Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Modimo wa Bakeresete ga a swa mo botshelong jwa Baamerika, mme o na le tlhotlheletse e nnye thata mo dipolotiking tsa rona le mo setsong sa rona go feta nako epe e re ka e gakologelwang.”—NEWSWEEK, U.S.A.

“Go wa ga ikonomi le go sa iketlang ga yone go dira gore go nne le masetlapelo a masha: Go na le banyalani ba ba sa kgoneng go duelela tlhalo. Mo dinakong tse di thata tseno, batho ba le bantsi ba fitlhela go fokotsa ditshenyegelo thata fa ba nna mmogo le fa gone ba sa utlwane.”—THE WALL STREET JOURNAL, U.S.A.

Mmè a le mongwe mo go ba le bararo yo o botsoloditsweng kwa Jeremane o ithuta sengwe mo go morwadie—malebana le feshene, go nna le ditsala kgotsa go kgona go itshepa thata.—BERLINER MORGENPOST, GERMANY.

Masole a Mmele a sa Ntse a Kaila

Lokwalodikgang lwa International Herald Tribune lo bolela jaana: “Masome a dingwaga a le robongwe morago ga gore foluu e e kotsi thata e nyelele, batho ba ba falotseng mo go yone ba sa ntse ba na le tshireletso e e nonofileng mo mading a bone kgatlhanong le baerase ya ngwaga wa 1918, e leng selo se se bontshang kafa thulaganyo ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse e nonofileng ka teng.” Fa baitsesaense ba ne ba tlhatlhoba madi a bagodi bangwe ba ba falotseng Spanish-flu ba ne ba fitlhela “masole a mmele a a neng a sa ntse a kaila mo mebeleng ya bone a a neng a batla go fedisa tlhasenyana ya foluu eo ya bogologolo e e setseng.” Ka masole ano a mmele, babatlisisi ba ne ba dira mokento o o kgonang go fodisa dipeba tse di neng di entilwe ka foluu e e bolayang eno. Tsela e thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e kgonang go gakologelwa ka teng e ne ya gakgamatsa babatlisisi. Mmatlisisi mongwe o ne a bolela jaana: “Morena o re segofaditse ka masole a mmele a a ka kgonang go re sireletsa botshelo jotlhe jwa rona. Se se sa go bolayeng se a go nonotsha.”

Dipotso Tse di ka Bodiwang Modimo

“Ke eng fa go na le pogo fa e le gore o siame?” Lokwalodikgang lwa kwa Sweden lwa Dagen lo bolela gore eno e ne e le nngwe ya dipotso tsa ntlha tse baithuti ba kholetšhe ya kwa Sweden ba neng ba ka e botsa Modimo fa ba ne ba ka nna le tshono ya go dira jalo. Patlisiso nngwe e ne ya fitlhela gore dipotso tse dingwe tse di neng di tlwaelegile e ne e le tse di reng: “Boikaelelo jwa botshelo ke eng?” le “Go tla diragala eng morago ga loso?” Sweden e itsege e le naga e kwa go yone go sa ratiweng bodumedi. Le fa go ntse jalo, moemedi mongwe wa mokgatlho wa Bokeresete wa baithuti yo o neng a dira patlisiso eno o bolela gore “dipotso tseno di sa ntse di le teng. Basha ba ipotsa dipotso tse di ntseng jalo.”

Go Golafala go Tokafatsa Boitumelo Jwa Lenyalo

Babatlisisi ba bolela jaana: “Banna le basadi ka bobedi—go sa kgathalesege dingwaga tsa bone—ba boletse fa ba itumetse thata mo manyalong a bone morago ga gore ba golafale.” Go palelwa ke go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi go ka ngomola pelo thata mme gape go ka dira gore balekane ba atamalane. Banna ba ba godileng segolobogolo ba bega gore ba nna le nako e e oketsegileng le balekane ba bone. Karen Roberto, yo e leng mokaedi wa Setheo sa Dipatlisiso tsa Bogodi kwa Virginia Tech kwa, U.S.A. a re: “Go dira ditiro tsa go tlhokomela le go rwala maikarabelo a masha kgotsa a a dirang gore motho a tlhome mogopolo mo lenyalong go na le kafa a neng a dira mo nakong e e fetileng, go dira gore banna ba nne le tshono ya go tshegetsa le go nna le nako e ntsi le basadi ba bone mme kgabagare go tokafatsa tsela e ba anaanelang kamano ya bone ka teng.”