Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?

A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?

Basha ba Botsa Jaana

A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?

Heather o ntse a ratana le Mike ka dikgwedi di le pedi fela mme o ikutlwa e kete e sa le a mo itse bogologolo. Ka metlha ba kwalelana melaetsa ka founo, ba bua diura di le dintsi mo founong mme e bile ba kgona go feleletsa se yo mongwe a neng a batla go se bua! Mme gone jaanong, fa ba ntse ba dutse mo koloing e e emeng mo leseding la ngwedi, Mike o batla se se fetang motlotlo fela.

Mo dikgweding tse pedi tse di fetileng, Mike le Heather ba ne ba sa dire sepe fa e se go tshwarana ka diatla le go atlana go sekaenyana fela. Heather ga a batle go dira se se fetang seo. Mme gape ga a batle go latlhegelwa ke Mike. Ga go na ope yo o dirang gore a ikutlwe a le montle e bile a le botlhokwa jaana. O ipolelela jaana: ‘Gone mme, tota nna le Mike re a ratana.’

GONGWE o kgona go bona gore seemo seno se tla felela kae. Mme se o ka tswang o sa se lemoge ke kafa tlhakanelodikobo e ka fetolang dilo mo go Mike le Heather ka teng ba sa lebelela—mme e se ka tsela e e tla ba itumedisang. Akanya ka seno:

Fa o itlhokomolosa molao mongwe wa tlholego, jaaka molao wa maatlakgogedi, o boga ditlamorago tsa gone. Ka tsela e e tshwanang, fa o ka itlhokomolosa molao wa boitsholo, o o jaaka o o reng: “Lo ithibe mo kgokafalong.” * (1 Bathesalonika 4:3) Ditlamorago tsa go sa ikobele taelo eo ke dife? Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Seo se ka direga jang? Bona gore a o ka kgona go kwala ditlamorago di le tharo tse di utlwisang botlhoko tse di ka tlelang batho ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

Jaanong, lebelela se o se kwadileng. A o ile wa akaretsa dilo tse di jaaka malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, boimana jo bo sa batlegeng kgotsa go sa tlhole o amogelwa ke Modimo? Ruri dilo tseo ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tse di ka welang batho ba ba itlhokomolosang molao wa Modimo wa boitsholo malebana le kgokafalo.

Mme le fa go ntse jalo, o ka nna wa raelesega. O ka nna wa ipolelela gore, ‘Nna nka se diragalelwe ke sepe.’ Gone mme, ga ke re mongwe le mongwe o tlhakanela dikobo. Balekane ba gago kwa sekolong ba ikgantsha malebana le kafa ba ileng ba tlhakanela dikobo ka teng mme ba bonala ba sa utlwa botlhoko. Gongwe, jaaka Heather yo go builweng ka ene mo tiragalong ya kwa tshimologong, o akanya gore go tlhakanela dikobo go tla dira gore wena le molekane wa gago lo atamalane. Mme gone, ke mang yo o batlang go sotliwa ka ntlha ya go nna lekgarebana le le sa itseng monna? A ga go botoka go ineela?

A ko o iketle! Sa ntlha, ga se mongwe le mongwe yo o go dirang. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o badile ka dipalopalo tse di bontshang gore palo e e kwa godimo thata ya basha e tlhakanela dikobo. Ka sekai, patlisiso nngwe ya kwa United States e ne ya bontsha gore ka nako ya fa basha ba fetsa sekolo se segolwane, ba le babedi mo go ba le bararo mo nageng eo ba tlhakanela dikobo. Mme gape seo se raya gore a le mongwe mo go ba le bararo—selekanyo se segolo sa bone—ga ba go dire. Mme go tweng ka ba ba go dirang? Babatlisisi ba ile ba lemoga gore bontsi jwa basha ba ba ntseng jalo ba nna le maitemogelo ano a ba neng ba sa a lebelela.

Go Thanya lo le Tsebeng #1: GO NGOMOGA PELO. Bontsi jwa basha ba ba ileng ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba bolela gore ba ne ba ikwatlhaya morago ga foo.

Go Thanya lo le Tsebeng #2: GO SA IKANYANE. Morago ga go tlhakanela dikobo, molekane mongwe le mongwe o ipotsa gore, ‘O ile a tlhakanela dikobo le mang yo mongwe?’

Go Thanya lo le Tsebeng #3: GO SA IKANYEGE. Morago ga go tlhakanela dikobo, gantsi go direga gore mosimane a tlogele kgarebe ya gagwe mme a batle e nngwe.

Go Thanya lo le Tsebeng #4: GO SWABISIWA. Mo pelong, mosetsana a ka tswa a ne a batla mongwe yo o tla mo sireletsang, e seng yo o mo dirisang.

Mo godimo ga dilo tse di fa godimo fano, akanya ka seno: Basimane ba le bantsi ba ile ba bolela gore le ka motlha ba ka se nyale mosetsana yo ba ileng ba tlhakanela dikobo le ene. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla mongwe yo o itshekileng!

A seo se a go gakgamatsa—gongwe le e leng go go galefisa? Fa e le gore go ntse jalo, o ka tswa o le mosetsana kgotsa mosimane, gakologelwa seno: Boammaaruri jwa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo bo farologane thata le se se bontshiwang mo difiliming le mo thelebisheneng. Ba tsa boitlosobodutu ba dira gore go tlhakanela dikobo ga basha go lebege go le gontle mme e bile ba dira gore go lebege e kete ke lorato lwa mmatota. Mme o se ka wa tsietsega! Batho ba ba lekang go go pateletsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba ipatlela melemo ya bone fela. (1 Bakorintha 13:4, 5) Gone mme, a motho ope fela yo o go ratang tota a ka batla go go utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong? (Diane 5:3, 4) Mme a ope fela yo o amegang tota ka wena a ka go raela gore o senye kamano ya gago le Modimo?—Bahebera 13:4.

Boammaaruri ke gore, fa o ineela go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, o a bo o inyenyefatsa ka go aba sengwe se se tlhwatlhwakgolo. (Baroma 1:24) Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba ikutlwa ba le lolea e bile ba se na mosola moragonyana, jaaka e kete ka go sa kgathale ba ile ba letla gore karolo nngwe e e botlhokwa ya bone e utswiwe! O se ka wa dira gore seo se go diragalele. Fa mongwe a leka go go pateletsa go tlhakanela dikobo ka go go raya a re, “Fa e le gore o a nthata, o tla go dira,” araba o nitame o re, “fa wena o ne o nthata, o ne o se kitla o nkopa go go dira!”

Mmele wa gago, o botlhokwa thata gore o ka o aba. Bontsha gore o nonofile go ka ikobela taelo ya Modimo ya go ithiba mo kgokafalong. Mme fa o tsena mo lenyalong ka letsatsi lengwe, o ka nna wa tlhakanela dikobo. Mme o tla kgona go go itumelela ka botlalo, o sa tshwenyege, o sa ikwatlhae e bile o se na dipelaelo tse gantsi e nnang ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—Diane 7:22, 23; 1 Bakorintha 7:3.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Lefoko la Baebele “kgokafalo” le akaretsa e seng fela go tlhakanela dikobo mme gape le akaretsa dilo tse dingwe tse batho ba ba sa nyalanang ba di dirang, tse di jaaka go tshwaratshwarana dirwe tsa tlhakanelodikobo kgotsa go tlhakanela dikobo ka molomo kgotsa ka marago. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, tsebe 42-47.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Le fa gone go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka tswa go eletsega mo nameng e e sa itekanelang, ke eng fa go sa go siamela?

● O tla dira eng fa mongwe a go kopa gore o tlhakanele dikobo le ene?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Go re nnyaa fela ga go dire gore motho yo o go kopang a tlogele go leka gape. Go ya ka gore o gana jang. Fa o re nnyaa ka bonolo mme o utlwala o okaoka, go tla itshupa. O tlhoka go nitama!”

“Go re nnyaa fela ga go thuse ka metlha. Tota le go tlhalosa se o se dumelang go ka nna ga se ka ga thusa. Ke itse bangwe ba ba ileng ba ikgantsha ka gore ba kgonne go ‘roba’ Mokeresete. Ka dinako tse dingwe o tlhoka fela gore o itsamaele. Go thata go dira jalo mme go a thusa.”

“E re ka o le Mokeresete, o na le dinonofo tse di tla dirang gore batho ba bangwe ba go kgatlhegele. Ka jalo, o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng le go gana fa o kopiwa go dira sengwe sa boitsholo jo bo sa siamang. Tlotla dinonofo tseo. O se ka wa ineela!”

[Ditshwantsho]

Diana

James

Joshua

[Lebokoso mo go tsebe 28]

NNA MOGAKA WA GAGWE!

Fa e le gore o intsha le mongwe, a tota o amega ka kgarebe ya gago? He, mmontshe gore o na le . . . 

nonofo ya go tshegetsa melao ya Modimo

botlhale jwa go tila maemo a a raelang

lorato lwa go amega ka dikgatlhego tsa gagwe

Fa o ka dira jalo, gongwe maikutlo a kgarebe ya gago a tla tshwana le a Moshulame, yo o neng a re: “Moratiwa wa me ke wa me mme nna ke wa gagwe.” (Sefela sa Difela 2:16) Ka bokhutshwane, o tla bo o le mogaka wa gagwe!

Bona Diane 22:3; 1 Bakorintha 6:18;13:4-8.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

KAKANTSHO

Fa go tla mo kgannyeng ya boitshwaro le batho ba bong bo sele, molao o o siameng o o ka o latelang ke ono: Fa e le gore ke sengwe se o se kitlang o batla gore batsadi ba gago ba go bone o se dira, he, ga o a tshwanela go se dira.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke go sa dirise mpho e re e filweng ke Modimo sentle. Go tshwana le go tsaya setshwantsho se sentle se se takilweng se mongwe a go se fileng o bo o se dirisa go phimola dinao