Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Batho ba ba Hutsafetseng

Go Thusa Batho ba ba Hutsafetseng

Go Thusa Batho ba ba Hutsafetseng

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.”—Pesalema 34:18.

FA O sena go swelwa ke motho yo o mo ratang, o ka nna le maikutlo a a farologaneng a a fekeetsang a a akaretsang go tshoga, go gamarega, go hutsafala kgotsa le e leng go ikutlwa o le molato kgotsa go galefa. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, o ka nna wa se nne le maikutlo ano otlhe e bile o ka nna wa se bontshe kutlobotlhoko ya gago ka tsela e e tshwanang le ya batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa o tlhoka go bontsha khutsafalo ya gago, ga go na sepe se se phoso ka go dira jalo.

“Itetle go Hutsafala!”

Heloisa, ngaka e go builweng ka yone pelenyana, o ne a leka go gatelela maikutlo a gagwe fa mmaagwe a sena go tlhokafala. A re: “La ntlha ke ne ka lela mme go ise go ye kae, ke ne ka gatelela maikutlo a me—fela jaaka ke ne ke dira fa go tlhokafetse molwetse mongwe. Botsogo jwa me bo ne jwa amega thata, gongwe e le ka ntlha ya seno. Kgakololo ya me mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ke batho ba ba ba ratang ke eno: Itetle go hutsafala! Ntshetsa maikutlo a gago kwa ntle go fitlha o ikutlwa o le botoka. Go tla go thusa.”

Le fa go ntse jalo, fa go ntse go feta malatsi le dibeke, o ka nna wa ikutlwa ka tsela e Cecília, yo o tlhokafaletsweng ke monna wa gagwe ka ntlha ya kankere, a neng a ikutlwa ka yone. A re: “Ka dinako tse dingwe, ke ikutlwa ke swabile ka gonne go lebega e kete ga ke a dira se se neng se lebeletswe ke batho ba ba akanyang gore ke tshwanetse ke a bo ke setse ke amogetse jaanong.”

Fa o kile wa akanya jalo, leka go gakologelwa gore ga go na tsela e e “siameng” ya go hutsafala. Batho ba bangwe ba kgona go tswelela pele ka botshelo motlhofo fela. Ba bangwe ga ba kgone. Mo maemong a a ntseng jalo, o ka se itlhaganedise khutsafalo ya gago, ka jalo o se ka wa ikutlwa o patelesega go fitlhelela nako e o akanyang gore o tla bo o le botoka ka yone. *

Mme go tweng fa e le gore o ikutlwa e kete khutsafalo ya gago e ka se fele mme tlalelo ya gago e simolola go go lapisa thata? Gongwe maemo a gago a tshwana le a ga Jakobe, monna yo o siameng yo e rileng fa a bolelelwa gore morwawe e bong Josefa o sule, a ileng “a nna a gana go amogela kgomotso.” (Genesise 37:35) Fa e le gore ke tsela e o ileng wa itshwara ka yone, o ka tsaya dikgato dife tse di mosola go dira gore o se ka wa fekeediwa ke khutsafalo?

Itlhokomele. Cecília a re: “Ka dinako dingwe, ke ikutlwa ke lapile thata mme ke bo ke lemoga gore ke dirile dilo go feta selekanyo.” Fela jaaka mafoko a gagwe a bontsha, go hutsafala go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang, mo mmeleng le mo maikutlong. Ka jalo, o tla bo o dira sentle go ela tlhoko botsogo jwa gago jwa mmele. Ikhutse sentle mme o je dijo tse di nang le dikotla.

Gone ke boammaaruri gore o ka nna le keletso e nnye ya go ja, ya go reka dijo le ya go di apaya. Le fa go ntse jalo, go sa je sentle go ka dira gore o tshwaediwe ke megare le go lwala mme seo se tla oketsa tlalelo ya gago. Bobotlana leka go ja dijo tse dinnye gore o nne le botsogo jo bo siameng. *

Fa go kgonega, ikatise mmele ka tsela nngwe, tota le fa e ka nna go tsamaya fela. Go ikatisa go ka dira gore o tswe mo ntlong. Mo godimo ga moo, go ikatisa mmele mo go lekaneng go dira gore mmele o ntshe di-endorphin, e leng khemikale e e tswang mo bobokong e e ka dirang gore o ikutlwe botoka.

Amogela thuso ya ba bangwe. Seno se ka nna botlhokwa segolobogolo fa molekane wa lenyalo a tlhokafetse. Gongwe go na le ditiro dingwe tse a neng a di dira mme jaanong ga go sa tlhole go na le ope yo o di dirang. Ka sekai, fa e le gore molekane wa gago o ne a dira dilo tse di amanang le tsa madi kgotsa ditiro dingwe tsa mo lelapeng, kwa tshimologong o ka fitlhela go le thata go dira ditiro tseo o le nosi. Mo maemong a a ntseng jalo, kgakololo ya ditsala tse di go akanyetsang e ka go thusa fela thata.—Diane 25:11.

Baebele e tlhalosa tsala ya boammaaruri e le tsala e e “tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Ka jalo, o se ka wa itlhaola mo go ba bangwe o akanya gore o tla nna mokgweleo mo go bone. Go na le moo, go ikamanya le ba bangwe go ka go thusa gore o lebane le nako eno e e thata. Fa lekgarebe lengwe yo leina la gagwe e leng Sally a ne a tlhokafalelwa ke mmaagwe, o ne a fitlhela gore go nna mo gare ga batho ba bangwe go ne ga mo gomotsa fela thata. A re: “Bontsi jwa ditsala tsa me di ne di nkakaretsa mo dilong tse ba neng ba di dira. Seo se ne sa nthusa thata gore ke lebane le bodutu jo bogolo jo ke nang le jone. Ka metlha ke ne ke anaanela thata fa batho ba mpotsa dipotso tse di jaaka, ‘Go ntse go ya jang fa e sale mmè wa gago a tlhokafetse?’ Ke ne ka lemoga gore go bua ka mmè go ne go nthusa gore ke ikutlwe botoka.”

Itetle go gakologelwa. Leka go gopola dinako tse di monate tse o ileng wa nna le tsone le motho yo o mo ratang yo o tlhokafetseng, gongwe ka go lebelela ditshwantsho. Gone ke boammaaruri gore go gopola dinako tseo go ka nna botlhoko kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, dilo tse o di gopolang ka motho yo o tlhokafetseng di tla go thusa gore o ikutlwe botoka go na le gore di go utlwise botlhoko.

Gongwe o ka leka go nna le tayari. Mo go yone, o ka nna wa kwala ka dinako tse di itumedisang tse lo nnileng le tsone e bile o ka nna wa kwala le ka dilo tse o eletsang gore o ka bo o ile wa di bolelela motho yono yo o mo ratang fa a ne a sa ntse a tshela. Fa o bala se o se kwadileng, go ka nna motlhofo gore o tlhaloganye tsela e o ikutlwang ka yone. Gape go kwala go ka go thusa gore o tlhalose maikutlo a gago sentle.

Go tweng ka go boloka dilo tse di go gopotsang motho yo o tlhokafetseng? Go ka nna le dikakanyo tse di farologaneng mo kgannyeng eno mme seno ga se gakgamatse e re ka motho mongwe le mongwe a hutsafala ka tsela e e farologaneng. Batho bangwe ba akanya gore go boloka dilo dingwe tse e leng tsa moswi go kgoreletsa motho gore a ikutlwe botoka. Ba bangwe ba fitlhela go thusa. Sally yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Ke bolokile dilo di le dintsi tse e neng e le tsa ga mmè. Ke tsela e e molemo ya go lebana le kutlobotlhoko!” *

Ikaege ka “Modimo wa kgomotso yotlhe.” Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Go rapela Modimo ga se selo fela se se dirang gore o ikutlwe botoka. Ke puisano ya mmatota le e e botlhokwa le “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

Lefoko la Modimo e leng Baebele, le re naya kgomotso e e di gaisang tsotlhe. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a bolela jaana: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Go akanya ka tsholofelo e e tswang mo Baebeleng ya tsogo ya baswi e ka nna kgomotso e e di gaisang tsotlhe fa o hutsafaditswe ke go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang. * Seno ke se Lauren, mosadi yo monnawe yo o mo dingwageng tsa bolesome a ileng a tlhokafala mo kotsing, a ileng a se fitlhela se le boammaaruri. A re: “Le fa ke ne ke hutsafetse jang, ke ne ke tsaya Baebele mme ke bo ke bala le fa e le temana e le nngwe fela. Ke ne ke tlhopha ditemana tse segolobogolo di kgothatsang mme ke ne ke di bala gangwe le gape. Ka sekai, ke ne ke gomodiwa ke mafoko a Jesu a neng a a bolelela Maratha fa Lasaro a sena go swa. O ne a mo raya a re: ‘Kgaitsadio o tla tsoga.’”—Johane 11:23.

“Ga wa Tshwanela go Letla Gore go go Laole”

Le fa e ka nna kgwetlho, go lebana le kutlobotlhoko ya gago go tla go thusa gore o tswelele pele ka botshelo jwa gago. O se ka wa ikutlwa molato, wa ikutlwa e kete fa o tswelela pele ka botshelo o tla bo o fetogela motho yo o mo ratang yo o tlhokafetseng kgotsa o lebala ka ene. Boammaaruri ke gore o ka se ka le ka motlha wa lebala motho yo o mo ratang. Ka dinako dingwe, o ka nna wa gopola dilo di le dintsi ka ene mme gone matshwao a go hutsafala a tla fokotsega ka bonya ka bonya.

Gape o ka nna wa gakologelwa ka boitumelo dinako dingwe tse di itumedisang, le fa gone di utlwisa botlhoko. Ka sekai, Ashley yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng, a re: “Ke gopola letsatsi pele ga mmè a tlhokafala. O ne a lebega a le botoka e bile o ne a tswile mo bolaong lekgetlho la ntlha morago ga malatsi a le mantsi. Fa nkgonne a ntse a kama moriri wa ga mmè, re ne ra simolola go tshega ka sengwe mme ke ne ka bona mmè a nyenya monyenyo o ke iseng ke o bone morago ga nako e telele. O ne a kgotsofaletse go nna fela le bomorwadie.”

Gape o ka kgona go gakologelwa dithuto tse di botlhokwa tse o di ithutileng mo mothong yo o mo ratang fa o ne o ntse o na le ene. Ka sekai, Sally a re: “Mmè e ne e le morutisi yo o molemo. O ne a neela kgakololo a sa bontshe gore ke kgakololo mme o ne a nthuta go dira ditshwetso tse di molemo tse e neng e le ditshwetso tsa me mme e seng fela se ene kgotsa rre ba se buileng.”

Go gakologelwa dilo dingwe ka motho yo o mo ratang e ka nna selo se o se tlhokang gore o kgone go tswelela ka botshelo. Ke se lekawana lengwe e bong Alex a se fitlhetseng se le boammaaruri. A re: “Fa rre a sena go tlhokafala, ke ne ka swetsa ka gore ke tla tshela ka tsela e a nthutileng go tshela ka yone—ke sa lebale go itumelela botshelo. Nka rata go lebisa mafoko ano mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ke motsadi: O ka se lebale gotlhelele go tlhokafalelwa ke motsadi mme ga wa tshwanela go letla gore go go laole. Lela o bo o hutsafale jaaka o tshwanetse mme o se ka wa lebala gore o sa ntse o tshwanetse go itumelela botshelo jo bo larileng kwa pele.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Mo maemong a a ntseng jalo, o tla bo o dira sentle fa o tila go dira ditshwetso tsa lepotlapotla, tse di jaaka go fudugela kwa ntlong e nngwe kgotsa go simolola kamano e ntšha le motho wa bong bo sele. Diphetogo tse di ntseng jalo di ka dirwa fela fa o nnile le nako e e lekaneng ya go tlwaelana le seemo se sesha sa botshelo jwa gago.

^ ser. 10 Le fa gone bojalwa bo ka thusa go kokobatsa botlhoko jwa go tlhokafalelwa, melemo ya gone ke ya nakwana. Fa nako e ntse e tsamaya, bojalwa bo ka se go thuse go lebana le khutsafalo ya gago mme bo ka go tshwakgola.

^ ser. 16 E re ka motho mongwe le mongwe a hutsafala ka tsela e e farologaneng, ditsala le ba losika ga ba a tshwanela go leka go dira gore motho yo o hutsafetseng a dire dilo go ya ka tsela e ba batlang ka yone.—Bagalatia 6:2, 5.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso ka boemo jwa baswi le ka tsholofetso ya Modimo ya go tsosa baswi, bona dikgaolo 6 le 7 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Le fa ke ne ke hutsafetse, ke ne ke tsaya Baebele mme ke bo ke bala le fa e le temana e le nngwe fela”—Lauren

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  7]

GO LEPALEPANA LE GO IPONA MOLATO

Gongwe o akanya gore go sa nne kelotlhoko ga gago go nnile le seabe mo losong lwa motho yo o mo ratang. Go lemoga gore o ikutlwa molato—o ka tswa o go akanyetsa kgotsa go le boammaaruri—ke boikutlo jo bo tlwaelegileng jwa go hutsafala mme bo ka go thusa. Le mo maemong ano, ga go tlhokege gore o tile go bolelela ope malebana le kafa o ikutlwang ka teng. Go bua ka tsela e o ikutlwang molato ka yone go ka go thusa go ntsha kutlobotlhoko ya gago.

Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore, le fa re ka tswa re rata motho yo mongwe go le kana kang, re ka se ka ra laola botshelo jwa gagwe e bile re ka se ka ra thibela “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” go wela batho ba re ba ratang. (Moreri 9:11) Gone mme, ga go na pelaelo gore maitlhomo a gago a ne a se bosula. Ka sekai, a go bo o sa mo isa kwa ngakeng ka bonako, o ne o ikaeletse gore motho yo o mo ratang a lwale le gore a tlhokafale? Le e seng! Ka jalo, a tota o na le molato wa go baka loso lwa gagwe? Nnyaa.

Mmè mongwe o ne a ithuta go lebana le boikutlo jwa go ipona molato fa morwadie a sena go tlhokafala mo kotsing ya koloi. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka ikutlwa molato go bo ke ne ke mo romile. Mme ke ne ka lemoga gore ke boeleele go ikutlwa jalo. Go ne go se phoso go mo roma le rraagwe gore ba ye go dira sengwe. E ne e le fela kotsi e e maswe.”

O ka nna wa re: ‘Mme go na le dilo di le dintsi tse ke eletsang e kete nkabo ke di buile kgotsa ke di dirile.’ Ke boammaaruri mme ke mang mo go rona yo o ka reng o nnile rre, mmè kgotsa ngwana yo o sa direng diphoso dipe? Baebele e re gakolola jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jakobe 3:2; Baroma 5:12) Ka jalo, amogela lebaka la gore ga o a itekanela. Go nna o akanya ka “bo nkabo” ga go kitla go fetola sepe mme go ka nna ga diegisa go gomotsega ga gago. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 36 Mafoko a a mo lebokosong leno a tswa mo boroutšhareng jwa setlhogo se se reng, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ka dinako tse dingwe motsadi yo o godileng yo o hutsafetseng o tshwanetse go gomotsa ngwana wa gagwe yo o godileng yo o hutsafetseng

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Go nna le tayari, go lebelela ditshwantsho le go amogela thuso ke ditsela tse di ka go thusang go lepalepana le go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang