Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala Genesise 13:5-17. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa setshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o se tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

[Setshwantsho]

(Leba kgatiso)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Go ne ga tsoga kganetsano efe fa gare ga ga Lote le Aborahame le fa gare ga badisa ba diruiwa tsa bone? Le fa a ne a na le tshwanelo, Aborahame o ne a dira jang gore go nne le kagiso?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Genesise 13:7-9.

A Aborahame o ne a tshwarela Lote sekgopi?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Genesise 14:12-16.

Aborahame o ne a duelwa jang ka ntlha ya go bontsha dinonofo tsa bomodimo?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Genesise 13:14-17.

O ka bontsha jang gore o motho yo o dirang kagiso?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Bakorintha 13:4, 5; Jakobe 3:13-18.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

A sa bue sepe, leloko lengwe la lelapa le ka tshameka karolo nngwe ya batho ba ba mo pegong e e fa godimo ya Baebele. Ba bangwe mo lelapeng ba tshwanetse go fopholetsa gore motho yo a mo etsang ke mang.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 5 ABORAHAME

DIPOTSO

A. Aborahame o ne a na le dingwaga di le kae fa morwawe e bong Isake a ne a tsholwa?

B. Jehofa o ne a solofetsa Aborahame eng?

C. Tlatsa diphatlha tseno. Ka ntlha ya tumelo ya gagwe e kgolo le ditiro tsa gagwe, Aborahame o ne a bidiwa ․․․․․.

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1900 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

O ne a fuduga go tswa kwa Ure go ya Kanana

Ure

Harana

KANANA

ABORAHAME

DINTLHA KA GA GAGWE

Monna yo o ikanyegang yo o ileng a tlogela motse o o humileng wa Ure gore a diragatse thato ya ga Jehofa, le fa a ne a sa itse gore o tla nna kae. (Bahebera 11:8-10) Ka metlha o ne a ruta ba lelapa la gagwe gore ba “boloke tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamo.” (Genesise 18:19) Baebele e mmitsa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”—Baroma 4:11.

DIKARABO

A. Dingwaga di le lekgolo.—Genesise 21:5.

B. Batho ba ditšhaba tsotlhe ba ne ba tla itshegofatsa ka losika lwa gagwe.—Genesise 22:16-18.

C. “Tsala ya ga Jehofa.”—Jakobe 2:21-24.

Batho le Dinaga

3. Maina a rona ke Rahela le Andrei. Bobedi jwa rona re na le dingwaga di le supa mme re nna kwa Romania. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Romania? A ke ba le 38 600, 68 300 kgotsa 83 600?

4. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Romania.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 11

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Kgomo.

2. Nku.

3. 38 600.

4. C.