Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi ya Kwa Godimo ga Dithaba—Go Alafa Bolwetse jo bo Masisi Jwa Gone

Kotsi ya Kwa Godimo ga Dithaba—Go Alafa Bolwetse jo bo Masisi Jwa Gone

Kotsi ya Kwa Godimo ga Dithaba—Go Alafa Bolwetse jo bo Masisi Jwa Gone

“Kwa Peru go na le mogolagang wa dithaba tse di kwa godimo thata o o bidiwang Pariacaca . . . Fa ke ne ke palama Ditepisi, jaaka karolo e e kwa godimo thata ya mogolagang ono e bidiwa, ka tshoganyetso ke ne ka tlalelwa thata mo e leng gore ke ne ka batla go itatlhela kwa tlase. . . . Morago ga moo ke ne ka simolola go kgwa ka tsela e e sa laolesegeng mo go neng ga dira gore ke akanye gore ke tla [swa]. Nka nna ka bolela gore fa go ka bo go ile ga tswelela ka lobaka lo loleele, nka bo ke sule mme re ne ra tsaya diura di le tharo go ya go di le nnè fela go fologela kwa tlase ga thaba mme ra fitlha kwa bogodimong jo bo botoka.”—José de Acosta, go tswa mo bukeng ya Natural and Moral History of the Indies.

GO ELA kwa bofelong jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, Mojesuite mongwe wa Mo-Spain e bong José de Acosta o ne a lebana le maemo ao a a sa itumediseng a a tlhalositsweng fa godimo fa a ne a palama Pariacaca kwa dithabeng tsa Andes kwa Peru. Ka nako eo, go ne go tsewa gore matshwao ao a bakiwa ke digase tse di botlhole tse di tswang mo dimineraleng tsa mo dithabeng kgotsa go hema ga medimo e e bosula. Go tswa mo go se re se itseng, Acosta o ne a na le matshwao a bolwetse jo bo bidiwang sorocheacute mountain sickness (AMS).

AMS ke kafa mmele o tsibogang ka teng fa o tlhaela okosejene fa motho a le kwa mafelong a a kwa godimo. Kwa mafelong ao, barometer e bontsha gore kgatelelo ya moya e a fokotsega mme go bo go tsena okosejene e nnye mo makgwafong. *

Matshwao a AMS gantsi a bonala mo e ka nnang diura di le nnè morago ga gore motho a fitlhe kwa godimo mme a ka tsaya sebaka sa letsatsi go ya go a le manè. Ka nako eo okosejene e nnye e e leng mo mading e tla thusa gore go dirwe disele tse dikhibidu tse di oketsegileng, tse fa nako e ntse e tsamaya di tla thusang modikologo wa madi gore o ntshe okosejene e e oketsegileng.

Le fa go ntse jalo, fa motho a tlhatlogela ka bonako kwa godimo kgotsa a itlhaganela thata pele mmele o ka tlwaela, diedi tse di mo mmeleng wa gagwe di ka tlala mo makgwafong kgotsa go dikologa boboko. Fa go sa dirwe sengwe ka seemo seno motho a ka swa.

Kafa o ka Thibelang AMS ka Teng

Batsamai le bapalami ba dithaba ba lekile mekgwa e mentsi ya go thibela kgotsa go alafa AMS. Dikgato dingwe di akaretsa:

● Go tila go tsamaela kwa mafelong a a kwa godimo fa e le gore o na le bothata jwa go hema kgotsa jwa go tlhaela madi.

● Gantsi go kgothalediwa gore go dirisiwe melemo e e jaaka e e thusang go oketsa motlhapo, e e dirang gore mmele o bereke sentle kgotsa diokobatsi tse dingwe, e le go alafa kgotsa go thibela matshwao a AMS. Ya kwa ngakeng ya gago.

● Kalafi e e molemo thata ya AMS ke gore o boele kwa tlase. Fa go kgonega, nna o thuthafetse fa o fologela kwa tlase mme o ikhutse fa o goroga.

Mafelo mangwe a a jesang kgakge mo lefatsheng a fitlhelwa mo dikarolong tse di kwa godimo le mo megolaganyeng ya dithaba. (Pesalema 148:9, 13) Fa o tsamaya ka kelotlhoko, o tla kgona go nna le botsogo jo bo siameng e bile o tla itumelela bontle jwa popo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Batho ba le bantsi ba kgona go ya kwa bogodimong jwa dimetara di le 1 800 ba bo ba sa nne le mathata ape.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Matshwao a AMS gantsi a bonala mo e ka nnang diura di le nnè morago ga gore motho a fitlhe kwa godimo mme a ka tsaya sebaka sa letsatsi go ya go a le manè

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Kalafi e e molemo thata ya AMS ke gore o boele kwa tlase