Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?

Bala Dipalo 13:1, 2, 25-33; 14:3, 6-12. Jaanong leba setshwantsho mme o bo o kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.

1. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa ditlhola di ile tsa dira tshwetso ya go tlisa pego e e bosula?

․․․․․

2. Puo e e sa siamang ya ditlhola tse di lesome e ile ya dira gore go nne le diphelelo dife?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Dipalo 14:26-38.

․․․․․

3. Ke ka ntlha yang fa Joshua le Kalebe ba ne ba tshepa thata jaana gore ba tla fenya?

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Fa lelapa la gaeno le lebana le mathata a a masisi, o ka tila jang go nna jaaka ditlhola tse di lesome mme wa etsa Joshua le Kalebe?

O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI PETERE?

4. Ke maina afe a matlhano a a farologaneng a Petere a bidiwang ka one mo Baebeleng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 10:2; 16:16; Johane 1:42; Ditiro 15:14.

․․․․․

5. A Petere o kile a nyala?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Bakorintha 9:5.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Tlhalosa pego e o e ratang e e amanang le Petere. Ke dinonofo dife tsa ga Petere tse o ka ratang go di etsa mme o ka dira seo jang?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 7 Re tshwanetse go bua eng le baagelani ba rona? Baefeso 4:․․․

TSEBE 8 Boammaaruri bo tla go dira eng? Johane 8:․․․

TSEBE 11 Go tla diragala eng ka mmaba wa bofelo? 1 Bakorintha 15:․․․

TSEBE 24 O tshwanetse go tshaba eng? 1 Bakorintha 6:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 13

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Ba ne ba ineela go welwa ke poifo e bile tumelo ya bone mo go Jehofa e ne e tlhaela.—Dipalo 14:3, 11.

2. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo, ba ne ba swela kwa nageng, kwantle ga Joshua le Kalebe.

3. Ba ne ba na le tumelo ya gore Jehofa o na le bone.—Dipalo 14:9.

4. Simone, Petere, fa a kopantswe Simone Petere, Kefase le Semeone.

5. Ee.