Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lerapo—Maatla a a Gakgamatsang

Lerapo—Maatla a a Gakgamatsang

A le Ne le Tlhamilwe?

Lerapo—Maatla a a Gakgamatsang

● Lerapo le tlhalositswe e le sengwe sa boenjeniri se se dirilweng ka “botswerere, se se kitlaneng e bile se nonofile.” Ka ntlha yang?

Ela tlhoko: Mmele wa motho o na le marapo a a ka nnang 206 le malokololo a le 68. Lerapo le leleele go gaisa ke la serope; mme le lennye thata ke le le mo teng ga tsebe. Jaaka bajiminasi ba tle ba bontshe, marapo, mesifa, mahihiri le malokololo a ka dira gore mmele o o itekanetseng o kgone go obegela mo matlhakoreng otlhe ka tsela e e gakgamatsang le go tshikinyega ka ditsela tse di farologaneng. Setheo sa National Space Biomedical Research sa re, “monwana wa kgonotswe ka boone fela o ka lemosa mongwe le mongwe gore motlhami wa mebele ya rona (le fa e ka tswa e le mang) e tshwanetse ya bo e le motho yo o botlhale!”

Gape marapo a kgona go emelana le bokete jo bogolo. Setheo seno sa re, “marapo a dirilwe ka tsela e e tshwanang le e konkereite e e nonotshitsweng e dirilweng ka yone. Tshipi e e mo konkereiteng e e nonotshitsweng e thusa gore konkereite e nonofe, fa samente, motlhaba le matlapa a dira gore e kitlane. Le fa go ntse jalo, maatla a a leng mo lerapong a gaisa thata a konkereite e e nonotshitsweng.” Robert O. Ritchie, porofesa wa saense ya dilo tsa go aga wa kwa Yunibesithing ya California, kwa Berkeley kwa U.S.A. a re: “Re eletsa e kete re ka le etsa.”

Go farologana le konkereite, lerapo ke karolo e e botlhokwa ya ditshedi tse dintsi. E bile le nonofile. Le kgona go intšhafatsa, go tsibogela dihoromone tse di dirang gore le gole, gape le na le seabe sa botlhokwa mo go direng disele tsa madi. Fela jaaka mesifa lerapo le nonofa ka iketlo fa bokete bo oketsega mo go lone. Ke ka lebaka leo, baatlelete ba nang le marapo a a nonofileng go gaisa batho ba ba sa ikatiseng.

O akanya eng? A lerapo le itlhagetse fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Popego ya lerapo (e godisitswe)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Leg bone: © MedicalRF.com/​age fotostock; close-up: © Alfred Pasieka/​Photo Researchers, Inc.; gymnast: Cultura RF/​Punchstock