Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke eng se se Phoso ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?

Ke eng se se Phoso ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?

Basha Ba Botsa Jaana...

Ke eng se se Phoso ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?

Jessica * o ne a iphitlhela a le mo dipharagobeng. Go simologile fa Jeremy yo a nang le ene mo tlelaseng a ne a bontsha go mo kgatlhegela. Jessica a re: “O ne a le montle tota, le ditsala tsa me di ne di re ke mosimane yo o siameng go gaisa botlhe ba nkileng ka kopana le bone. Basetsana ba le mmalwa ba ile ba leka go ratana le ene, mme o ne a sa ba kgatlhegele. O ne a rata nna fela.”

Morago ga nakwana, Jeremy o ne a kopa Jessica gore a intshe le ene. Jessica a re: “Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka jalo ga ke a dumelelwa go intsha le mongwe yo e seng wa bodumedi jwa me. Mme Jeremy o ne a tla ka leano lengwe. O ne a botsa gore: ‘Goreng re sa intshe mo sephiring batsadi ba gago ba sa itse?’”

FA MONGWE yo wena o mo kgatlhegelang a tla ka kakantsho eno, o ne o ka reng? O tla gakgamala go itse gore lekgetlho la ntlha, Jessica o ne a dumalana le leano la ga Jeremy. A re: “Ke ne ke tlhatswegile pelo gore fa ke intsha le ene, nka mo thusa gore a rate Jehofa.” Dilo di ne tsa fetoga jang? Re tla bona moragonyana. Sa ntlha, a re bone gore go tla jang gore tota le mosha wa Mokeresete yo o tlhomang sekao jaaka Jessica a iphitlhele a tshwerwe ke serai sa go intsha le mongwe mo sephiring a sa lemoge.

Lebaka La go Bo ba Go Dira

Basha bangwe ba intsha ba sa ntse ba le bannye. Susan wa kwa Boritane a re: “Ke bone bana ba dingwaga tse 10 kgotsa 11 ba na le makau le makgarebe a bone!” Ke ka ntlha yang fa ba gaketse jaana? Maikutlo a tlholego a go kgatlhegela motho wa bong bo sele le kgatelelo ya balekane—gantsi ke tsone di dirang gore basha ba batle go intsha. Lois wa kwa Australia, a re: “Go nna le diphetogo tse di rileng mo mmeleng wa gago e bile mongwe le mongwe o na le yo a intshang le ene.”

Mme gone ke ka ntlha yang fa bangwe ba intsha le mongwe mo sephiring? Jeffrey wa kwa Boritane a re: “Gongwe ba dira jalo ka ntlha ya go tshaba batsadi ba bone.” David wa mo Afrika Borwa, le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Ba a itse gore batsadi ba bone ga ba ne ba dumela, ka jalo ga ba ba bolelele.” Mosetsana mongwe wa kwa Australia yo o bidiwang Jane o tlhalosa sengwe se se ka diragalang. A re: “Go intsha le mongwe mo sephiring ke go tsuologa. Fa o ikutlwa e le gore ga o tsewe jaaka mosha yo o godileng yo o akanyang gore o ene, o swetsa ka gore o ile go dira se o se batlang o sa bolelela batsadi ba gago. O akanya gore fa o dira jalo mo sephiring go tla nna motlhofo.”

Mme gone, Baebele e go laela gore o ikobele batsadi ba gago. (Baefeso 6:1) Fa e le gore batsadi ba gago ga ba batle o intsha, ba a bo ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba gana. Ka sekai, fa e le gore ke Basupi ba ga Jehofa, batsadi ba gago ba tla batla gore o intshe fela le modumedi ka wena—fa e le gore wena le motho yoo lo mo seemong se se siameng sa go ka nyalana. * O se ka wa gakgamala, he, fa e le gore o iphitlhela o akanya jaana:

Ke ikutlwa ke setse kwa morago ka gonne mongwe le mongwe o na le motho yo a intshang le ene ke nna fela yo ke se nang ene.

Ke kgatlhegela mongwe yo o seng mo bodumeding bo le bongwe le nna.

Nka rata go intsha le Mokeresete ka nna, le fa gone ke le monnye go ka tsenela lenyalo.

Gongwe o ka tswa o itse gore batsadi ba gago ba tla reng ka mafoko a a fa godimo ano. Mme mo teng ga pelo ya gago o a itse gore batsadi ba gago ba bua boammaaruri. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa jaaka Manami, wa kwa Japane, yo o neng a re: “Kgatelelo ya go intsha le mongwe e kgolo jaana mo e leng gore ka dinako dingwe ke belaela gore a ke tsere kgato e e siameng. Gompieno ga go utlwale mo baneng gore motho a se ke a intsha le mongwe.” Basha bangwe ba ba leng mo seemong seo ba simolotse go intsha mme ba dira jalo ka go fitlhela batsadi ba bone. Jang?

“Re ne Ra Bolelelwa Gore e Nne Sephiri”

Tota mafoko a a reng “go intsha le mongwe mo sephiring” a tlhalosa mokgwa mongwe wa tsietso e e rileng. Ba bangwe ba intsha le bangwe mo sephiring gantsi ka go dirisa founu le Internet. Mo phatlalatseng ke ditsala fela, mme melaetsa ya khomputara, melaetsa ya diselula, le difouno tsa bone di bontsha sentle gore ba intsha mo sephiring.

Caleb wa kwa Nigeria, o senola leano le lengwe la boferefere. A re: “Basha bangwe ba ba intshang mo sephiring ba dirisa mafoko jaaka khouto le maina a sereto fa ba bua le balekane ba bone gore ba bangwe ba se ka ba tlhaloganya se ba buang ka sone.” Mokgwa mongwe ke wa go rulaganya ditiro tse di rileng tsa ditlhopha, gore moragonyana ba le babedi mo setlhopheng seo ba nne ba le bosi kwa thoko. James wa kwa Boritane a re: “Nako nngwe setlhopha sa rona se ne sa lalediwa go kopanela golo gongwe, mme ke ne ka lemoga gore selo sotlhe seno se ne se rulagantswe gore ba babedi mo setlhopheng ba nne mmogo. Re ne ra bolelelwa gore e nne sephiri.”

Jaaka James a bontshitse, go intsha mo sephiring gantsi go dirwa ka thuso ya ditsala. Carol wa kwa Scotland, a re: “Go na le bobotlana tsala e le nngwe e e itseng ka maemo ano mme ga e batle go bua ka one ka gonne ba na le kgopolo ya gore ‘ga ke a tshwanela go bolelela ope.’”

Gantsi, go se tshepane go go feteletseng go nna teng. Beth wa kwa Canada, a re: “Ba le bantsi ba tswelela ba intsha mo sephiring ka go se bolelele batsadi ba bone boammaaruri gore ba ya kae.” Misaki wa kwa Japane, le ene o a dumela gore o dirile fela jalo. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tlhama maaka ka kelotlhoko. Mme gone, ke ne ke le kelotlhoko gore ke se ka ka bua maaka ape a mangwe kwantle ga a a amanang le go intsha ga me ke direla gore batsadi ba me ba nne ba ntshepe.”

Dikotsi Tsa go Intsha mo Sephiring

Fa e le gore o raelesega go intsha mo sephiring—kgotsa fa e le gore o setse o dira jalo—o tshwanetse go akanyetsa dilo tseno tse di latelang.

Tsela eno ya me ya tsietso e tla felela kae? A o ikaeletse go nyalana le motho yo o intshang le ene ka bonako jo bo ka kgonegang? Evan wa kwa United States, a re: “Go intsha lo se na maikaelelo ape a go nyala go tshwana le go phasalatsa sengwe se o sa se rekiseng.” Diane 13:12 ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” A tota o batla go bobodisa pelo ya motho yoo yo o amegang ka ene?

Jehofa Modimo o ikutlwa jang ka se ke se dirang? Baebele ya re “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka jalo fa e le gore o fitlha go intsha ga gago le mongwe—kgotsa ga tsala ya gago—Jehofa o setse a itse ka gone. Mme fa e le gore go na le go tsietsa go go rileng, ruri o tshwanetse wa tshwenyega ka gone. Jehofa Modimo o tlhoile maaka. Ee ruri, “loleme lo lo maaka” ke sengwe sa dilo tse di mo lenaaneng la dilo tse a di ilang le le mo Baebeleng.—Diane 6:16-19.

Eleruri, fa o intsha le mongwe mo sephiring o a bo o itima tshireletsego e o ka nnang le yone fa o intsha mo phatlalatseng. Ga go gakgamatse, go bo bangwe ba ba intshang mo sephiring ba wela mo boitshwarong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Jane wa kwa Australia, o bua ka tsala ya gagwe e e neng e intsha mo sephiring le mosimane mongwe kwa sekolong mme ya feleletsa e tshela botshelo jwa boitimokanyi. Jane a re: “Ka nako ya fa rraagwe a lemoga gore o na le lekau, o ne a setse a le moimana.”

Eleruri, o tla bo o dira sentle fa o bolelela batsadi ba gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng ka botsalano bope fela jwa mo sephiring jo o ka tswang o le mo go jone. Mme fa e le gore o na le tsala e e intshang mo sephiring, o se ka wa tlhakanela le yone mo ditirong tseno tsa sephiri ka go di fitlha. (1 Timotheo 5:22) Gone mme, o ne o tla ikutlwa jang fa e le gore botsalano jono bo ka nna le matswela a a sa siamang? A o ne o se kitla o nna molatonyana mo go seo? A re re tsala ya gago e e nang le bolwetse jwa sukiri e ja dimonamone mo sephiring. Go tweng fa e le gore o a itse ka ga seno, mme tsala ya gago e go kopa gore o se ka wa bolelela ope? Ke eng se o neng o tla tshwenyega thatathata ka sone—go fitlha se tsala ya gago e se dirang kgotsa go tsaya kgato e e ka nnang ya boloka botshelo jwa gagwe ka go mo thusa?

Go ntse fela jalo le ka motho yo o mo itseng a intsha le mongwe mo sephiring. O se ka wa tshwenyega gore botsalano jwa lona bo tla senyegela ruri! Fa nako e ntse e ya, tsala ya gago ya boammaaruri e tla lemoga gore tota o ne o batla go mo thusa.—Diane 27:6.

“Ke ne Ke Itse se ke Tshwanetseng go se Dira”

Jessica, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a fetola mogopolo ka kgang ya go intsha le mongwe mo sephiring fa a sena go utlwa ka se se diragaletseng Mokeresete mongwe yo le ene a neng a intsha mo sephiring. Jessica a re: “Fa ke sena go utlwa kafa a fedisitseng kamano ya bone ka gone, ke ne ke itse se ke tshwanetseng go se dira.” A go fedisa kamano eno go ne go le motlhofo? Nnyaa! Jessica a re: “E ne e le ene fela mosimane yo ke neng ke mo rata. Ke ne ke lela letsatsi le letsatsi ka dibeke di le mmalwa.”

Le fa go ntse jalo, Jessica o ne a itse sengwe gape—gore o ne a rata Jehofa le fa a ne a ile a fapoga go se kae, o ne tota a batla go dira se se siameng. Fa nako e ntse e ya, kutlobotlhoko ya go kgaogana e ne ya kokobela. Jessica a re, “Jaanong, kamano ya me le Jehofa e tokafetse thata go feta le pele. Ke itumelela gore o re naya kaelo e re e tlhokang ka nako e e tshwanetseng!”

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 9 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Simolola Leng go Intsha le Mongwe?” se se mo makasineng wa January 2007.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Boela gape kwa maemong a mararo a a kwadilweng ka ditlhaka tse di bontsho jo bo tseneletseng tse di mo tsebeng ya 27. Ke maemo afe mo go one, fa e le gore a gone, a a tlhalosang tsela e o tleng o ikutlwe ka yone ka dinako dingwe?

▪ O ka itebaganya jang le kgang eo kwantle ga gore o intshe le mongwe mo sephiring?

[Lebokoso mo go tsebe 28]

A lo Batla e Nna Sephiri Kgotsa lo Batla go Itsege?

Ga se gore diphiri tsotlhe tse di amanang le go intsha ke tsa tsietso. A re re lekau le lekgarebe ba ba leng mo dingwageng tsa go ka nyalana ba rata go itsane botoka pele mme ba boloka seo se sa itsewe ke mongwe le mongwe ka nakwana. Gongwe, jaaka fa lekawana lengwe le le bidiwang Thomas le tlhalosa, “ga ba batle go nna ba tshwenngwa ka dipotso tse di jaaka, ‘Kana lo nyala leng?’”

Kgatelelo e e sa tlhokegeng mo go bangwe e ka nna kotsi tota mo mothong. (Sefela sa Difela 2:7) Ka jalo, fa botsala bo sa ntse bo simologa, batho ba ba ratanang ba ka nna ka botlhale ba tlhopha go se bolelele ope ka jone—mme ba ntse ba le kelotlhoko gore ba se ka ba itlhaola mo bathong. (Diane 10:19) Anna wa dingwaga di le 20 a re: “Seno se naya batho ba babedi bano ba ba ratanang tshono ya go swetsa gore a tota ba tsaya kamano ya bone masisi. Fa e le gore ba e tsaya masisi, ke gone ba ka nnang ba tlhagelela phatlalatsa.”

Mme gape, go tla bo go le phoso go fitlhela bangwe ba ba nang le tshwanelo ya go itse, ba ba jaaka batsadi ba gago kgotsa batsadi ba motho yo o intshang le ene. Fa o ka se bolelele ba bangwe ka go intsha ga gago, o tshwanetse go ipotsa gore ke ka ntlha yang o sa batle ba itse. A kgang ya gago e tshwana le ya ga Jessica e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno? A o itse mo pelong ya gago gore batsadi ba gago ba tla nna le mabaka a a utlwalang a go gana?

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Molaetsa Go Batsadi

Morago ga go bala setlhogo se se fetileng, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A morwaake kgotsa morwadiake a ka intsha le mongwe a sa mpolelela?’ Ela tlhoko se basha ba le mmalwa ba se boleletseng Tsogang! gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba raelesega go intsha mo sephiring, mme go tswa foo o akanye ka dipotso tse di latelang.

“Bana bangwe ga ba bone kgomotso kwa malapeng a bone, ka jalo ba swetsa ka go ikaega ka lekau kgotsa lekgarebe.”—Wendy.

Jaaka motsadi, o ka tlhomamisa jang gore dilo tse bana ba gago ba di tlhokang mo maikutlong di tlhokomelwa ka tsela e e tshwanetseng? A go na le dilo tse o ka di dirang go tokafatsa seemo seno? Fa e le gore go jalo, ke dife?

“Fa ke na le dingwaga tse 14, mongwe wa baithuti yo o tswang kwa nageng e sele yo o tlileng go ithuta mo nageng ya rona o ne a nkopa gore ke nne lekgarebe la gagwe. Ke ne ka dumela. Ke ne ke akanya gore go monate go nna le mosimane yo o tla nnang a baya matsogo a gagwe mo go nna.”—Diane.

Fa Diane e ka bo e le ngwana wa gago, o ne o tla rarabolola kgang ya gagwe jang?

“Difouno tsa selula di dira gore go intsha mo sephiring go nne motlhofo. Batsadi ga ba itse gore go diragala eng!”—Annette.

Ke dikgato dife tse o ka di tsayang go tlhokomela tsela e bana ba gago ba dirisang difouno tsa selula ka yone?

“Go intsha mo sephiring go motlhofo thata fa batsadi ba sa ele tlhoko gore bana ba bone ba dira eng le gore ba na le mang.”—Thomas.

A go na le ditsela tse o ka tsalanang le ngwana wa gago ka tsone mme gone o ntse o mo naya kgololesego e e tshwanetseng?

“Gantsi batsadi ga ba nne gone kwa gae fa bana ba le teng. Kgotsa ba ba tshepa thata mo ba ba letlang go ya gongwe le gongwe le batho ba bangwe.”—Nicholas.

Akanya ka tsala e kgolo ya ngwana wa gago. A tota o itse gore ba dira eng fa ba le mmogo?

“Go intsha mo sephiring go ka direga fa batsadi ba gagamaditse molao thata.”—Paul.

Kwantle ga go letla gore melao le melaometheo ya Baebele e tlolwe, o ka dira jang gore ‘go nna tekatekano ga gago go itsiwe’?—Bafilipi 4:5.

“Mo dingwageng tsa me tsa bosha, ke ne ke sa itshepe e bile ke eletsa go kgatlhegelwa. Ke ne ka simolola go romelela mosimane mongwe wa phuthego e e gaufi le rona melaetsa ka khomputara mme ke ne ka simolola go ratana le ene. O ne a dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa.”—Linda.

A o ka akanya ka ditsela tse di molemo tse Linda a ka bong a thusitswe ka tsone kwa gaabo?

Ke eng fa o sa dirise setlhogo seno le dintlha tse di mo tsebeng eno go nna dintlha tse o tlotlang le morwao kgotsa morwadio ka tsone? Tsela e e molemo ya go dira gore go se ka ga nna le diphiri ke puisano e e tswang pelong le e e tlhamaletseng. Go tlhokega nako le bopelotelele gore o lemoge dilo tse mosha a di tlhokang, mme maduo a gone a itumedisa.—Diane 20:5.