Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ngomogile Pelo?

A o Ngomogile Pelo?

A o Ngomogile Pelo?

LEFATSHE ka bophara, ntwa fa gare ga tiro le botshelo jwa lelapa ke bothata jo bogolo. Buka nngwe e bontsha gore ‘go dira lefatshe lotlhe seoposengwe, thekenoloji e ntšha, le kgatelelo ya ka metlha ya ikonomi di dirile gore go nne thata gore go nne le pharologano e e tlwaelegileng fa gare ga legae le tiro.’ Diphetogo tseno di dirile gore go nne le dikhumo tse di iseng di ko di nne gone pele. Mme katlego eno e bakile mathata a mantsi. Mokwadi mongwe o bolela jaana: “Dimilione tsa rona re berekisiwa ka tsela e e feteletseng, re na le dithulaganyo tse dintsi e bile re imetswe thata. Tota re ngomogile pelo fela thata.”

Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe go na le ditlamorago tsa go wa go gogolo ga ikonomi tse di kgobang marapo thata. Babereki mo lefatsheng ka bophara, e ka tswa e le ba ba berekang mo diofising kgotsa ba ba dirang tiro ya diatla, ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone le magae a bone. Gongwe ba eletsa e kete ba ka bo ba bereka ka natla.

Mma re sekaseke bogolo jwa mathata ano:

▶ Gare ga babereki ba kwa Yuropa, ba le barataro mo go ba le lesome ba ngomogile pelo ka ntlha ya tiro.

▶ Gare ga bathapiwa ba kwa United States, a le mongwe mo go ba le bararo o ikutlwa a berekisiwa ka tsela e e feteletseng.

▶ Batho ba ba fetang ba le babedi mo go bangwe le bangwe ba le bararo ba kwa Canada ba fitlhela go le thata go dira gore go nne le tekatekano fa gare ga botshelo jwa lelapa le tiro.

▶ Go fopholediwa gore babereki ba ba fetang dimilione di le 600, kgotsa diperesente di le 22 tsa batho botlhe ba ba berekang mo lefatsheng, ba dirisa diura tse di fetang di le 48 ka beke ba le kwa tirong.

Dipalopalo tseno di bontsha seemo se se utlwisang botlhoko se batho ba leng mo go sone. Dipatlisiso dingwe di bolela gore go bereka diura tse di telele le tse di sa tlhomamang ke gone go bakang botsogo jo bo bokoa, dikamano tse di senyegileng, go sa godise bana sentle, go kgaogana le tlhalo.

Go tweng ka wena? A o bereka bokete thata? Kgotsa a o mongwe wa dimilione tse gone jaanong di sa berekeng? A o eletsa e kete go ka nna le tekatekano e e botoka fa gare ga tiro ya gago le botshelo jwa lelapa? Fa e le gore go ntse jalo, o ka dira seo jang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Tiro Ya Bobedi”

Mosadi mongwe yo o berekang a re: “Fa ke fitlha kwa gae, ke tshwanetse gore ke apeye dijo tsa maitseboa, ke phepafatse ntlo, ke tlhatswe diaparo, ke ye go tsaya bana kwa ba leng teng, ke ba thuse ka tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae le go tlhomamisa gore ba tlhapile le go ba robatsa. Fa ke fetsa foo, ke a bo ke lapile thata.” Dimilione tsa basadi ba ba berekang ba go fopholediwang gore ke ba le dibilione di le 1,2 ba lebana le “tiro ya bobedi” eno e e kgobang marapo, fela jaaka banna ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore gantsi banna ba gana go dira tiro ya mo gae. Gantsi basadi ke bone ba dirang bontsi jwa tiro eno, e ka tswa ba na le tiro e nngwe kwa ntle ga lelapa kgotsa nnyaa.