Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

TLHALOSA SETSHWANTSHO SENO

1. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Mathaio 18:12-14, go diragetse eng ka nku e nngwe?

․․․․․

2. Modisa ke motho yo o dirang eng?

․․․․․

3. Modisa o ikutlwile jang fa a bona se a neng a se batla?

․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Jehofa o tshwana jang le modisa? Mme wena o tshwana jang le nku?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka leina la mokwadi mongwe le mongwe wa dibuka tsa Baebele tse di fa tlase, mme o thale mola o o golaganyang buka eo le letlha le go lekanyediwang gore e ne ya wediwa go kwalwa ka lone.

Morago ga 443 B.C.E. Pele ga 62 C.E. Morago ga 70 C.E.

455 B.C.E. 64 C.E.

4. Malaki

5. Jakobe

6. 2 Petere

KE NNA MANG?

7. Jakobe o ne a re ke bolelwa ke siame ka gonne ke ile ka amogela barongwa sentle.

KE NNA MANG?

8. Ke ne ke le ntsala Barenabase, mme Petere o ne a re ke morwawe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 8 Jobe o ne a reng ka lefatshe? (Jobe 26:․․․)

Tsebe 11 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya Dikwalo tse di Boitshepo jang? (1 Bathesalonika 2:․․․)

Tsebe 12 Dikgosi tsa kwa Iseraele di ne di laetswe go kwala eng? (Duteronome 17:․․․)

Tsebe 28 Baebele e go naya kgakololo ya gore o iponele eng? (Baroma 12:․․․)

Bana Batlang Dikarabo Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya  27)

DIKARABO TSA TSEBE YA 31

1. E ne ya latlhega.

2. Motho yo o kaelang le go sireletsa letsomane la dinku.

3. O ne a itumetse.

4. Malaki, morago ga 443 B.C.E.

5. Jakobe, pele ga 62 C.E.

6. Petere, 64 C.E.

7. Rahabe.—Jakobe 2:25.

8. Mareko.—Bakolosa 4:10; 1 Petere 5:13.