Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dijo Tsa ka Bonako Tsa Ditshenekegi

Dijo Tsa ka Bonako Tsa Ditshenekegi

Dijo Tsa ka Bonako Tsa Ditshenekegi

● Ditshenekegi di itumelela go ja dijo tse di bonwang ka bonako tse di nang le dikalori tse dintsi. Tsela e e motlhofo ya go bona seno ke mo lelomong. Jaaka go ntse ka dijo tse di bonwang ka bonako, malomo a iphasalatsa ka mebala ya one e e galolang. E re ka ditshenekegi di kgatlhiwa ke malomo, di dula mo go one, di bo di ja mmudula kgotsa di monya matute a one.

E re ka di le bonya thata, morago ga bosigo jo bo tsiditsana, gantsi ditshedinyana tseno tse di nang le madi a a tsididi, di tlhoka mogote wa letsatsi gore di tle di tswelele di tshela. Malomo a le mantsi a naya ditshenekegi sengwe le sengwe—dijo tse di nang le dikotla le lefelo le di ka ikomosang mo letsatsing gone. Mma re sekaseka sekai se se tlwaelegileng.

Lelomo le le bidiwang oxeye daisy le tlwaelegile mme le gola go ralala bontsi jwa Yuropa le Amerika Bokone. Le ka tswa le bonala le se botlhokwa, mme fa o ka ipha nako ya go le sekaseka, o tla bona dilo tse dintsi tse di diregang mo go lone. Lelomo leno la daisy ke lefelo le le siameng le ditshenekegi di ka simololang letsatsi la tsone mo go lone. Mmala wa lone o mosweu o supa bothitho jwa letsatsi mme bogare jwa lone jo bo serolwana ke lefelo le le monate le ditshenekegi di ka ikhutshang mo go lone mme di kgona go monya mogote wa letsatsi. *

Go dira gore ditshenekegi di itumelele ketelo ya tsone le go feta, bogare jwa daisy bo tletse ka mmudula le matute, dijo tse di nang le dikotla tse ditshenekegi di le dintsi di di ratang. Ke lefelo lefe le le botoka go gaisa leno le tshenekegi e ka kgonang go bona sefitlholo se se monate le go itumelela mogote wa letsatsi mo go lone?

Ke ka moo mefuta e e farologaneng ya ditshenekegi e dulang mo godimo ga malomo a oxeye daisy motshegare. O ka nna wa bona dikhukhwane, dirurubele tse di mebalabala, dinyetse le dintsi tsa mefuta yotlhe. Gone mme, fa o se kelotlhoko, le ka motlha o ka se ka wa lemoga “modikologo wa dijo tseno tsa ka bonako” tse di kgatlhang tsa ditshenekegi.

Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o le kwa metseselegaeng, ke eng o sa dire maiteko a go sekaseka dingwe tsa ditikologo tse di sa bonaleng tsa lelomo la daisy? Fa o ka dira jalo, ga go na pelaelo gore seo se tla oketsa kanaanelo ya gago mo Mmoping yo o di dirileng tsotlhe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Baitsesaense ba lemogile gore themperetšha e e mo godimo ga malomo mangwe e bothithonyana ka didikirii di se kae go feta tikologo ya one.