Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshela Botshelo jo bo Motlhofo, jo bo Tekatekano

Tshela Botshelo jo bo Motlhofo, jo bo Tekatekano

Tshela Botshelo jo bo Motlhofo, jo bo Tekatekano

GO TSHELA botshelo jo bo motlhofo, jo bo tekatekano go itumedisa tota. Mme go akaretsa eng? Sa ntlha, o tla tshwanelwa ke go akanya ka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago. O ka dira seno jang?

Ipotse jaana: ‘Ke eng se ke se fitlheletseng go fitlha jaanong? Ke eng se ke sa ntseng ke tlhoka go se dira?’ Kwala mekgele ya gago e e botlhokwa fa tlase fano:

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

Gompieno batho ba le bantsi ba leba botshelo e le sengwe sa nakwana, sa go nna le dithoto. Tota e bile, ba re: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Ba dumela gore tsela ya botshelo ya gompieno ya go bereka gore o nne le madi a go reka dilo, ke jone botshelo jo bo itumedisang. Le fa go ntse jalo, Baebele e ganetsana le kgopolo eno.

Mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o ne a bua ka monna mongwe yo o neng a kokoanya dithoto mme a swa a ise a di itumelele. “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.” (Luke 12:16-21) A go ne go le phoso gore monna yoo a dire ka natla go itlamela? Le e seng. Bothata e ne e le go tlhoma ga gagwe mogopolo mo go kokoanyeng dithoto. O ne a sa tsenya Modimo mo dithulaganyong tsa gagwe. Ka ntlha ya seo, dikhumo tsa gagwe tsotlhe—sengwe le sengwe se a neng a se bereketse ka thata—se ne se se kitla se mo solegela molemo kwa bofelong. A bo go utlwisa botlhoko jang ne!—Moreri 2:17-21; Mathaio 16:26.

Mo boemong jwa seo, Jesu o re laletsa gore re berekele tuelo e e tla nnelang ruri. O ne a rotloetsa jaana: “Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, mme lo direle dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng.” (Johane 6:27) Pelenyana ga foo o ne a bolela jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) A bo e le tuelo e e itumedisang jang ne!

O ka Fenya Jang Tlhobaelo?

Jesu o ne a dumela gore batho ba rata go tshwenyega ka dilo tse di bonalang. Ka jalo, o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe jaana: “Tlogelang go batla se lo ka se jang le se lo ka se nwang, gape tlogelang go akgega ka tlhobaelo; gonne tsotlhe tseno ke dilo tse ditšhaba tsa lefatshe di di gwalalelang, mme Rraalona o a itse gore lo tlhoka dilo tseno. Le fa go ntse jalo, batlang bogosi jwa gagwe lo sa kgaotse, mme dilo tseno lo tla di okelediwa.”—Luke 12:29-31.

Mafoko a a kgothatsang ao a ile a tlhotlheletsa Bakeresete ba le bantsi gore ba tlhofofatse matshelo a bone. Juliet yo o nnang kwa Malaysia, o tlhalosa jaana: “Tiro ya me e ne e dira gore ke nne ke lapile thata e bile ke kgobegile marapo. Ka jalo, nna le monna wa me re ne ra rapela Jehofa gore a re thuse gore re tlhofofatse matshelo a rona. Jehofa o ne a re araba ka bonako. Mo nakong ya kgwedi, ke ne ka bona tiro e e seng ya nako yotlhe ya go ruta bana ba ba golafetseng.” Steve, wa kwa Australia yo tiro ya gagwe e neng e le go rulela, o ne a fetola tiro ya gagwe gore a tle a dirise nako e e oketsegileng le ba lelapa la gagwe mo dilong tsa semoya. Mosadi wa gagwe e bong Maureen, o tlhalosa jaana: “O itumetse thata gone jaanong mme le rona re itumetse. Bana ba itumetse! Le nna ke itumetse! Dira gore botshelo jwa gago bo nne motlhofo mme lelapa lotlhe le tla itumela.”

Le fa go ntse jalo, fa e le gore o latlhegetswe ke tiro mme o tla tloga o latlhegelwa ke ntlo ya gago, o tla tlhoka tumelo e kgolo gore o latele kgothatso ya ga Jesu. Le fa go ntse jalo, fa o baya dilo tsa semoya kwa pele o bo o ikanya Modimo, le wena o ka kgona go tshela botshelo jo bo motlhofo jo bo tekatekano. Go dira jalo go tla go thusa gore o gagamalele “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo, koo tiro yotlhe e tla bong e itumedisa mme go tla bo go se na ope yo o berekelang lefela.—1 Timotheo 6:17-19; Isaia 65:21-23.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka “botshelo [jono] jwa mmatota” jo Baebele e bo solofetsang? Fa e le gore go ntse jalo, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona, kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanelang mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Mo lefatsheng la Modimo le lesha, tiro yotlhe e tla itumedisa e bile e le mosola

[Lebokoso mo go tsebe 8]

A O KA KGONA GO ITIRELA TIRO KWA NTLE GA LEGAE?

Re na le dikakantsho dingwe fano tse di ka thusang mo dikarolong dingwe tsa lefatshe ka nako ya fa go na le bothata jwa go tlhoka tiro:

● Go tlhokomela ntlo (fa batho ba seyo ba tsamaile ka kgwebo kgotsa ba le mo malatsing a boikhutso mme ba batla gore mongwe a ba tlhokomelele ntlo)

● Go phepafatsa: mabenkele; diofisi; matlo le difolete morago ga go agiwa, morago ga molelo, fa batho ba sena go fuduga mo go tsone; tiro ya legae (mo matlong a batho ba bangwe); difensetere (tsa mafelo a kgwebo le tsa magae)

● Go baakanya dilo: dibaesekele; didirisiwa tsa mefuta yotlhe (dilaeborari di na le dibuka tse di nang le ditaelo tse o ka di latelang motlhofo tse di ka go thusang go baakanya dilo)

● Go dira ditiro tse di potlana tsa diatla: go poleisetera matlo, go aga dikhabote, mabati, mathudi; go penta, go tsenya terata; go rulela

● Tiro ya kwa polasing: go lema dijalo, go kgetla maungo, go roba

● Go tlhokomela lebala le go tlhokomela dijalo kwa: diofising, dibankeng, diphashiting, mabala a mabenkele

● Go tlhokomela meago: go phepafatsa, mookamedi (ka dinako tse dingwe seno se ka akaretsa bonno jo bo sa duelelweng)

● Go tsenya dikhapete le boalo jwa logong le go di phepafatsa

● Ditselana tsa makwalodikgang (bagolo le bana) le ditiro tse dingwe tsa go tsamaisa dilwana: dipampitshana tsa phasalatso, ditshupasekoloto tsa mmasepala

● Go fudusa dilo, go di boloka

● Go tlhokomela mabala, go poma ditlhare, go tlhokomela tlhaga, go rema dikgong

● Go kgweetsa bese ya sekolo

● Go tsaya dinepe (go dira diforeimi le go tsaya dinepe mo ditiragalong)

● Go rekisetsa batshwaraditlhapi dilo tse ba ka tshwarang ditlhapi ka tsone

● Go direlana dilo: go baakanya koloi ya mongwe ene a go baakanyetse dilo tsa motlakase, go rokela mongwe ene a go tsenyetse diphaepe tsa metsi

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona Tsogang! ya March 8, 1996, tsebe 3-11.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

DITSELA TSE DINGWE TSA GO ITIRELA TIRO KWA GAE

Sekaseka dilo tse di tlhokegang mo tikologong ya gago. Botsa baagelani. Tsaya kgato pele.

● Go sala le ngwana, go tlhokomela bana

● Go rekisa merogo kgotsa malomo a a jadilweng mo gae; dijusi

● Go roka, go baakanya diaparo

● Go direla madirelo ditironyana tse di rileng

● Go baka le go apaya dijo

● Go dira letsela la bolao ka matselanyana a mannye, go loga ka lomao le le lengwe, go loga dijeresi; go bopa dinkgwana; ditiro tse dingwe tsa diatla

● Go baakanya fanitšhara ka go e tsenya letsela le lesha

● Go tlhokomela dibuka tsa madi, go dira tiro ya go tlanya, go thusa batho ka ditirelo tsa khomputara

● Tiro ya go araba founo

● Go baakanya meriri

● Go hirisa

● Go rulaganyetsa baphasalatsi dienfelopo le go ba kwalela diaterese mo go tsone

● Go tlhatswa le go poletšha dikoloi (mong wa koloi a e tlisa kwa ga gago)

● Go tlhapisa le go poma diruiwa le go di katisa

● Go baakanya diloko le go dira dilotlolo (o dira tiro eno kwa gae)

Ela tlhoko: Mo ditirong tse dintsi tse di umakilweng fa godimo, o ka tsenya diphasalatso tsa tsone mahala kgotsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mo dipampitshaneng tsa go reka dilwana tse di tswang ka mafelobeke kgotsa mo mamating a dikitsiso a mabenkele.