Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala 2 Dikgosi 4:8-10. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa setshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o se tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

[Setshwantsho]

(Leba kgatiso)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Mosadi yono o ne a bontsha bopelonomi jo bo ntseng jang? Jehofa o ile a segofatsa jang ditiro tsa gagwe tse di siameng tsa go thusa moporofeti wa gagwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Dikgosi 4:32-37.

O ka bontsha jang batlhanka ba ga Jehofa bopelonomi gompieno?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Baroma 12:13; Bagalatia 6:10.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

A sa bue sepe, leloko lengwe la lelapa le ka tshameka karolo nngwe ya batho ba ba mo pegong e e fa godimo ya Baebele. Ba bangwe mo lelapeng ba tshwanetse go fopholetsa gore motho yo a mo etsang ke mang.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 2 DANIELE

DIPOTSO

A. Ke eng fa Daniele a ile a latlhelwa mo mongobong wa ditau?

B. Maina a Sehebera a ditsala tse tharo tsa ga Daniele e ne e le bomang?

C. Daniele o ile a direla kafa tlase ga mebuso efe e sele e meraro?

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 600 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

Ba tsewa kwa Jerusalema ba isiwa Babelona

Jerusalema

Babelona

DANIELE

DINTLHA KA GA GAGWE

Go ka direga gore e ne e le kgosana, a tsholetswe mo lotsong lwa Juda. E ne e le moporofeti yo o ikanyegang yo o neng a tlhotlheleditswe go kwala buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe. Daniele a ka tswa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome fa ene le maloko a mangwe a lelapa la segosi le batlotlegi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ke Nebukadenesare.

DIKARABO

A. O ile a rapela Jehofa le fa a ne a laetswe gore a se ka a dira jalo.—Daniele 6:6-17.

B. Hanania, Mishaele le Asaria.—Daniele 1:6, 7.

C. Babelona le mmuso wa Bameda le Baperesia.—Daniele 5:30; 6:8.

Batho le Dinaga

4. Maina a rona ke Jorge, Nicolas le Priscilian. Re nna kwa Belize, e e leng kwa Amerika Bogare. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Belize? A ke ba le 600, 2 000 kgotsa ba le 3 500?

5. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Belize.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa tsebe 30 le 31 di mo tsebe 28

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Sofa.

2. Tafole.

3. Setulo.

4. 2 000.

5. A.