Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Nako ya Dilo Tse di Botlhokwa

Go Dira Nako ya Dilo Tse di Botlhokwa

Go Dira Nako ya Dilo Tse di Botlhokwa

“Nako e e setseng e khutshwafetse.” —1 Bakorintha 7:29.

MICHAEL LEBOEUF o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Working Smart: “Go tlolatlola le go phatšhakanya metsi ga go reye gore o a thuma.”

Ka mafoko a mangwe, go ka nna le pharologanyo fa gare ga go dira sengwe le go fitlhelela sengwe se se botlhokwa tota. Akanya ka beke e e fetileng. O ile wa dira nako ya go dira eng? O ne o tshwaregile thata mo e leng gore ga wa kgona go dira eng? A o bona go tlhokega gore o iphe nako e e oketsegileng ya go dira dilo tse di leng botlhokwa tota mo go wena?

Akanya ka se Jesu a neng a se bolelela pele malebana le dinako tseno tsa rona tse di potlakileng. O ne a re fa tsamaiso eno ya dilo e ntse e nna gaufi le go fela e bile lefatshe la Modimo le lesha la tshiamo le ntse le atamela, barutwa ba gagwe ba tla tshwarega. Ba dira eng? Ba rera “dikgang tseno tse di molemo tsa bogosi jwa [Modimo].” Jesu o ne a bolela gape gore bontsi jwa batho ba tla bo ba tshwaregile thata gore ba ka reetsa. O ne a oketsa gore ba ba tshwaregileng thata go ka tsaya tsia molaetsa wa Bogosi ba tla senngwa.—Mathaio 24:14, 37-39; Luke 17:28-30.

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dinageng tse di fetang 230. Go ya kafa Jesu a neng a boleletse pele ka teng, ba le bantsi ga ba batle go ba reetsa, ba bolela gore ba “tshwaregile thata.” Mme re go laletsa gore o iphe nako mo botshelong jwa gago jo bo nang le ditshwarego go sekaseka se Baebele e se rutang ka Bogosi jwa Modimo. Re solofela gore fa o ithuta ka masego a Modimo a a boloketseng batho, o tla dumela gore go utlwa le go tsaya tsia molaetsa wa Baebele ke sengwe se se botlhokwa tota, se o tshwanetseng go ipha nako ya sone. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go ithuta mo go oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanelang mo lenaaneng le le mo tsebe 5 kgotsa lebelela aterese ya rona ya Internet ya www.watchtower.org.