Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka

Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka

Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka

JAAKA GO BOLETSE PLAMEN KOSTADINOV

E NE E setse e tla nna motshegare fa ke tsoga. Go ne go lalaane dibotlolo tse di se nang sepe gongwe le gongwe mme diterei tsa molora wa motsoko tse di neng di tletse di ne di nkga. Ke ne ke sa tlhole ke ikutlwa ke na le boitumelo jo bogolo jo ke neng ke na le jone mo phathing ya bosigo jo bo fetileng. Ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo mme ke jewa ke bodutu le go feta. Go ne go bonala sengwe le sengwe se se na bokao! Mma ke lo bolelele gore go tlile jang gore ke nne mo seemong se se hutsafatsang seno.

Ka nako ya fa ke ne ke le dingwaga di le 14, ke ne ke batla go nna motaki. E ne e le ka paka ya selemo sa 1980. Rre o ne a sa tswa go mpolelela gore ke amogetswe kwa kholetšheng ya botaki kwa toropong ya Troyan kwa Bulgaria. Ke ne ke itumetse thata. Ka letlhabula la one ngwaga oo, ke ne ka fuduga go tswa motseselegaeng wa gaetsho, wa Lovech ka ya kwa Troyan.

Ke ne ke rata go nna kgakala le batsadi ba me le go dira sengwe le sengwe se ke se batlang. Ke ne ka simolola go goga motsoko mme gangwe le gape ke ne ke tagwa le ditsala tsa me tsa kwa sekolong. Go goga le go nwa bojalwa go ne go sa letlelelwa kwa sekolong. Mme ke ne ke kgatlhiwa ke go tlola melao.

Lorato lwa me lwa botaki lo ne lwa tswelela go gola. Ke ne ke dira sentle thata mo bokgoning jwa me jwa go torowa mme keletso ya me ya botumo e ne ya gola. Fa ke sena go fetsa dingwaga di le tlhano kwa sekolong kwa Troyan, ke ne ke batla go tsweletsa thuto ya me kwa Sekolong sa Botaki kwa Sofia, motsemogolo wa Bulgaria. E ne e le setheo sa maemo a a kwa godimo thata mo nageng yotlhe ya Bulgaria. Ka 1988, ke ne ka amogelwa kwa sekolong seno ke le mongwe wa baithuti ba le robedi ba ba atlegileng thata ba ba tlhophilweng mo nageng yotlhe. A bo ke ne ke ipela jang ne ka katlego ya me! Ka letsatsi lengwe, ke ne ka iteba mo seiponeng mme ka ipolelela jaana ka boipelafatso, ‘Plamen, ga go tlhole go na le pelaelo gore o tla nna motaki yo o tumileng!’

Go Fetola Botho Jwa Bogologolo

Go ise go ye kae ke ne ka simolola go apara bontsho mme ka godisa moriri le ditedu. Go ne go tsewa e le tsela e bataki ba tshwanetseng go lebega ka yone. Ke ne ka simolola go tshela botshelo jo ke neng ke akanya gore ke kafa bataki ba kwa Bohemia ba tshelang ka teng. Seo se ne se akaretsa go hira phaposi mo lefelong le bataki ba nnang mo go lone le go e dira gore e tlhakatlhakane ka mo go ka kgonegang ka teng. Morago ga foo ke ne ka iponela katse le dikatsana tsa yone tse tharo le ntšanyana. Go senya madi le gone e ne e le karolo ya botshelo jwa me.

Le fa go ntse jalo, lorato lwa me lwa go taka lo ne lwa tswelela lo gola. Ke ne ke nna ke taka, ke dirisa dipopego tse di sa tlhaloganyesegeng go tlhalosa dilo tse di kgatlhang tse ke di akanyang. Ke ne ka bo ka taka le mabota a phaposi ya me. Ke ne ka akanya gore, eno, ke tshimologo ya tiro e e itumedisang tota.

Karolo e kgolo ya botshelo jwa me e ne e le go tlhola ke ya diphathing le baithuti ka nna. Gantsi re ne re kopana mo phaposing ya me, re reetsa mmino le go nwa thata, tota le fa re ipaakanyetsa ditlhatlhobo. Dipuisano tsa rona di ne di amana thata le mmino, botaki le boikaelelo jwa botshelo. Gantsi re ne re bua ka maatla a a fetang a tlholego le maatla a e seng a batho. Dipuisano tseno di ne di dira gore ke akanye, di dira gore ke nne le dikgopolo tse disha tse nka di dirisang mo ditshwantshong tsa me tse di latelang. Ke ne ke batla go nna le boikutlo joo jwa boitumelo jo bo feteletseng ka nako e telele, mme bo ne bo nna teng fela fa ke sa ntse ke tagilwe. Gantsi mo letsatsing le le latelang, go ne go se na le fa e le tlhasenyana ya matlhagatlhaga ao.

Morago ga gore ke tshele botshelo jo bo ntseng jalo ka dingwaga tse di ka nnang lesome, ke ne ka ikutlwa ke sa kgotsofala. Go farologana le mebala e e galolang e ke neng ke e dirisa mo ditshwantshong tsa me tse ke di takang, botshelo jwa me bo ne jwa tswelela bo nna letobo, mme ke ikutlwa ke jewa ke bodutu thata. Ditoro tsa me tsa go nna motaki yo o tumileng di ne tsa simolola go nyelela. Ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong mme ke sa itse gore ke tswelele jang ka botshelo jwa me. Eo ke yone nako e go tlhalositsweng ka yone kwa tshimologong ya kgang ya me.

Go Namolwa ke Boammaaruri

Ka 1990, ke ne ka swetsa go bontsha batho ditshwantsho tsa me tsa botaki kwa Lovech. Ke ne ka laletsa Yanita, mongwe yo ke neng ke tsena sekolo le ene kwa Sofia, gore a nne le seabe mo dipontshong tseno tsa me, e re ka le ene a ne a tswa kwa Lovech. Fa dipontsho tseno di fela, nna le Yanita re ne ra ya kwa resetšhurenteng e e gaufi go ya go keteka tiragalo eno. Fa re ntse re tlotla, o ne a simolola go bua ka dilo tse a neng a di ithuta mo thutong ya gagwe ya Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a mpolelela ka lefatshe le lesha le go bolelelwang pele ka lone mo Baebeleng. Seo se ne sa tsosa kgatlhego ya me.

Yanita o ne a tswelela pele ka go ithuta Baebele kwa Sofia, mme gangwe le gape o ne a tle a ntlisetse dikgatiso tsa Baebele. Nka se lebale kafa ke neng ka bala boroutšhara jwa “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” ka tlhoafalo ka teng le kafa mo malatsing a sekaenyana fela ke neng ka fetsa go bala buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ka teng. * Go ne go se thata gore ke amogele gore Modimo o teng, mme ka bonako fela ke ne ke batla go itse gore nka rapela jang. Ke gakologelwa thapelo ya me ya ntlha. Ke khubame ka mangole, ke ne ka bolelela Jehofa ka tlhoafalo ka dilo tse di ntshwenyang. Ke ne ke tlhatswegile pelo tota gore o ntheeditse. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke na le boipelo le kagiso go na le go ikutlwa ke jewa ke bodutu.

Kwa Sofia, Yanita o ne a nkitsise banyalani bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ithaopa go ithuta Baebele le nna mme ba ntaletsa go ya dipokanong tsa bone. Ke gakologelwa lekgetlo la ntlha fa ke ne ke ile dipokanong ka June 1991. Ke ne ka fitlha diura di le pedi pele ga nako mme ka leta mo parakeng e nnye. Ke tshogile, ke swegaswega pelo e bile ke na le dipelaelo, ke ne ka ipotsa gore a ke tla amogelwa sentle. Ke ne ka gakgamala fa mongwe le mongwe a nkamogela ka lorato le fa ke ne ke na le tebego e e sa tlwaelegang ya kwa Bohemia. Go tloga ka nako eo, ke ne ka nna gone kwa dipokanong ka metlha mme ke ithuta Baebele gabedi ka beke.

Ke ne ka itumela thata fa ke ne ke amogela Baebele ya me ya ntlha. E ne e le lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me ke bala sengwe se se itumedisang le se se gakgamatsang jaana e leng botlhale jo bo tlhalosiwang mo Therong ya mo Thabeng! Fa thuto ya me e ntse e tswelela, ke ne ka iponela ka matlho kafa maatla a a fetolang a Lefoko la Modimo a a tlhalositsweng mo go Baefeso 4:23 a dirang ka teng: “Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona.” Ke ne ka tlogela go goga motsoko mme ka fetola tebego ya me e e botlhaswa. Phetogo e ke e dirileng e ne e le kgolo jaana mo e leng gore ka letsatsi lengwe fa rre a ne a tlile go kopana le nna kwa seteisheneng sa terena kwa Lovech, o ne a mpheta, a sa kgone go lemoga gore ke nna.

Ke ne ka simolola go ela tlhoko dilo tse di ntikologileng. Tlhakatlhakano e e mo phaposing ya me, mabota a a nang le ditshwantsho tse di takilweng le monkgo wa mosi wa disekerete di ne di sa tlhole di ntlhotlheletsa go dira sengwe. Ke ne ke ikutlwa ke batla go phepafatsa sengwe le sengwe. Ke ne ka penta mabota bosweu mme ka tsela eo ka tlosa sebopiwa se se sa tlwaelegang sa matlho a mararo se ke neng ke se takile mo loboteng.

Gone mme, ditsala tsa me di ne tsa ntlogela ka bonako mme mo boemong jwa bone go ne ga nna le batho ba bantsi ba ke neng ka kopana le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete, ba le gone jaanong e sa ntseng e le ditsala tsa me. Botsala jo bo ntseng jalo, jo bo agang, bo ne jwa dira gore ke gatele pele ka bonako. Ka March 22, 1992, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa kwa Bulgaria, e e neng ya tshwarelwa kwa toropong ya Plovdiv.

Ke Boela Lovech

Le fa gone ke ne ke itse gore go ka se nne motlhofo gore motaki a itshedise mo toropong e nnye, ke ne ka swetsa gore morago ga gore ke aloge, ke tla boela kwa Lovech. Ke ne ka lemoga gore go ne go tla nna boima thata mo go nna gore ke tswelele ka tiro e e atlegileng ya botaki, mme ka nako e e tshwanang ke beye dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo kwa pele mo botshelong jwa me. Ka jalo, ke ne ka swetsa go fetola dithulaganyo tsa tiro mme ka nna moithaopi yo o rutang batho Baebele. Fa ke ne ke sa ntse ke le kwa Sekolong sa Botaki, Yanita, yo o neng a aloga dingwaga di le tharo pele ga me, o ne a setse a ruta boammaaruri jwa Baebele ka tlhoafalo kwa Lovech. E ne e le ene fela Mosupi koo.

Ka nako ya fa ke boela kwa Lovech, go ne go na le setlhopha se sennye sa batho ba ba neng ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke itumela tota go tsamaya ka ntlo le ntlo ke etela batho le go ba bolelela ka tsholofelo ya isagwe e ke neng ke na le yone. Ke ne ka swetsa go dira tiro eno ka nako e e tletseng.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le mathata. Ka 1994 go ikwadisa ga rona semolao jaaka mokgatlho wa bodumedi go ne ga fedisiwa mme go ne ga simololwa letsholo le le tseneletseng le le re senyang leina la metswedi ya dikgang. * Gantsi, Basupi ba ne ba bilediwa kwa seteisheneng sa mapodise mme dikgatiso tsa rona di bo di tsewa. Ka dinako tseo tse di thata, re ne re sa kgone go kopanela semolao mo mafelong a batho botlhe go tshwara dipokano. Le fa go ntse jalo, re ne re tshwara dipokano tsa rona ka metlha mo phaposing ya disekweremetara di le 12 e e neng e bapile le ntlo ya ga Yanita. Ka lekgetlo lengwe, re ne ra kgona go tsenya batho ba le 42 mo phaposinyaneng eo. Gore re se ka ra itaya baagelani tsebe, re ne re tswala difensetere fa re opela dipina tsa Bogosi. Ka dinako tse dingwe, fa dithemperetšha di le kwa godimo kwa ntle, go ne go nna mogote thata e bile go le bongola mo phaposing eo, mme re ne re itumelela go bo re le mmogo.

Masego a a Tswang go Jehofa

Ke ne ke kgatlhiwa thata ke tsela e Yanita a tlhoafaletseng kobamelo ya boammaaruri ka yone mme fa nako e ntse e ya, re ne ra simolola go ratana. Re ne ra nyalana ka May 11, 1996. Le fa botho jwa rona bo sa tshwane, re thusana ka tsela e e gakgamatsang. Ke tsala ya me e kgolo le mothusi wa me. Ke leboga Jehofa go bo a nneile mosadi yo “tlhwatlhwa ya gagwe e [fetang] ya dikorale kgakala.”—Diane 31:10.

Bangwe ba batho ba pele e neng e le ditsala tsa me, ba ne ba atlega mo tirong ya botaki, e e neng e le tsela ya botshelo e nkileng ka e lora. Le fa go ntse jalo, ke itumelela go bo ke ile ka tlhopha se ke se tsayang e le tiro e e botoka. Ke thusitse batho ba le bantsi go nna le boikaelelo mo matshelong a bone mme gone jaanong ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya. Botumo jo nka tswang ke nnile le jone fa ke ne ke le motaki ga se sepe fa bo bapisiwa le masego a ke nnileng le one mo tirelong ya ga Jehofa. Ke a itumela go bo ke ile ka itse botoka Motaki yo Mogolo e bong Jehofa Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Dikgatiso tseno ka bobedi di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Buka ya Tshelela Ruri ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 22 Ka 1998, morago ga go ikuela kwa Kgotlatshekelong ya kwa Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho kwa Strasbourg, mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne wa kwadisiwa gape semolao kwa Bulgaria.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le mosadi wa me, Yanita