Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Nkgomoditse mo Ditekong Tsa me Tsotlhe

Modimo o Nkgomoditse mo Ditekong Tsa me Tsotlhe

Modimo o Nkgomoditse mo Ditekong Tsa me Tsotlhe

Jaaka go boletse Victoria Colloy

Ngaka e ne ya bolelela Mmè jaana: “Ga go na sepe se re ka tlholang re se direla morwadio. O tla tshwanelwa ke go dirisa diikokotlelo le go tsenya ditshipi mo maotong botshelo jwa gagwe jotlhe.” Ke ne ke utlwile botlhoko tota! Ke ne ke tla dira eng fa ke sa kgone go tsamaya?

KE TSHOTSWE ka November 17, 1949, kwa Tapachula, Chiapas, Mexico. Ke ne ke le lesea le le itumetseng, le le itekanetseng mme ke le ngwana wa ntlha mo go ba le banè. Mme fa ke ne ke na le dikgwedi di le thataro, ka tshoganyetso ke ne ke sa tlhole ke gagaba e bile ke ne ke kgona go suta go sekaenyana fela. Dikgwedi di le pedi moragonyana ke ne ke sa tlhole ke kgona go suta gotlhelele. Dingaka tsa lefelo la rona di ne di gakgametse ka gonne masea a mangwe kwa Tapachula a ne a na le matshwao a a tshwanang le a me. Ka jalo, ngaka e e berekang ka ditokololo tsa mmele le mokokotlo go tswa kwa Mexico City e ne ya tla go re tlhatlhoba. Go ne ga lemogiwa gore re tshwerwe ke pholio.

Fa ke ne ke le dingwaga di le tharo, ke ne ka dirwa dikaro mo lothekeng, mo mangoleng le mo magwejaneng. Moragonyana legetla la me la kafa mojeng le lone le ne la amega fela thata. Fa ke ne ke le dingwaga di le thataro, ke ne ka isiwa kwa Mexico City gore ke ye go tswelela ka kalafi ya me kwa bookelong jwa bana. Mmè o ne a bereka kwa polasing kwa Chiapas, ka jalo, ke ne ka nna le mmèmogolo kwa Mexico City. Le fa go ntse jalo, ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le kwa bookelong.

Fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang robedi, ke ne ka tokafala. Mme moragonyana, maemo a me a ne a etegela, ka iketlo ka se tlhole ke kgona go suta jaaka ke ne ke a tle ke dire. Ka jalo, dingaka di ne tsa re ke tla tshwanelwa ke go dirisa diikokotlelo le ditshipi tsa maoto botshelo jotlhe jwa me.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 15 ke ne ke setse ke dirilwe dikaro di le 25. Mme dikaro tseno di ne di dirilwe mo mokokotlong, mo maotong, mo mangoleng, mo magwejaneng le mo menwaneng ya maoto. Morago ga karo nngwe le nngwe ke ne ke tsenngwa mo thulaganyong e e thusang motho go fola. Morago ga nngwe ya dikaro tse ke nnileng le tsone, maoto a me a ne a tsenngwa mo samenteng. Fa samente e ntshiwa, ke ne ka tshwanelwa ke go ikatisa mmele mme go ne go le botlhoko.

Go Bona Kgomotso ya Mmatota

Fa ke ne ke le dingwaga di le 11, Mmè o ne a nketela fa ke ne ke sa tswa go ariwa. O ne a ithutile gore Jesu o ile a fodisa balwetse a bo a dira gore motho yo o suleng ditokololo a kgone go tsamaya. O ne a nnaya khopi ya Tora ya Tebelo, e leng makasine o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, o a neng a ithutile dilo tseno mo go one. Ke ne ka o fitlha ka fa tlase ga mosamo wa me, mme letsatsi lengwe o ne wa nyelela. Baoki ba ne ba bona makasine ono mme ba o tsaya. Ba ne ba nkomanyetsa go o bala.

Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Mmè o ne a tla gape a tswa kwa Chiapas go tla go mpona. Mme ka nako eo o ne a setse a ithuta Baebele le Basupi. O ne a ntlisetsa buka ya From Paradise Lost to Paradise Regained. * Mmè o ne a re: “Fa e le gore o batla go tshela mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng, le mo go lone Jesu a tla go fodisang, o tla tshwanelwa ke go ithuta Baebele.” Ka jalo, ke ne ka simolola go ithuta le Basupi fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang 14, le fa Mmèmogolo a ne a nkganetsa. Ngwaga o o latelang ke ne ka laelwa go tswa mo bookelong ka gonne e ne e le jwa bana ba bannye fela.

Go Lepalepana le Dikgwetlho

Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. E re ka mmèmogolo a ne a nkganetsa, ke ne ka tshwanelwa ke go boela kwa Chiapas go ya go nna le batsadi ba me. Le fa go ntse jalo, go ne go na le mathata kwa gae ka gonne Rre e ne e le lekgoba la bojalwa. Ka nako nngwe ke ne ke a tle ke bone go tshela go se na mosola. Ke ile ka akanya ka go ipolaya ka botlhole. Mme fa ke ne ke ntse ke tswelela go ithuta Baebele, ke ne ka fetola tsela e ke lebang dilo ka yone. Tsholofetso ya Baebele e e kaga paradaise e ne ya dira gore ke itumele.

Ke ne ka simolola go bua le ba bangwe ka tsholofelo e e itumedisang e e mo Baebeleng. (Isaia 2:4; 9:6, 7; 11:6-9; Tshenolo 21:3, 4) Kgabagare, ka May 8, 1968, fa ke ne ke le dingwaga di le 18, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa e sa le ka 1974, ke ntse ke fetsa diura di le 70 kgwedi le kgwedi ke bolelela ba bangwe ka tsholofelo e e dirileng gore ke tswelele ke tshela.

Botshelo jo bo Kgotsofatsang

Fa nako e ntse e tsamaya, nna le Mmè re ne ra fudugela kwa toropong ya Tijuana, e e gaufi le molelwane o o fa gare ga Mexico le United States. Nna le Mmè re nna mmogo mo lefelong le le siametseng maemo a rona. Ke sa ntse ke kgona go dira dilo mo ntlong ke tsentse ditshipi tsa maoto e bile ke dirisa diikokotlelo mme gape ke dirisa setulo sa maotwana se ke kgonang go apaya, go tlhatswa le go aena ke le mo go sone. Gore ke kgone go nna le seabe mo bodireding, ke tsamaya ka kolotsana ya motlakase e e dirilweng ka tsela e e siametseng maemo a me.

Mo godimo ga go bolelela batho ba bangwe ka dithuto tsa Baebele mo mebileng le kwa magaeng a bone, ka metlha ke etela bookelo jo bo gaufi mme ke tshwara metlotlo ya Baebele le batho ba ba letileng ka fa ntle go bona kalafi. Fa ke sena go bua le bone ke tsamaya ka kolotsana ya me ya motlakase go ya go reka dilo tse re di tlhokang, go tswa foo ke bo ke boela gae go ya go thusa Mmè go apaya le go dira tiro ya mo gae.

Gore re kgone go nna le madi, ke rekisa diaparo tse di seng disha. Gone jaanong Mmè o na le dingwaga di le 78 mme ga a kgone go dira go le gontsi ka gonne o ile a tlhaselwa ke pelo gararo. Ka jalo, ke mo tlhokomela ka go mo naya melemo le dijo tse a tshwanetseng go di ja. Le fa re na le botsogo jo bo bokoa, re leka go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. Batho ba ba fetang 30 ba nkileng ka ithuta Baebele le bone mo dingwageng tse di fetileng, gone jaanong le bone ba nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete.

Ke tlhomamisegile gore kgabagare tsholofetso eno ya Baebele e tla diragadiwa: “Ka nako eo [mo lefatsheng le lesha la Modimo] setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.” Fa ke ntse ke letile nako eo, mafoko ano a Modimo a a nkgomotsa: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”—Isaia 35:6; 41:10. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1958 mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 18 Victoria Colloy o ne a tlhokafala ka November 30, 2009, a le dingwaga di le 60. Mmaagwe o ne a tlhokafala ka July 5, 2009.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke tsentse ditshipi tsa maoto fa ke ne ke na le dingwaga di le supa

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Mo bodireding, ke tsamaya ka kolotsana ya motlakase e e dirilweng ka tsela e e siametseng maemo a me