Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Madimona ke Bomang?

Madimona ke Bomang?

Baebele ya Reng

Madimona ke Bomang?

DIPOKO, meya e e maswe, dithokolosi, meya ya boselamose, madimona—ke dibopiwa dingwe tsa semoya tse batho ba madumedi a a farologaneng ba dumelang mo go tsone e bile ba di tsaya di le bosula, di le molemo kgotsa di na le dinonofo tseno ka bobedi. Batho ba bangwe ga ba dumele mo meyeng ya mefuta epe ka gonne ba re meya ke tumelobotlhodi fela kgotsa ke sengwe se se itlhamelwang mo tlhaloganyong. Baebele ya reng?

Baebele e ruta gore Mmopi ka boene ke Moya le gore dibopiwa tsa gagwe tsa ntlha e ne e le meya. (Johane 4:24; Bahebera 1:13, 14) Mo godimo ga moo, Baebele e umaka meya e e bosula mme ka dinako tse dingwe ya re ke madimona. (1 Bakorintha 10:20, 21; Jakobe 2:19) Mme ga e rute gore Modimo o bopile madimona. Mme he, ke bomang le gone go tlile jang gore a nne teng?

“Baengele ba ba Ileng ba Leofa”

Fa Modimo a ne a bopa dibopiwa tsa semoya, o ne a di bopa di na le tshwanelo ya go itlhophela, di kgona go itlhophela gore a di batla go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka maswabi, fa batho ba sena go bopiwa, palo e e sa itsiweng ya baengele e ne ya tlhopha go dira se se bosula ka go tsuologela Modimo.

Sebopiwa sa semoya sa ntlha le se se bosula thata se se ileng sa tsuologa e ne ya nna Satane. Jesu Keresete o ne a re: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) Ke eng se se neng sa dira gore Satane a nne kgatlhanong le Modimo? O ne a simolola go eletsa kobamelo e e neng e le ya Mmopi fela mme go tswa foo a dira go ya ka keletso ya gagwe ka go itira modimo wa moganetsi. Ka tsela eno o ne a itira “Satane,” lefoko le le kayang “moganetsi.” Makgolo a dingwaga moragonyana, pele ga motlha wa Morwalela wa ga Noa, baengele ba bangwe ba ne ba kopanela le Satane, ba tlogela bonno jwa bone jwa kwa legodimong gore ba ikapese mebele ya batho le gore ba nne mo lefatsheng. (Genesise 6:1-4; Jakobe 1:13-15) Fa Morwalela o ne o nna teng, go bonala fa “baengele ba ba neng ba leofa” ba ba neng ba ikapesitse mebele ya batho, ba ne ba boela kwa lefelong la moya. (2 Petere 2:4; Genesise 7:17-24) Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba bidiwa madimona.—Duteronome 32:17; Mareko 1:34.

Baengele bano ba ba neng ba tlhoka kutlo ba ne ba iphitlhela ba le mo seemong se se farologaneng thata le se ba neng ba le mo go sone pele ga ba tsuologa. Jude 6 e balega jaana: “Baengele ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno [Modimo] o ba beetse katlholo ya letsatsi le legolo mo lefifing le le kwenneng ka dikgole tsa bosakhutleng.” Ee, Modimo ga a ka a letlelela madimona go itumelela tshiamelo e ba neng ba na le yone pele kwa legodimong mme o ne a ba tlogela mo “moleteng wa lefifi le le kwenneng,” la tshwantshetso a ba thibela gore ba se ka ba bona tshedimosetso epe ya semoya.

‘Ba Tsietsa Lefatshe Lotlhe le le Nang le Banni’

Le fa ba thibetswe go boa gape ba ikapesa mebele ya batho, madimona a sa ntse a na le maatla le tlhotlheletso e kgolo mo megopolong le mo matshelong a batho. Tota e bile, Satane mmogo le masomosomo a gagwe a madimona, ba ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9; 16:14) Jang? Segolobogolo ka “dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Dithuto tseno tsa maaka, tse gantsi e leng tsa bodumedi, di ile tsa foufatsa megopolo ya batho ba le dimilione gore ba se ka ba bona boammaaruri ka Modimo. (2 Bakorintha 4:4) Akanya ka dikai dingwe.

Thuto ya gore baswi ba sa ntse ba tshela. Madimona a tsietsa batho gore ba dumele gore batho ba ba tshelang ba ka kgona go buisana le baswi ka go ba bontsha dipono tsa batho ba ba suleng, go dirisa mantswe le ditsela tse dingwe tsa boferefere. Mo godimo ga moo, boferefere jono bo bonala bo dira gore maaka a gore moya o a tswa mo mmeleng fa motho a swa, a lebege a le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela sentle jaana: ‘Baswi ga ba itse sepe gotlhelele.’ (Moreri 9:5, 6) E re ka ba ‘fologetse kwa tidimalong,’ ga ba kgone le go baka Modimo.—Pesalema 115:17. *

Boitsholo jwa go dira sengwe le sengwe se o se ratang. 1 Johane 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Satane le madimona a gagwe ba dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang ka go dirisa metswedi ya dikgang le ditsela tse dingwe go rotloetsa kgopolo ya gore batho ba tshwanetse go ineela mo dikeletsong tse di bosula tsa nama. (Baefeso 2:1-3) Ka jalo, boitsholo jo bo sa siamang jwa mofuta mongwe le mongwe, go akaretsa le ditlwaelo tsa tlhakanelodikobo, di aname thata gompieno. E bile boitsholo jo bo ntseng jalo bo tsewa bo tlwaelegile mme gantsi melao ya Baebele e tsewa e siilwe ke nako kgotsa e le ya batho ba ba sa bulegang ditlhaloganyo.

Go rotloediwa ga tirisabadimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kopana le mosetsana mongwe wa motlhanka yo o neng a na le “ledimona la boitseanape,” le le neng le dira gore a “neye beng ba gagwe poelo e ntsi thata ka go dira tiro ya go bolelela pele.” (Ditiro 16:16) E re ka Paulo a ne a itse gore bokgoni jwa gagwe jwa maatla a a sa tlwaelegang bo tswa kae, o ne a gana go reetsa mosetsana yoo. Mo godimo ga moo, o ne a sa batle go kgopisa Modimo, yo o lebang mefuta yotlhe ya tirisabadimo—go akaretsa le tepodinaledi le go ikuela mo meyeng—e le dilo tse di makgapha.—Duteronome 18:10-12.

Itshireletse mo Madimoneng

O ka itshireletsa jang mo meyeng e e boikepo? Baebele e araba jaana: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Re ikobela taelo eo fa re tshela go ya ka dithuto tse di mo Baebeleng, e leng buka e le yosi e e boitshepo e e senolang Satane, madimona le ‘maano a bone a boferefere,’ ka botlalo. (Baefeso 6:11; 2 Bakorintha 2:11) Baebele gape e re bolelela gore meya e e boikepo, mmogo le botlhe ba ba ganetsang Modimo, ga ba kitla ba nnela ruri. (Baroma 16:20) Diane 2:21 ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go bona boammaaruri malebana le boemo jwa mmatota ka baswi le ka tsholofelo ya Baebele ya tsogo ya baswi, tsweetswee bona kgaolo 6 le 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● A Modimo o bopile madimona?—2 Petere 2:4.

● A o ka kgona go bua le baswi?—Moreri 9:5, 6.

● O ka itshireletsa jang mo madimoneng?—Jakobe 4:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Madimona a leka go tlhotlheletsa batho ka ditsela tse dintsi