Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

Baebele ya Reng

A Modimo o Gongwe le Gongwe?

BATHO ba le bantsi ba dumela gore Modimo o fitlhelwa gotlhe, mo go rayang gore o gongwe le gongwe e bile o mo go sengwe le sengwe ka tsela ya mmatota. Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a kopa Jehofa jaana ka thapelo: “E kete o ka utlwa o le kwa magodimong, lefelo la gago le le tlhomameng la bonno.” (1 Dikgosi 8:30, 39) Ka jalo, go ya ka Baebele, Jehofa Modimo o na le lefelo le a nnang mo go lone. Solomone o ne a re lefelo leo ke “magodimo.” Mme seo se kaya eng?

Ka dinako tse dingwe, Baebele e dirisa lefoko “legodimo” le “magodimo” fa e bua ka lobopo lo re lo bonang lo lo dikologileng lefatshe. (Genesise 2:1, 4) Le fa go ntse jalo, e re ka Modimo a bopile dilo tsotlhe, lefelo la gagwe la bonno le tshwanetse la bo le nnile teng pele ga a bopa lobopo. Ka gone, Modimo o tshwanetse a bo a nna kwa lefelong le le sa dirwang ka dilo tse di bonwang ka matlho. Ka jalo, fa Baebele e bolela gore legodimo ke bonno jwa ga Jehofa Modimo, ga e reye gore o nna kwa loaping kgotsa kwa lefaufaung mme e raya lefelo la moya.

Ponatshegelo e e Kgatlhang

Baebele e re naya tlhaloso e e kgatlhang ya kafa lefelo la bonno la ga Jehofa le lebegang ka teng mo ponatshegelong e e neng ya bontshiwa moaposetoloi Johane. Mo ponatshegelong eo, Johane o ne a bona kgoro e e bulegileng kwa magodimong mme a utlwa lentswe le bua le ene le re: “Tlhatlogela kwano.”—Tshenolo 4:1.

Go tswa foo, Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo e e kgatlhang ya ga Jehofa Modimo ka boene. Bontlhanngwe jwa se a se boneng ke seno: “Setulo sa bogosi se ne se le mo mannong a sone kwa legodimong . . . Yo o ntseng, ka ponalo, o tshwana le leje la jasepere le leje la botlhokwatlhokwa la mmala o mohibidu, mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le motshe wa godimo o o tshwanang le emeraleda ka ponalo. . . . Mo setulong sa bogosi go tswa dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru . . . Mme fa pele ga setulo sa bogosi go na le, jaaka e kete e ne e le lone tota, lewatle la sekagalase le tshwana le legweka.”—Tshenolo 4:2-6.

Eno ke tlhaloso e e utlwalang sentle ya bontle jo bo jesang kgakge le e e bontshang tlotlomalo ya ga Jehofa e e ka se kang ya bapisiwa le sepe. Mme ela tlhoko tikologo e e dikologileng setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Motshe wa godimo o emela tshisibalo le kagiso. Dikgadima, mantswe le ditumo tsa maru di gatelela maatla a Modimo. Lewatle la sekagalase le emela go nna phepa ga batho botlhe ba Modimo a ba tsayang ba siame.

Le fa setshwantsho se se bontshitsweng fano e le tshwantshetso fela, se re bolelela go le gontsi ka lefelo la Modimo la bonno. Jehofa o na le thulaganyo e e feletseng kwa legodimong. Lefelo la gagwe la bonno ga le a tlhakatlhakana.

A o Mo Mafelong Otlhe ka Dinako Tsotlhe?

Lebaka la go bo Jehofa a na le lefelo la bonno le bontsha gore ga a mo mafelong otlhe ka dinako tsotlhe. Ka gone he, a ka kgona jang go bona se se diragalang? (2 Ditiragalo 6:39) Tsela nngwe e a kgonang go dira seno ka yone ke ka go dirisa moya wa gagwe o o boitshepo kgotsa maatla a gagwe a a dirang. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Nka ya kae ke tswa mo moyeng wa gago, mme nka tshabela sefatlhego sa gago kae? Fa nka tlhatlogela kwa legodimong, o ne o tla nna teng koo; le fa nka tsharolola sekanamelo sa me kwa Sheole, bona! o ne o tla nna teng koo.”—Pesalema 139:7-10.

Go tlhaloganya kafa moya o o boitshepo wa Modimo o kgonang go fitlhelela gongwe le gongwe ka teng, akanya ka letsatsi. Le eme mo lefelong le le lengwe mme maatla a lone a kgona go fitlhelela karolo e kgolo ya lefatshe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa Modimo o na le lefelo la bonno. Mme o kgona go dira sengwe le sengwe se a se ratang, a dira jalo gongwe le gongwe mo lobopong. Mo godimo ga moo, Jehofa a ka kgona go dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go bona se se diragalang gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe. Ka jalo, 2 Ditiragalo 16:9 ya re: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”

Gape Modimo o laola phuthego ya dibopiwa tsa moya tse di bidiwang baengele. Baebele e bontsha gore palo ya dibopiwa tseo e ka nna dimilione di le makgolokgolo—gongwe e le dibilione kgotsa go feta. * (Daniele 7:10) Baebele e na le dipego di le dintsi tse mo go tsone baengele ba neng ba nna baemedi ba Modimo mme ba tla mo lefatsheng ba tla go bua le batho ba bo ba boa ba ya go begela Modimo. Ka sekai, mo motlheng wa ga Aborahame, baengele ba ne ba batlisisa ngongorego e e kgatlhanong le Sodoma le Gomora. Go bonala Modimo a ile a swetsa ka gore a senye metse eo morago ga gore a amogele pego ya baengele bao.—Genesise 18:20, 21, 33; 19:1, 13.

Ka jalo, Baebele e bontsha gore ga go tlhokege gore Jehofa Modimo a nne gongwe le gongwe ka tsela ya mmatota. Ka go dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le baengele ba gagwe, o itse sentle gore go diragala eng ka popo ya gagwe.

Ga go na pelaelo gore Baebele e ka re thusa go itse Mmopi wa rona botoka. Mo go yone, re ithuta gore Modimo o nna kwa lefelong le le tlhomameng le le bidiwang legodimo, lefelo la moya le le kgakala le magodimo a re a bonang ka matlho. Gape go na le dimiriate tsa dibopiwa tsa moya tse di maatla tse le tsone di nnang kwa lefelong la moya. Mme bonno jwa gagwe bo na le tshisibalo, maatla le boitsheko. Baebele e re tlhomamisetsa gore ka nako e Modimo a e tlhomileng, batho ba tla itumelela go tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso e e tshwanang le e e kwa magodimong.—Mathaio 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Tshenolo 5:11 e tlhalosa ka “dimiriate tsa dimiriate” tsa baengele ba ba dikologileng setulo sa bogosi sa Modimo. Miriate o le mongwe ke 10 000. Fa miriate o atisiwa ka miriate o le mongwe (10 000 x 10 000) ke dimilione di le 100. Le fa go ntse jalo, temana eno e dirisa lefoko “dimiriate tsa dimiriate” e le go bontsha gore go ka tswa go na le dibilione di le dintsintsi tsa dibopiwa tsa moya.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● A Modimo o gongwe le gongwe?—1 Dikgosi 8:30, 39.

● Moya wa Modimo o kgona go fitlha bokgakaleng jo bo kana kang?—Pesalema 139:7-10.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Letsatsi le ntse mo lefelong le le lengwe mme maatla a lone a kgona go fitlhelela karolo e kgolo. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o na le lefelo le a nnang mo go lone mme moya wa gagwe o o boitshepo o kgona go ya gongwe le gongwe mo a batlang gore o ye gone mo lobopong