Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

“Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang—Jehofa o di dirile ka bobedi.”—Diane 20:12.

MATLHO a gago a tshwana le dikhamera tse dinnye tsa thelebishene. A fetola ditshwantsho go nna matshwao a motlakase mme a bo a fetisa matshwao ano gaufi le tshikana ya pono (optic nerve) e e ka kwa morago ga boboko, mo karolong e e dirang gore motho a bone.

Leitlho le fa le le lennye thata, ke kgakgamatso. Le bophara jwa dimilimetara di le 24 fela mme le boima jwa digerama di le supa le halofo, le dirilwe ka botlhale. Ka sekai, le na le dithulaganyo tse di farologaneng tsa lesedi le le letobo le le le galolang gore metsotso e le 30 morago ga gore o tsene mo phaposing e e lefifi, matlho a gago a ka nna a kgona go tsibogela lesedi ka makgetlo a a fetang 10 000.

Mo leseding le le tlwaelegileng, ke eng se se dirang gore o bone sentle? Leitlho la gago le na le disele tse di tsibogelang lesedi (di-pixel) ka makgetlo a a fetang 100 go feta dikhamera tsa dibidio di le dintsi. Mme gape, karolo e kgolo ya disele tseo di kgobokantswe mo leronthong le lennye mo gare ga lethapono (retina) mme lerontho leo le bidiwa fovea, e e dirang gore motho a bone sentle. E re ka o nna o leba go sele makgetlo a le mmalwa ka motsotswana, o akanya gore pono yotlhe ya gago e siame. Se se gakgamatsang ke gore fovea ya leitlho la gago e lekana le khutlo e e kwa bofelong jwa seele seno.

Matshwao a motlakase a a tswang mo diseleng tse di tsibogelang lesedi a feta go tswa mo seleng e nngwe ya tshikana go ya kwa go e nngwe mme a bo a ya kwa tshikaneng ya pono. Mme disele tsa tshikana ga di fetise matshwao ao fela. Di a rulaganya e sale gale di bo di tokafatsa tshedimosetso e e botlhokwa le go thibela tshedimosetso e e sa tlhokegeng.

Leiyara e e kafa ntle ya boboko jwa gago (cortex) e tshwana le karolo ya bidio e e raraaneng e e tsayang ditshwantsho. E dira gore ditshwantsho di bonale sentle ka go tokafatsa matlhakore le go bapisa matshwao a a tswang mo diseleng tse di tsibogelang lesedi ka mebala ya konokono e leng bohibidu, botala le bobududu, gore o kgone go bona pharologanyo fa gare ga mebala e mentsintsi. Gape boboko jwa gago bo bapisa dilonyana tse dinnye tse di sa tshwaneng fa gare ga matlho a gago, gore o kgone go bona sekgala sa tsone.

Akanya kafa matlho a gago a sekasekang difatlhego tsa batho ba ba mo boidiiding jo bo kgakala mme a bo a romela matshwao a eleketeroniki kwa bobokong jwa gago, mme go tswa foo bo bo bo fetola matshwao ao go nna ditshwantsho tse di bonalang sentle. Akanya gape kafa tshedimosetso e e sa bonaleng sentle mo difatlhegong tseo e bapisiwang le tshedimosetso e e leng mo mogopolong wa gago ka teng, gore o lemoge tsala ya gago ka bonako. A thulaganyo eo ga e jese kgakge?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsela e matlho a fetisang tshedimosetso ka yone e supa kafa a dirilweng ka botlhale ka teng