Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Gagamalela Madi Go a Go Lwatsa?

A go Gagamalela Madi Go a Go Lwatsa?

A go Gagamalela Madi Go a Go Lwatsa?

FA O ne o ka huma thata ka moso, o ne o tla dira eng? A o ne o tla iketla le go itumelela botshelo? A o ne o tla tlogela mmereko mme o ipha nako e oketsegileng le ba lelapa la gago le ditsala? A o ne o tla batla go dira tiro nngwe e o e ratang thata? Se se kgatlhang ke gore, batho ba le bantsi ba ba humang ga ba dire sepe sa dilo tseno. Go na le moo, ba tshela botshelo jwa bone jotlhe ba dira madi a a oketsegileng—e ka tswa e le go duelela melato e mesha kgotsa e le fela go huma go ya pele.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba ileng ba dira seno, ba lemoga kafa go rata dikhumo go ileng ga senya botsogo jwa bone ka teng, botshelo jwa malapa a bone le boitsholo jwa bana ba bone. Bosheng jaana, dibuka, ditlhogo dingwe, dithulaganyo tsa thelebishene le dibidio di ile tsa tlhagisa batho ka dikotsi tsa go feteletsa dilo mme mo boemong jwa moo di ba kgothaletsa “go tlhopha go tlhofofatsa botshelo jwa bone.” Metswedi e mentsi ya tshedimosetso e bontsha gore go ineela thata mo go gagamaleleng dikhumo go ka nna ga lwatsa motho—mo tlhaloganyong, mo maikutlong tota le e leng mo mmeleng.

Gone ke boammaaruri gore go tshwenyega ka kotsi ya go rata dikhumo ga se selo se sesha. Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele e ile ya bolela jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

A mme seo se boammaaruri? A tota batho ba mokgele wa bone mo botshelong e leng fela go kgobokanya madi a mantsi le dithoto ba boga ka ntlha ya gone? A kgotsa ba na le sengwe le sengwe se ba se batlang—khumo, botsogo jo bo siameng le malapa a a itumetseng? Mma re bone.