Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Robala—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

Go Robala—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

Go Robala—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

● Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore gone jaanong motho yo o tlwaelegileng wa kwa Amerika Bokone, o robala diura tse di fa gare ga di le supa le di le supa le halofo bosigo bongwe le bongwe. * Go robala go botlhokwa go le kana kang? Fa o ntse o robetse, o feta mo kgatong ya boroko e e bidiwang rapid eye movement (boroko jwa fa motho a lora) metsotso mengwe le mengwe e le 60 go ya go e le 90 bosigo jotlhe. Ka nako ya dikgato tseno, boboko bo matlhagatlhaga thata mme babatlisisi ba dumela gore bo a bo bo ntšhafatsa dilo dingwe mo go jone. Bomankge bangwe ba bolela gore fa kgato eno ya boroko e kgorelediwa mme motho a latlhegelwa ke boroko, go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo mmeleng tse di nnang di oketsega. Tsela e boboko bo berekang ka yone e a amega mme seo se felela ka gore motho a palelwe ke go dira dilo sentle le go nna le malwetse a mangwe a mantsi.

Dilo tse di jaaka khafeine, di ka thibela dikhemikale tse di tsibosang motho fa a tlhoka go robala gore di bereke ka nakwana. Le fa go ntse jalo, boboko jwa rona bo na le sengwe se se dirang gore re robale fa mebele ya rona e sa robala ka mo go lekaneng mme seo se felela ka gore re nne mo seemong se se bidiwang microsleeps (boroko jwa nakwana). Go ya ka lokwalodikgang lwa The Toronto Star, “go sa kgathalesege gore o ka tswa o dira eng, boboko jwa gago jo bo timilweng boroko gangwe le gape bo tla tsena mo kgatong ya ntlha ya boroko ka nako e e fa gare ga metsotswana e le lesome le go ya go nako e e fetang motsotso go se kae.” Akanya o kgweetsa koloi ka lobelo lwa dikilometara di le 50 ka ura mme o nna le boroko jwa nakwana jwa metsotswana e le lesome. Ka nako eo, o tla bo o tsamaile sekgala se se fetang sa lebala la kgwele ya dinao. Mo godimo ga moo, go itima boroko go ka koafatsa thulaganyo ya mmele wa gago ya go lwa le malwetse, ka gonne ke ka nako ya fa o robetse mo mmele wa gago o ntshang disele tsa T tse di lwantshang ditwatsi. Ka nako ya fa re robetse, mmele wa rona gape o ntsha horomone ya leptin e e thusang go laola keletso ya rona ya dijo. Ebu, mmele o tlhoka boroko fela jaaka o tlhoka go katisiwa le jaaka o tlhoka dikotla tse di tshwanetseng.

A go bereka thata go dira gore o se ka wa bona boroko jo o bo tlhokang thata? Mme go tweng ka ditlhobaelo tsa botshelo le go tshwenyega ka isagwe? Kgosi e e botlhale e bong Solomone o kile a bolela jaana: “Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.”—Moreri 5:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona ditlhogo tse di buang ka Bothata Jwa Boroko mo makasineng wa February 8, 2004, wa Tsogang! mo go tsebe 21 go ya go tsebe 30.