Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tse 20 Tsa go Oketsa Nako

Ditsela Tse 20 Tsa go Oketsa Nako

E Sege Mme o e Boloke

Ditsela Tse 20 Tsa go Oketsa Nako

“Tswelelang lo tsamaya ka botlhale . . . , lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng.”—Bakolosa 4:5.

FA O setse o bone dilo tse o batlang go di dira mo letsatsing la gago le mo diureng tse o nang le tsone, kgwetlho ke gore o tlogele go nna le tsholofelo fela ka se o se akanyang mme o tseye kgato. Dikakantsho tse di latelang di ka go thusa go dira jalo.

1 NNA LE LENAANE LA LETSATSI LE LETSATSI LA DILO TSE O BATLANG GO DI DIRA. Kwala dilo go ya ka tatelano e o batlang go di dira ka yone. Tshwaya dilo tse go leng botlhokwa go dirisa nako e e oketsegileng mo go tsone. Tshwaya nngwe le nngwe ya dilo tseno fa o setse o di dirile. Fetisetsa dilo tse o sa di fetsang mo lenaaneng la ka moso.

2 DIRA GORE DIKHALENTARA TSA GAGO DI TSAMAISANE. O se ka wa dira phoso ya go se dire se o neng o ikaeletse go se dira ka gonne se le mo khalentareng ya gago e nngwe. Fa e le gore o na le khalentara mo khomputareng ya gago le mo khomputareng e nnye e e tshwarwang ka letsogo, bona gore a o ka se kgone go dira gore bobedi jwa tsone di tsamaisane.

3 KWALA “KGATO E O TLA E TSAYANG” e e akaretsang dikgato tsotlhe tse di mo porojekeng mme o di beye ka tatelano e e tshwanetseng.

4 RULAGANYA GORE DITIRO TSA BOTLHOKWA DI TLE PELE. Go tla nna motlhofonyana go bona nako ya go dira tse di seng botlhokwa jalo.

5 ITLHOMELE MEKGELE E O KA KGONANG GO E FITLHELELA. O ka kgona go laola tsela e o ka tokafatsang bokgoni jwa gago mo tirong e e rileng go na le go nna poresidente ya khampani e o berekang mo go yone.

6 AMOGELA GORE O KA SE KGONE GO NNA LE NAKO YA GO DIRA SENGWE LE SENGWE. Dira dilo tse di tla go tlisetsang matswela a a botlhokwa thata. Mme go tweng ka ditiro tse di potlakileng kgotsa tse di tshwanetseng go dirwa? Fa e le gore o ka se kgone go di tlogela kgotsa go di abela ba bangwe, bona gore a o ka kgona go dirisa nako e nnye mo go tsone. Ditiro dingwe tse di seng botlhokwa di ka leta dikgwedi di le dintsi, kgotsa di ka nna tsa se ka tsa tlhoka go dirwa gotlhelele. Rulaganya nako e ntsi ka mo o ka kgonang ka teng mo dilong tse di amanang le se o akanyang gore se botlhokwa thata malebana le mekgele ya gago.

7 KWALA GORE O DIRISA NAKO MO GO ENG. Gore o tle o itse gore nako ya gago e felela kae, kwala gore o dirisa nako mo go eng mo bekeng e le nngwe kgotsa di le pedi. A nako e ntsi e senyega mo dilong tse di seng botlhokwa? A ka dinako tsotlhe o itewa tsebe ke motho yo o rileng kgotsa ba le babedi ba ba rileng? A go direga thata gore o iteege tsebe ka nako e e rileng ya letsatsi kgotsa ya beke? Tlosa dilo tse di neng tsa go senyetsa nako.

8 FOKOTSA DILO TSE O DI RULAGANYANG. Fa e le gore o rulagantse go reka dijo, go baakanya koloi, go nna le baeng, go lebelela filimi le go tswelela ka se o neng o se bala—ka letsatsi le le lengwe—o tla ikutlwa o dira dilo ka lepotlapotla mme go ka direga gore o se ka wa itumelela sepe.

9 FOKOTSA DILO TSE DI ITAYANG TSEBE. Beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi e ka yone o sa tshwanelang go itewa tsebe fa e se fela fa go tlhokega tota. Fa go kgonega, tima founo ka nako eo. Mme gape, tima didirisiwa tsa ileketeroniki tse di go gopotsang sengwe fa e le gore di go itaya tsebe mo tirong ya gago.

10 RULAGANYA GO DIRA TIRO E E THATA KA NAKO E O TLA BONG O NA LE MAATLA E BILE O NTSHITSE MATLHO DINAMENG.

11 DIRA TIRO E O SA E RATENG KA BONAKO KA MO O KA KGONANG KA TENG. Fa o setse o e dirile, o tla ikutlwa o na le maatla a go dira ditiro tse di seng thata.

12 NNA LE NAKO YA DILO TSE DI SA LEBELELWANG. Fa e le gore o akanya gore o ka kgona go goroga kwa lefelong lengwe mo metsotsong e le 15, solofetsa gore o tla goroga mo metsotsong e le 25. Fa o itse gore sengwe se se rileng se o batlang go se dira se tla tsaya ura, iphe nako ya ura le metsotso e le 20. Dira gore go nne le karolo ya letsatsi la gago e mo go yone o sa rulaganyang sepe.

13 DIRISA NAKO YA FA GARE GA DITIRO TSE DINGWE. Reetsa dikgang kgotsa sengwe se se rekotilweng fa o ntse o ipeola. Bala fa o ntse o letile terena kgotsa fa o e palame. Mme gone, o ka nna wa dirisa nako eo go iketla. O se ka wa senya nako mme moragonyana wa nna o tshwenyega ka gore e senyegile.

14 TLHOFOFATSA TIRO. A go na le dilo di le pedi mo go di le lesome mo lenaaneng la gago tse di leng botlhokwa thata? A o ka re o dirile tiro e e rileng sentle fa e le gore o dirile fela dikarolo tsa yone tse di botlhokwa thata?

15 FA O IKUTLWA O FEEKEDIWA KE TIRO, kwala tiro nngwe le nngwe mo pampiring. Go tswa foo, aroganya dipampitshana tseo ka ditlhopha di le pedi: “Kgato ya Gompieno” le “Kgato ya ka Moso.” Fa letsatsi la ka moso le fitlha, dira se se tshwanang.

16 IKHUTSE GANGWE LE GAPE GO NTŠHAFATSA MAATLA A GAGO. Go boela tirong o na le mogopolo le mmele o o lapologileng go ka nna ga itshupa go le mosola thata go na le go bereka diura di le dintsi.

17 KWALA SE O SE AKANYANG. Kwala bothata jo o nang le jone, tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa bo go tshwenya mme o bo o kwala ditharabololo tse dintsi tse o akanyang ka tsone ka mo o ka kgonang ka teng.

18 O SE KA WA NNA MOTHO YO O SA KGOTSOFALELENG SEPE. Itse gore ke leng e leng nako ya go emisa mme o tswelele ka sengwe se sele se se botlhokwa.

19 BEREKA JAAKA POROFESHENALE. O se ka wa letela nako e o ikutlwang sentle ka yone. Simolola go bereka.

20 NNA MOTHO YO O FETOFETOGANG. Dilo tseno ke dikakantsho, e seng melao e e sa fetogeng. Lekeletsa, bona gore ke eng se se berekang mme dira gore dikgopolo tsa gago di tsamaisane le maemo le dilo tse di tlhokegang.