Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Ke selo se se gakgamatsang gore ngwaga le ngwaga, Baebele e bo e le buka e e rekisiwang go gaisa tse dingwe kwa Amerika—le fa gone diperesente di le 90 tsa beng ba matlo ba na le bobotlana khopi e le nngwe. . . . Go fopholediwa gore go rekisiwa dikhopi di le dimilione tse 25 ngwaga le ngwaga.”—THE WALL STREET JOURNAL, UNITED STATES.

“Lefatshe ka bophara, batho ba le dimilione tse di ka nnang 4,5 ba lomiwa ke dinoga ngwaga le ngwaga, diphopholetso tsa batho ba ba sireletsang diphologolo di bontsha gore bobotlana batho ba le 100 000 ba swa ka ntlha ya go longwa ke dinoga mme ba bangwe ba le 250 000 ba golafalela ruri.”—UNIVERSITY OF MELBOURNE, AUSTRALIA.

Ka 2008 go ne “ga romelwa di-email di ka nna dibilione di le 210 ka letsatsi.”—NEW SCIENTIST, BRITAIN.

Modumo wa Ditsela Tse Dikgolo o Kgoreletsa Mogopolo

“Batho ba phaposi ya bone ya borobalo e leng gaufi le tselakgolo, seporo kgotsa boemafofane, ba ka nna ba go fitlhela go le thata go gakologelwa tshedimosetso ya nako e e fetileng le go ithuta dilo tse disha, le fa ba kgona go thulamela mo modumong oo.” Go bolela jalo Ysbrand van der Werf wa Netherlands Institute for Neuroscience. Lokwalodikgang lwa Se-Dutch lwa de Volkskrant lo bolela gore tsela e mogopolo o berekang ka yone le bokgoni jwa go ithuta di a amega fa motho a sa robale ka mo go lekaneng mme go ntse jalo le fa motho a “ka kgoreletsega go sekae le fa gone a ka se ka a thanya.” E le gore hippocampus, karolo ya boboko e e botlhokwa thata mo goreng motho a gakologelwe dilo e bereke sentle, e tlhoka boroko jo bogolo, e sa kgorelediwe ke “dilo tse di jaaka modumo kgotsa lesedi tse di ka bakang go ngomoga pelo.”

Dipontsho Tsa Molelo le Malwetse a go Hema

Dipontsho tsa molelo di ka tswa di kgatlha mme dikarolwana tse di hulelwang mo moyeng di ka nna kotsi mo botsogong jwa gago. E le gore di ntshe masedi a mebala e e farologaneng, dipontsho tsa molelo di le dintsi di na le dikhemikale tsa tshipi—ka sekai, strontium e e ntshang mmala o mohibidu le barium e e ntshang o motala. Babatlisisi ba kwa Austria ba ba neng ba tlhatlhoba disampole tsa kapoko e e oleng pele le morago ga go thuntshiwa ga dipontsho tsa molelo ka letsatsi la Ngwaga o Mosha, ba lemogile gore barium e e mo kapokong e ne e oketsegile ka makgetlo a le 500. E re ka botlhole jwa barium bo baka go thibana ga mometso, babatlisisi ba bolela gore go hema mosi o o tswang mo dipontshong tsa molelo go ka gakatsa mathata a go hema, a a jaaka khupelo.

Difetlhaphefo di Bolaya Bommamathwane

Makasine wa Scientific American o bega gore kwa Alberta, Canada, bommamathwane ba fitlhelwa ba sule fa tlase ga difetlhaphefo. Seno se ne sa gakgamatsa babatlisisi fela thata, e re ka ba itse gore bommamathwane ba na le mokgwa o o tlhomologileng wa go dupelela dilo le bokgoni jwa go fofa. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba ne ba lemoga gore diperesente di le 92 tsa bommamathwane ba ba ileng ba tlhatlhobiwa ba ne ba dutletse madi mo teng, seno sa felela ka gore ba dire tshwetso ya gore thulaganyo e e bokoa ya go hema ya bommamathwane, ga e kgone go emelana le go ya kwa tlase ka tshoganyetso ga kgatelelo ya mowa e e bakiwang ke mafetlho a difetlhaphefo. Mafetlho ano a kgona go dikologa ka lobelo lo lo kwa godimo lwa dikilometara di le 200 ka ura. Bommamathwane ba ba ratang go fuduga, ba ba jang ditshenekegi ke bone ba ba amegang thata mme go boifiwa gore kamano e e leng teng fa gare ga diphologolo le dimela tse di tshelang mo tikologong e tla nna bokoa fela thata.