Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuso ya Kalafi ka Dipalangwa

Thuso ya Kalafi ka Dipalangwa

Thuso ya Kalafi ka Dipalangwa

● Mosadi mongwe yo o moimana o dutse mo holong e kgolo mme o reeditse thulaganyo ya thuto ya Baebele ka kelotlhoko. A sa lebelela, o utlwa ditlhabi tsa pelegi tse di botlhoko. Mme ba thuso ya kalafi ya potlako ba ne ba tsibogela seemo seo. Ambulense e ne e le gaufi mme ka metsotso e se kae fela, mosadi yoo le monna wa gagwe ba ne ba goroga kwa kokelong. O ne a tshola lesea le lentle la mosetsana.

Gompieno, diambulense tse di nang le thulaganyo ya balwetse ba ba lwalang thata di na le seabe se se botlhokwa mo go tsa boitekanelo mo dinageng di le dintsi. Dipalangwa tseno di rwala badiri ba ba rutetsweng tiro eno—dingaka, baoki le bakgweetsi ba ba thapisitsweng. * Ba tlhomeletswe sentle go thusa mo maemong a a jaaka dikotsi tsa ditsela, go ema pelo, seterouku kgotsa go belega ka tshoganyetso. Ngwaga le ngwaga thuso eno ya kalafi e e bofefo ya dipalangwa e boloka matshelo a batho ba le diketekete.

Ka 2004 fa diterena di le nnè tse di rwalang batho di ne di tlhaselwa kwa Madrid, kwa Spain, go ne ga bolokiwa matshelo a batho ba ba ka nnang 400 ka go bo badiri ba diambulense ba ne ba tsiboga ka bonako le ka matsetseleko. * Dr. Ervigio Corral Torres, mokaedi wa ditirelo tsa kalafi tsa potlako tsa Madrid o gakologelwa se se neng sa direga ka nako ya dikotsi tseo. O tlhalosa jaana: “Dikotsi tseno ke tsone tse di ngokang babegadikgang ba bantsi, mme matsetseleko a rona a bonala mo tirong ya rona ya letsatsi le letsatsi, fa re thusa batho mo dikotsing tsa mebila. Karolo e e molemolemo ya tiro ya rona, ke go thusa batho ba ba se nang tshono ya go tshela gore ba tshele gompieno.”

Fa a ne a bodiwa gore a ka akantsha eng go dira gore ba atlege thata mo tirong ya bone, Dr. Corral Torres o ne a araba jaana: “Re tshwanetse go tlhokomedisa batho thata ka botlhokwa jwa go re bitsa fa go na le lebaka la go dira jalo.” O ne a oketsa jaana: “Mokgele wa rona ke go isetsa batho thuso ya kalafi e e kgethegileng gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe fa ba e tlhoka mme re dire jalo ka bonako ka mo re ka kgonang ka teng fa re amogela kopo ya thuso.” Mo ditoropong tse dikgolo, gantsi thuso e goroga mo metsotsong e le lesome.

Mo ditoropong dingwe tse di kitlaneng, tse di jaaka São Paulo, kwa Brazil, pharakano e bakela bakgweetsi ba diambulense mathata a a masisi, ka jalo, badiri ba kalafi ba ba tsamayang ka dikuta ba dira tiro eno. Ba goroga ka dikuta pele ga ambulense, go sekaseka le go ritibatsa seemo. Ditoropo tse dingwe tse di simolotseng tirelo eno ya potlako ke Lontone, kwa Engelane, Kuala Lumpur, kwa Malaysia; le Miami, kwa United States.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bakgweetsi ba tshwanetse go itse go dirisa didirisiwa tsa kalafi tse di mo ambulenseng le kafa ba tshwanetseng go kgweetsa ka teng go ikaegile ka gore ba tsamaisa molwetse yo o ntseng jang.

^ ser. 4 Bona Tsogang! ya November 8, 2004, tsebe 14, ka Seesemane.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

KAFA O KA THUSANG KA TENG

Dikgato dingwe tse o ka di tsayang fa go na le seemo sa potlako gore o thuse badiri ba kalafi ba ba tsamayang ka dipalangwa gore ba diragatse tiro ya bone ke:

1. Leletsa ka bonako nomoro ya mogala ya thuso ya potlako. Ya Mokgatlho wa Dinaga Tsa Yuropa ke 112 ya United States ke 911 mme ya Afrika Borwa ke 10177.

2. Tlhalosa lefelo la kotsi sentle.

3. Tlhalosa sentle gore molwetse o diragalelwa ke eng. Ka sekai, A motho yoo o a hema? A o thantse? A o dutla madi?

4. Fa a na le dikgobalo tse dintsi, o se ka wa mo sutisa, e re ka go dira jalo go ka dira gore dikgobalo di nne maswe le go feta.

5. Fa e le gore motho o a tlhatsa, mmeye ka letlhakore go thibela gore a se ka a kgamega.