Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Go ya ka patlisiso nngwe, go belega bana ka karo go baya botshelo jwa mmè mo kotsing ka selekanyo se se menaganeng ganè go feta fa motho a belega ka tsela e e tlwaelegileng.—OBSTETRICS AND GYNECOLOGY, U.S.A.

▪ Stephen Hawking yo e leng moitsesaense o ne a botsa potso eno mo Internet a e botsa batho botlhe: “Batho ba ka kgona jang go tswelela ba tshela dingwaga tse dingwe di le 100, mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng mo go tsa dipolotiki, tsa loago le tsa tikologo?” Kgwedi morago ga foo o ne a ipobola jaana: “Ga ke itse karabo. Ke ka lebaka leo ke neng ka botsa potso eo, ke batla gore batho ba akanye le go ba lemotsha ka dikotsi tse re lebaneng le tsone gone jaanong.”—THE GUARDIAN, BRITAIN.

▪ Ngwaga le ngwaga go na le palo ya batho e e fa gare ga dimilione di le 14 le dimilione di le 19 mo baaging ba kwa Tanzania ba ba dimilione di le 37 ba ba tshwarwang ke malaria. “Bolwetse jono bo bolaya batho ba ka nna 100 000 ka ngwaga mo nageng eno.”—THE GUARDIAN, TANZANIA.

Ditlhapi di Sireletsa Metsi

Ditoropo di le mmalwa tsa kwa Amerika Bokone di dirisa ditlhapi tse di tlwaelegileng tse di bidiwang di-bluegill, tse e leng ditlhapi tse di kgonang go dupelela dikhemikale mo lefelong la tsone, mme ka go dira jalo ba kgona go tlhatlhoba gore metsi a a nowang a ntse jang. Pego nngwe ya kanamiso nngwe ya dikgang e e kopanetsweng e tlhalosa jaana: “Ditlhapi di tsenngwa mo ditankeng tse di nnang di tladiwa ka metsi a a tswang kwa madutelong a ga masepala mme go na le sensara e e berekang letsatsi lotlhe go bega phetogo e e nnang teng mo tseleng e ditlhapi tsa bluegill di hemang ka yone, tsela e dipelo tsa tsone di itayang ka yone le mokgwa o di thumang ka yone fa go na le botlhole mo metsing.” Pego eno e bolela gore ka lekgetlho lengwe kwa New York City, “ditlhapi di ile tsa kgona go utlwa gore go na le lookwane lwa disele lo lo tshologetseng mo metsing, di utlwa seo diura di le pedi pele ga . . . sensara epe e nngwe e ka kgona go dira jalo,” mme ka tsela eo ba ile ba kgona go thibela metsi a a botlhole gore a se ka a fetela mo metsing a a dirisiwang ke batho.

Selekanyo sa Nikotine se a Okediwa

The New York Times e bega gore le fa matsholo a tsa boitekanelo a ile a kgothaletsa batho ba ba gogang motsoko gore ba tlogele go goga, dikhampani tse di dirang motsoko di ile “ka boferefere tsa dira gore disekerete di tshwakgole batho le e leng go feta” ka go oketsa selekanyo sa nikotine ka “diperesente di le 10 mo dingwageng di le thataro tse di fetileng.” Tlhatlhobo nngwe e ntšha e e dirilweng e go neng go tsewa gore ke yone e e siametseng go etsa mekgwa ya bagogi ba motsoko ba mmatota e ile ya supa gore dikhampani tsa motsoko di leka “go gogela bagogi ba basha le go dira gore ba ba sa bolong go goga ba se ka ba tlogela.” Mo tlhatlhobong eo, “go ile ga fitlhelwa gore mo e ka nnang mefuta yotlhe ya [disekerete] di na le selekanyo se se lekaneng sa nikotine se se ka dirang gore motho a tshwakgoge ka tsela e e masisi.”

Letsogo la Maitirelo le le Laolwang ke Boboko

Monna mongwe kwa United States yo o neng a kgaolwa matsogo oomabedi go tloga mo legetleng morago ga kotsi gone jaanong o dirisa matsogo a maitirelo a a laolwang ke boboko. O kgona go palama llere, go dirisa borashe jwa pente le e leng go tlamparela ditlogolwana tsa gagwe. Cable News Network e tlhalosa gore “letsogo la gagwe ke sedirisiwa sa ileketeroniki se se laolwang ke boboko jwa gagwe.” “O a akanya, ‘O tswala seatla,’ mme go na le ditemosi tsa motlakase tse di romelwang ka methapo e a e tsentsweng ka karo mme di dira gore seno se kgonege.” Di-electrode di kgona go amogela molaetsa o o tswang mo mesifeng e e laolwang ke boboko mme di o romela mo khomputareng e e mo letsogong. Khomputara yone e laola metšhine e mennye e e mo letsogong la maitirelo, mme seo se dira gore dikarolo tsa lone di dire jaaka sekgono le seatla sa mmatota.

Diketekete Tsa Mefuta e Mesha ya Ditshedi!

Go ya ka lekwalodikgang la kwa Tahiti la Fenua Info go ribololwa mefuta e mesha ya ditshedi e ka nna 17 000 ngwaga le ngwaga. Mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa ditshedi tseno ke ditshenekegi mme tse dingwe ke ditshedi tse di nang le lerapo la mokwatla di ka nna 450, go akaretsa mefuta ya ditlhapi e le 250 le diamusi di ka nna 20 go ya go di le 30. Pedi tharong ya diamusi tse disha ke dikeketi le bommamathwane mme lekwalodikgang leo la re “go ribololwa palogare ya phologolo e le nngwe e ntšha ya losika loo tshwene ngwaga le ngwaga,” selo se baitsesaense ba reng ke selo se se gakgamatsang. Lenaane la ditshedi tse di ribololwang le akaretsa le ditlhare le dimela.