go baakantswe magae ano a le 830.

Se re Se Ithutang ka Katrina

Batho ba le diketekete ba ba neng ba tlhaselwa ke Katrina ba ile ba ithuta thuto ya botlhokwa ya gore go botlhokwa thata gore ba tseye ditlhagiso tsia. Ee ruri, ba le bantsi ba tla dumalana le se Joe yo o umakilweng pelenyana a se boletseng, fa a ne a re: “Mo nakong e e tlang fa go twe ‘Tswang mo Lefelong le le Kotsi,’ ke tlile go nna wa ntlha go tswa!”

Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba tsweletse pele ka go namola batho ba ba tlhokang thuso kwa kgaolong ya Gulf. (Bagalatia 6:10) Le fa go ntse jalo, bodiredi jwa bone ga se fela jwa go direla batho ba bangwe molemo fa ba tlhoka thuso. Go farologana le moo, tiro ya konokono ya Basupi ba ga Jehofa—e e dirwang mo dinageng di le 235 mo lefatsheng lotlhe—ke go ntsha tlhagiso e kgolo thata go gaisa ya kgwanyape e e tlang. Baebele e bolelela pele gore Modimo o tloga a fedisa tsamaiso eno ya dilo e e sa mo rateng, a bo a phepafatsa lefatshe la rona le go boa a le busetsa mo maemong a a neng a batla gore le nne mo go one. Fa e le gore o ka rata go itse se Baebele e se rutang ka nako eno ya katlholo, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.—Mareko 13:10; 2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 14:6, 7; 16:14-16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 32 Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di bopilwe ka ditlhopha tsa Basupi ba ga Jehofa—baithaopi—ba ba nang le maitemogelo mo go tsa kago le mo go ageng sesha Diholo Tsa Bogosi. Go na le ditlhopha tseno di ka nna 100 mo United States yotlhe go akaretsa le tse dingwe tse dintsi mo lefatsheng lotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Bogare jwa Kgwanyape ya Katrina fa bo bonwa ka satalaete

[Motswedi wa Setshwantsho]

NOAA

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Merwalela ya New Orleans

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/David J. Phillip

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Kgwanyape ya Katrina e sentse matlo mme ya bolaya batho ba le bantsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Ben Sklar

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Setadiamo sa Astrodome kwa Houston, Texas, se ne se na le batho ba le 16 000 ba ba neng ba tshabetse mo go sone

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Bagolwane ba Bakeresete ba batlana le Basupi mo bathong ba ba neng ba tshabile

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Baithaopi ba baakanya borulelo jo bo neng bo senyegile thata

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Basupi ba ne ba itumela fela thata go bo ba baakanyeditswe matlo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Baithaopi ba ne ba tlamela le ka dijo

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Alan