Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela 4—Sireletsa Botsogo Jwa Gago

Tsela 4—Sireletsa Botsogo Jwa Gago

“Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go tsaya dikgato tse di motlhofo tsa go itshireletsa go ka go thusa go tila go lwala le go tila matshwenyego, mmogo le go senya nako le madi.

Nna o le phepa. U.S. Centers for Disease Control and Prevention e bega jaana: “Go tlhapa diatla ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata tse o ka di dirang go go thusa go thibela go anama ga megare le go nna o itekanetse.” Go bolelwa gore diperesente di le 80 tsa megare e e tshwaetsanang e bakiwa ke diatla tse di seng phepa. Ka jalo, tlhapa diatla gangwe le gape letsatsi lotlhe. Di tlhape segolobogolo pele o ja, o apaya, tota le pele o ama ntho le morago ga gone, gape o di tlhape fa o sena go tshwara phologolo, fa o sena go dirisa ntlwana ya boithomelo kgotsa fa o sena go tseta ngwana.

Go tlhapa diatla ka metsi le sesepa go botoka go feta go dirisa setlolo se se phepafatsang diatla se se nang le alcohol. Bana ba nna le botsogo jo bo botoka fa batsadi ba bone ba ba thapisa go tlhapa diatla tsa bone le gore ba se ka ba itshwara melomo le matlho. Go tlhapa letsatsi le letsatsi le go boloka diaparo tsa gago le dishiti di le phepa le gone go ka thusa gore o nne le botsogo jo bo botoka.

Tila malwetse a a tshwaetsanang. Tila go tshwara kgotsa go dirisa didirisiwa tsa go ja le motho yo tshwerweng ke mofikela kgotsa foluu. Mathe le mamina a bone a ka fetisetsa bolwetse jwa bone mo go wena. Malwetse a a fitlhelwang mo mading a a jaaka hepatitis B le C le HIV/AIDS a tshelanwa segolobogolo ka tlhakanelodikobo, ka go tsenya diokobatsi mo mmeleng ka lomao le ka go tshelwa madi. Mokento o ka thusa go thibela malwetse mangwe a a tshwaetsanang mme gone motho yo o botlhale o tshwanetse go nna kelotlhoko fa a na le motho yo nang le bolwetse jo bo tshwaetsanang. Tila go longwa ke ditshenekegi. O se ka wa nna kgotsa wa robala kwa ntle fa go na le menang kgotsa ditshenekegi tse di rwalang malwetse. Dirisa dinnete tsa bolao, segolobogolo mo baneng mme o dirise dilo tse di kobang ditshenekegi. *

Boloka ntlo ya gago e le phepa. Dira matsapa otlhe a a tlhokegang go boloka ntlo ya gago e le bothakga e bile e le phepa, kwa ntle le ka fa gare. Dira gore go se ka ga nna le mafelo a mo go one metsi a ka kgobokanang mme menang ya ata mo go one. Matlakala, leswe le dijo tse di sa khurumediwang di ka ngoka ditshenekegi le diboko, tse tsotlhe di ka bakang megare le malwetse. Fa go se na ntlwana ya boithomelo, ikagele ntlwana ya boithomelo ya mosima, go na le gore o ithusetse mo sekgweng. Tswala mosima gore o se ka wa ngoka dintsi, tse di ka fetisang megare e e tshwaetsang matlho le go fetisa malwetse a mangwe.

Tila go ikgobatsa. Ikobele melao ya pabalesego fa o bereka, fa o palame baesekele kgotsa sekuta kgotsa fa o kgweetsa koloi. Tlhomamisa gore koloi ya gago e babalesegile gore o ka e kgweetsa. Dirisa didirisiwa le diaparo tse di tshwanetseng tsa go itshireletsa tse di jaaka digalase tsa pabalesego tsa matlho, tlhoro e e sireletsang tlhogo, ditlhako mmogo le mabante a pabalesego le dilo tse di sireletsang ditsebe. Tila go nna lobaka lo loleele mo letsatsing, mo go bakang kankere le go tsofala ka bonako ga letlalo. Fa e le gore o goga motsoko, tlogela. Go tlogela gone jaanong go tla fokotsa thata kotsi ya go nna le bolwetse jwa pelo, kankere ya makgwafo le seterouku. *

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi,” mo makasineng wa Tsogang! wa June 8, 2003, tsebe 19-21.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se ka fa ntle mo makasineng wa Tsogang! wa May 2010 se se reng “Tsela ya go Tlogela Motsoko.”