Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bodumedi bo Molato?

A Bodumedi bo Molato?

A Bodumedi bo Molato?

JONATHAN SWIFT yo e leng moruti e bile e le mokwadi o ne a kwala jaana mo masimologong a lekgolo bo18 la dingwaga: “Re na le madumedi a a lekaneng a a dirang gore re nne le letlhoo mme ga a lekana go dira gore re ratane.” Batho ba le bantsi ba ile ba bolela gore tota bodumedi ke jone jo bo bakang dikgaogano go na le gore bo kopanye batho. Mme ga se mongwe le mongwe yo o dumalanang le seo.

Ka sekai, akanya ka tshwetso e e ileng ya fitlhelelwa ke setlhopha sa babatlisisi kwa Lephateng la Dipatlisiso Tsa Kagiso kwa Yunibesithing ya Bradford kwa United Kingdom. Setlhopha seno se ne sa laelwa ke lekgotla la British Broadcasting Corporation go neela karabo e e utlwalang malebana le potso ya gore a bodumedi bo rotloetsa kagiso kgotsa bo rotloetsa ntwa.

Mo pegong e e gatisitsweng, babatlisisi bano ba ne bolela jaana: “Morago ga go sekaseka dipatlisiso tsa hisitori tse di dirilweng ke bomankge ba ba farologaneng, re ne ra swetsa ka gore go ile ga nna le dintwa di le mmalwa tse tota e leng tsa bodumedi mo dingwageng tse 100 tse di fetileng.” Setlhopha seno sa dipatlisiso se ile sa tlhalosa gore dintwa dingwe “gantsi di ne di tlhalosiwa mo metsweding ya tshedimosetso le kwa mafelong a mangwe e le dintwa tsa bodumedi, kgotsa dintwa tse di bakiwang ke dikgotlhang tsa bodumedi mme tota e ne e le dintwa tsa bosetšhaba, kgololesego ya naga kgotsa go iphemela.”

Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba le bantsi ba bolela gore baruti ba ile ba mpampetsa le go tshegetsa dintwa tsa dibetsa, e ka tswa e le ka ditiro kgotsa ka tidimalo, jaaka fa go bontshitswe mo mafokong a a nopotsweng fa tlase fano:

● “Go lebega bodumedi bo amanngwa le tirisodikgoka e e gone mo e ka nnang gongwe le gongwe. . . . Mo dingwageng tsa bosheng go ile ga nna le tirisodikgoka ya bodumedi magareng ga Bakeresete ba majelathoko kwa United States, Bamoseleme le Bajuda ba ba galefileng kwa Botlhabagare, Bahindu le Bamoseleme ba ba nang le dikgogakgogano kwa Asia Borwa le dikgogakgogano tse di mo madumeding a a tlholegang kwa Afrika le Indonesia. . . . Batho ba ba amegang mo dikgotlhang tseno ba ne ba ikaegile ka bodumedi gore bo ba thuse gore ba nne le maemo mo dipolotiking le go ba naya tetla ya go tswelela ba ipusolosetsa.”—Terror in the Mind of God—The Global Rise of Religious Violence.

● “Se se gakgamatsang ke gore ditšhaba tse di tlhoafaletseng bodumedi, gantsi ke tsone tse go diregang dilo tse di boikepo thata mo gare ga tsone. . . . Go nna gontsi ga madumedi go paletse go thibela selekanyo se se kwa godimo sa bokebekwa. . . . Bosupi bo bonala sentle: Fa o batla go nna mo lefelong le le babalesegileng, le le nang le seriti, le le sa tlhakatlhakanang e bile le ‘tlhabologile,’ tila mafelo a a tletseng bodumedi.”—Holy Hatred.

● “Ba-Baptist ba itsege thata ka go lwa go na le go dira kagiso. . . . Fa kgang ya bokgoba [kwa Amerika] le ditiragalo tse dingwe di ne di kgaoganya madumedi mme morago di kgaoganya setšhaba mo lekgolong la bo19 la dingwaga, Ba-Baptist ba Bokone le ba Borwa ba ne ba tshegetsa ntwa ba re ke letsholo la tshiamo mme ba tsaya gore Modimo o mo letlhakoreng la bone. Ba-Baptist ba gape ba neng ba ikamanya le dintwa tsa bosetšhaba kgatlhanong le Engelane (1812), Mexico (1845) le Spain (1898), ba buelela tse pedi tsa bofelo ka gore ‘di ne di lowa gore di tlise kgololesego ya bodumedi mo bathong ba ba gateletsweng le go dira gore go nne le mafelo a masha a barongwa ba ka yang kwa go one.’ Boammaaruri ke gore Ba-Baptist ba ne ba sa eletse ntwa go na le kagiso, go na le moo, gantsi fa go na le ntwa Ba-Baptist ba ne ba e tshegetsa e bile ba ne ba nna le seabe mo go yone.”—Review and Expositor—A Baptist Theological Journal.

● “Mo dingwageng di le dintsi baitsehisitori ba ile ba lemoga kafa bodumedi bo tlhotlheleditseng ntwa ka teng mo e batlileng e ka nna mo bathong le mo ditsong tsotlhe tse di farologaneng go ralala lefatshe mme gantsi e le mo matlhakoreng otlhe a ntwa nngwe le nngwe. Mafoko a a reng, ‘medimo e mo letlhakoreng la rona’ ga a bolo go nna le tlhotlheletso e e maatla mo go rotloetseng batho go ya ntweng.”—The Age of Wars of Religion, 1000-1650—An Encyclopedia of Global Warfare and Civilization.

● “Baeteledipele ba bodumedi . . . ba tlhoka go akanyetsa ka kelotlhoko kafa ba ileng ba palelwa ka teng go etelela batho pele ka tsela e e molemo le go tshegetsa le go rotloetsa botlhokwa jwa dithuto tsa ditumelo tsa bone. . . . Ke boammaaruri gore madumedi otlhe a rotloetsa kagiso mme gone go a belaetsa gore a bodumedi bo kile jwa diragatsa seo.”—Violence in God’s Name—Religion in an Age of Conflict.

Go ralala hisitori, baruti ba madumedi otlhe a magolo a a ipitsang a Bokeresete (Bakatoliki, Ba-Orthodox le Baporotesetanta) ba ile ba romela baruti le baruti ba le bantsi ba sesole go kgothatsa masole le go rapelela ba ba suleng le ba ba swang—mo matlhakoreng otlhe a ntwa epe fela. Tshegetso eno ya bone e ile ya dira gore ba itlhokomolose tshololo ya madi mme ya dira gore ba segofatse masole otlhe a ntwa.

Batho ba bangwe ba sa ntse ba ka re bodumedi bo ka se pegiwe molato wa ntwa. Mme potso ke gore, A bodumedi bo ile jwa atlega mo maitekong ape a jone a go dira gore batho ba nne seoposengwe?

[Lebokoso mo go tsebe 5]

“Moruti Dr. Charles A. Eaton, yo e leng moruti wa Madison Avenue Baptist Church o ne a itsise a le mo seraleng maabane gore ntlo ya boruti ya kereke e tla nna lefelo le go tla ngokelwang banna ba ba batlang go ikwadisa mo sesoleng kgotsa mo sesoleng sa lewatle.

“E ne e le mongwe wa baruti ba bantsi mo toropong e a nnang mo go yone yo o neng a rera dithero tsa ntwa mo ditirelong tsa bone tse di tlwaelegileng tsa Sontaga mo mosong e bile a rotloetsa banna le basadi go bontsha boikanyegi jwa bone mo setšhabeng le mo temokerasing ka gore ba ithaopele ditirelo tsa ntwa ka bonako jo bo ka kgonegang. Difolaga di ne di kgabisitse dikereke di le dintsi.”—“The New York Times,” April 16, 1917.