Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Fenya!

O ka Kgona go Fenya!

O ka Kgona go Fenya!

NAKO ya gore o nne “pelokgale mme o dire” e gorogile. (1 Ditiragalo 28:10) Ke dikgato dife tsa bofelo tse o ka di tsayang go oketsa ditsela tsa gago tsa go atlega?

Tlhoma letsatsi. U.S. Department of Health and Human Services e akantsha gore fa o setse o dirile tshwetso ya go tlogela go goga, letsatsi la ntlha mo botshelong jwa gago le o tla bong o sa goge sekerete e tshwanetse go nna mo dibekeng di le pedi. Ka tsela eo, boikemisetso jwa gago bo tla nna bo nonofile. Tshwaya letsatsi leo mo khalentareng ya gago, bolelela ditsala tsa gago mme o se ka wa fetola letsatsi leo tota le fa maemo a gago a ka fetoga.

Dira “karata ya go tlogela.” E ka nna ya nna le tshedimosetso e e latelang, le sengwe le sengwe fela se se ka nonotshang boikemisetso jwa gago:

● Mabaka a go bo o tlogela

● Dinomoro tsa founo tsa batho ba o ka ba founelang fa o ikutlwa e kete o batla go ineela

● Megopolo—gongwe e e akaretsang ditemana tsa Baebele tse di jaaka Bagalatia 5:22, 23—tse di ka go thusang gore o fitlhelele mokgele wa gago

Nna o tshotse karata ya gago ya go tlogela ka dinako tsotlhe mme o e bale ka makgetlo a le mmalwa ka letsatsi. Tota le fa o setse o tlogetse go goga, tswelela pele go sekaseka karata ya gago fa o ikutlwa o na le keletso ya go goga.

Fokotsa dilo tse di amanang le go goga. Pele ga letsatsi la gago la go tlogela, simolola ka go tila mekgwa epe e e amanang le go goga. Ka sekai, fa e le gore fa o tsoga fela mo mosong o a goga, diegisa nako ya go goga ka ura kgotsa go feta. Fa e le gore o goga ka nako ya dijo kgotsa ka bonako morago ga foo, fetola seo. Tila mafelo a batho ba bangwe ba gogang mo go one. Mme ithapise ka go buela jaana kwa godimo fa o le nosi: “Ke a leboga. Ke tlogetse go goga.” Dikgato tse di ntseng jalo di dira se se fetang fela go go thusa go siamela letsatsi le o tla tlogelang go goga ka lone. Di tla go gakolola gape gore go ise go ye kae o tla bo o le motho yo o kileng a goga.

Ipaakanyetse. Fa letsatsi la gago la go tlogela le ntse le atamela, kokoanya dilo tse o ka di jang mo boemong jwa go goga: manathwana a digwete, tšhunkama, manoko jalo le jalo. Gakolola ditsala tsa gago le ba lelapa ka letsatsi la gago la go tlogela le gore ba ka go tshegetsa jang. Pele fela ga letsatsi leo, latlha diterei tsa motsoko, dilaetara le dilo dipe fela tse e ka nnang dirai—tse di jaaka disekerete tse gongwe di leng mo ntlong, mo koloing kgotsa mo dipateng tsa gago, kgotsa kwa lefelong le o berekelang kwa go lone. Boammaaruri ke gore, go boima le go feta go kopa tsala sekerete kgotsa go reka pakete ya sone go na le fa o se ntsha mo laeeng! Mo godimo ga moo, nna o rapela Modimo gore a go tshegetse, o dira jalo ka tlhoafalo le go feta fa o sena go goga la bofelo.—Luke 11:13.

Batho ba le bantsintsi ba ile ba “kgaogana” le yo pele e neng e le tsala ya bone e e seng ya mmatota, e e setlhogo e leng sekerete. Le wena o ka go dira. O letetswe ke botsogo jo bo botoka le boikutlo jo bogolo jwa go gololesega.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Nna o tshotse karata ya gago ya go tlogela mme o e bale gangwe le gape mo letsatsing