Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhoka Nako e e Oketsegileng?

A o Tlhoka Nako e e Oketsegileng?

A o Tlhoka Nako e e Oketsegileng?

FA E LE gore o ile wa tshwaya tlhopho ya bobedi kgotsa ya boraro mo dipotsong tse dintsi tse di fa thoko fano, gongwe tota o tlhoka nako e e oketsegileng. Mme ga se wena fela. Mo e ka nnang gongwe le gongwe batho ba na le kgatelelo ya go dira se se tshwanetseng go dirwa—mme seo se ka tswa se sa amane ka gope le se se leng botlhokwa thata mo go bone. Go na le moo, e ka tswa e le ka gonne ba tshwanetse go dira se se tshwanetseng go dirwa gone jaanong—go baakanya koloi, go kgotsofatsa mothapi, go rarabolola mathata a a sa lebelelwang. Fa o ntse o tsibogela bothata bongwe le bongwe, o ka tswa o akanya gore ga o kgone go laola tsela e o dirisang nako ya gago ka yone. O ka tswa o akanya gore o tshela botshelo jwa lepotlapotla kwantle ga go lemoga.

Mme gone, o ipolelela gore gono ke ga nakwana. Kgabagare, botshelo jwa gago bo tla iketla mme o tla nna le nako ya go tlhoma mogopolo mo dilong tse di leng botlhokwa tota mo go wena—dilo tse di dirang gore botshelo jwa gago bo nne le bokao, tse di go kgotsofatsang le tse di leng botlhokwa mo go ba lelapa la gago le mo bathong ba bangwe. Mme go tla direga leng? A o ka nna le nakonyana mo thulaganyong ya gago gompieno? Beke eno? Kgwedi e e tlang?

Boammaaruri ke gore, lefatshe le le go dikologileng le ka se ka la iketla. Mme o ka tsaya kgato ya go itirela nako e o e tlhokang. O ka dira seo jang?

[Lebokoso mo go tsebe 3]

O NNA LE NAKO GANTSI GO LE KANA KANG GO DIRA DILO TSE DI LENG BOTLHOKWA TOTA MO GO WENA?

◯ Letsatsi le letsatsi

◯ Ka mafelobeke

◯ Le ka motlha

Mo letsatsing le le tlwaelegileng, a o

◯ Dira se o neng o ikaeletse go se dira?

◯ Latela thulaganyo e e beilweng e e go kgoreletsang go dira se o batlang go se dira?

◯ Tsibogela sengwe le sengwe se se tlhagang o sa se akanyetse?

Mo letsatsing le le tlwaelegileng, a o ikutlwa

◯ O kgona go laola dilo?

◯ O gatelelwa go dira dilo tse o ka se di kgoneng?

◯ O patelesega go dira dilo tse dintsintsi?

Kwa bofelong jwa letsatsi, a o

◯ Fitlheletse dilo tse di botlhokwa?

◯ Weditse tiro e o tshwanetseng go e dira, le fa gone o sa e dira sentle?

◯ Ne o se na nako ya go dira dilo tse di botlhokwa tota?

Gantsi o ikutlwa jang kwa bofelong jwa letsatsi?

◯ O kgotsofetse

◯ O le lolea, o lapile e bile o tshogile

◯ O betilwe ke pelo