Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo se O se Buang se le Botlhokwa

Lebaka La go Bo se O se Buang se le Botlhokwa

Baebele ya Reng. . .

Lebaka La go Bo se O se Buang se le Botlhokwa

Morago ga gore tonakgolo e tlotle le mosadimogolo mongwe ka tsela e e maitseo—a sa lemoge gore sebuelagodimo se ne se sa ntse se bereka—o ne a re mosadimogolo yono o tlhogoethata a bo a ngongorega ka go re bathapiwa ba gagwe ba ka bo ba ile ba mo kgaphela kwa thoko. Batho ba le bantsi mo nageng eo ba ne ba gakgamaditswe ke tsela e a neng a tlhalosa mosadi yoo ka yone. E re ka seo se ile sa senya leina la gagwe, malatsi a le robedi moragonyana, tonakgolo eno e ile ya latlhegelwa ke maemo a gagwe mo ditlhophong tse di latelang.

GA GO na motho ope yo o ka kgonang go laola loleme la gagwe ka tsela e e feletseng. (Jakobe 3:2) Le fa go ntse jalo, se se diragetseng fa godimo se bontsha gore se o se buang se botlhokwa. Leina la gago, tiro ya gago, tota le e leng go atlega le go senyega ga kamano ya gago le batho ba bangwe go amiwa thata ke tsela e re buang ka yone.

Mme a o ne o itse gore mafoko a gago a dira se se fetang seo? Baebele e bontsha gore tota se o se buang se senola se o leng sone ka fa gare, motho yo tota o leng ene. Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) E re ka mafoko a gago a senola gore o motho wa mofuta mang, go akaretsa dilo tse o di akanyang le tsela e o ikutlwang ka yone, go botlhokwa gore o ele tlhoko thata tsela e o tlwaetseng go bua ka yone. A Baebele e ka go thusa? Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

Kafa o ka Tokafatsang Tsela e o Tlwaetseng go Bua ka Yone

Se o se buang se tswa mo go se o se akanyang. Gore o tokafatse tsela e o buang ka yone, o tlhoka go sekaseka le go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone. Jaanong ela tlhoko kafa go dirisa Lefoko la Modimo go ka tlhotlheletsang ka teng dikakanyo tsa gago tse di ka feleletsang di tlhotlheleditse le tsela e o buang ka yone.

Tlatsa pelo ya gago ka dilo tse di molemo. Baebele e tlhalosa dilo tseo tse di molemo ka go bolela jaana: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”Bafilipi 4:8.

Go latela kgakololo eo e e molemo go tla go thusa go tlogela go akanya ka dilo tse di sa siamang. Gakologelwa gore dilo tse o di akanyang di tlhotlhelediwa thata ke se o se bonang le se o se balang. Ka jalo, go tila dikakanyo tse di sa siamang le tse di seng phepa, tila dilo tse di ka nnang le tlhotlheletso e e sa siamang mo go wena. Seno se kaya go tila boitlosobodutu jo bo nang le thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. (Pesalema 11:5; Baefeso 5:3, 4) Go na le moo, tlhoma mogopolo mo dilong tse di phepa le tse di siameng. Baebele e ka go thusa go dira jalo. Ka sekai, bala Diane 4:20-27; Baefeso 4:20-32; le Jakobe 3:2-12. Bona kafa go dirisa melaometheo e e mo ditemaneng tseno go ka tokafatsang tsela e o buang ka yone. *

Tlhopha mafoko a gago sentle. Diane 12:18 ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” Fa e le gore o lemoga gore gantsi o ‘tlhaba’ kgotsa o utlwisa batho ba bangwe botlhoko, o tla bo o dira sentle go leka go akanya pele o bua. Tsaya tsia kgakololo e e molemolemo e e mo go Diane 15:28: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.”

Leka go ipeela mokgele. Mo kgweding e e latelang, ikemisetse gore o se ka wa bua selo se se tlang pele mo mogopolong wa gago, segolobogolo fa o galefile. Go na le moo, akanya ka ditemana tse di umakilweng mo setlhogong seno mme o akanyetse thata go leka go bua ka tsela e e botlhale, e e lorato le e e ritibetseng. (Diane 15:1-4, 23) Mme seo ga se gone fela.

Rapelela thuso ya Modimo. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a rapela jaana: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa.” (Pesalema 19:14) Dira gore Jehofa Modimo a itse ka keletso ya gago ya go batla go bua ka tsela e e mo itumedisang le e e dirang gore batho ba bangwe ba itumelele gore o nne gare ga bone. Diane 18:20, 21 ya re: “Dira mafoko a gago molemo—o tla itumelela go bo o dirile jalo. Mafoko a ka baka loso kgotsa botshelo!”—Contemporary English Version.

Dirisa Lefoko la Modimo jaaka seipone. Baebele e tshwana le seipone se o ka kgonang go itshekatsheka ka kelotlhoko mo go sone. (Jakobe 1:23-25) Ka sekai, fa o ntse o akanya ka melaometheo e meraro e e latelang ya Baebele, ipotse jaana, ‘Ke dira jang fa go tliwa mo dilong tse ke di buang ka kakaretso le kafa ke itsegeng ka gone?’

“Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) A o bua ka tsela e e bonolo le ya kagisano?

“A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” (Baefeso 4:29) A se o se buang se aga batho ba ba go reeditseng?

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) A o leka go dira gore se o tshwanelwang ke go se bua se nne sa bopelontle le gore batho ba bangwe ba itumelele go se utlwa, tota le fa o le mo maemong a a sa itumediseng?

Fa o baakanya diphoso tse o di bonang mo seiponeng, o tla amogelesega le go feta mo bathong ba bangwe e bile o tla ikutlwa botoka. O tla nna le melemo e e tshwanang fa o tokafatsa tsela e o buang ka yone ka go itebelela mo seiponeng sa Lefoko la Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 O ka nna wa bala Baebele mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Dilo tse o di buang di senola eng? —Luke 6:45.

● O tshwanetse go bua jang le batho ba bangwe?—Baefeso 4:29; Bakolosa 4:6.

● Ke dilo dife tse di mosola tse o ka di dirang go tokafatsa tsela e o buang ka yone?—Pesalema 19:14; Bafilipi 4:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Se re se buang se ama tsela e re itsegeng ka yone e bile se ama le kamano ya rona le batho ba bangwe