Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se se Botlhokwa go Gaisa Botshelo Jwa Rona Gone Jaanong

Sengwe se se Botlhokwa go Gaisa Botshelo Jwa Rona Gone Jaanong

Sengwe se se Botlhokwa go Gaisa Botshelo Jwa Rona Gone Jaanong

Jaaka go boletse Murat Ibatullin

Ka 1987, Lephata la Boitekanelo la Russia le ne la nthomela kwa Uganda, Afrika. Ke ne ke dirile tumalano ya go nna ngaka koo ka dingwaga di le nnè. Tota e bile, ke ne ke sa tlhole ke batla go boela kwa Russia mme ke ne ke solofetse go nna le maitemogelo a a tla nthusang go dira kwa dinageng tse di jaaka Australia, Canada kgotsa kwa United States of America. Mme ka 1991, dithulaganyo tsa me di ne tsa fetoga mme ka boela kwa Russia. Mma ke tlhalose gore ka ntlha yang.

K E TSHOTSWE ka 1953 kwa toropong ya Kazan’, motsemoshate wa Repaboliki ya Tatarstan kwa Russia Bogare. Batsadi ba me ke Ba-Tatar mme Ba-Tatar ba le bantsi ke Bamoseleme. Fa ke ne ke le ngwana, ke gakologelwa ke bona mmèmogolo le rremogolo ba khubame ba rapela Allah. Bana ba bone, go akaretsa le batsadi ba me, ba ne ba a tle ba re bolelele gore re se ka ra ba tshwenya le gore re tswe mo phaposing e ba leng mo go yone. Batsadi ba me ba ne ba re tsipela leitlho mme go lebega ba ne ba dira jalo ka go bo ba tlhabiwa ke ditlhong ka gonne e ne e le Bakomonisi e bile ba ipolela gore ke balatolamodimo.

Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè, ke ne ka tshwarwa ke pholio e e neng e le leroborobo la bofelo le le neng la tlhasela kwa Soviet Union. Ke gakologelwa gore fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke ya kwa dikokelong thata le kwa ditheong tsa kalafi go ya go tlhatlhobiwa. Ke gakologelwa rremogolo a nthapelela gore ke fole. Ke ne ke batla go nna le botsogo jo bo siameng fela jaaka bana ba bangwe, ka jalo, le fa ke ne ke golafetse mo leotong, ke ne ke tshameka kgwele ya dinao, hockey le metshameko e mengwe.

Fa ke ntse ke gola, ke ne ka eletsa go nna ngaka. Ke ne ke se motho wa bodumedi e bile ke ne ke se molatolamodimo. E ne e le fela gore ke ne ke sa nke ke akanya ka Modimo. Ka nako eo, ke ne ke bona diphoso ka kgopolo ya Bokomonisi mme gantsi ke ne ke ngangisana le rre le malome ka kgopolo eno. Malome e ne e le motlhatlheledi wa filosofi kwa yunibesithing mme rre o ne a direla State Security Committee (Komiti ya Sepodise ya Puso) e e bidiwang KGB. Fa ke fetsa sekolo sa bongaka, mekgele ya me e ne e le go nna ngaka e e nang le bokgoni mo karong ya thulaganyo ya ditshikana le go fudugela kwa nageng e sele.

Go Batla Botshelo jo bo Molemo

Ka 1984, ke ne ka wetsa dithuto tsa me tse di kwa godimo tsa go nna ngaka ya boboko. Mme ka 1987, ke ne ka romelwa kwa Uganda kwa bookelong jwa kwa Mulago. Ke ne ka fudugela kwa nageng eno e ntle le mosadi wa me e bong Dilbar le bana ba rona e bong Rustem le Alisa, ba ka nako eo yo mongwe a neng a le dingwaga di le supa mme yo mongwe a le dingwaga di le nnè. Tiro ya kwa kliniking e ne e le thata mme e ne e akaretsa go ara balwetse ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa HIV. Gantsi ke ne ke ya kwa dikliniking tse dingwe go ralala naga, ka gonne go ne go na le dingaka di le pedi fela tse di dirang karo mo thulaganyong ya ditshikana kwa Uganda.

Ka letsatsi lengwe, kwa lefelong le go rekisiwang dibuka gone kwa Uganda, nna le Dilbar re ne ra bona Baebele ya Se-Russia e le ka lekgetlho la ntlha. Re ne ra reka dikhopi di le mmalwa mme ra di romelela ditsala tsa rona kwa Soviet Union ka gonne go ne go le thata tota go reka Dibaebele koo ka nako eo. Re ne ra bala dikgaolo di sekae go tswa mo Baebeleng mme go ne go le thata go di tlhaloganya mo e leng gore go ise go ye kae, re ne ra tlogela go e bala.

Le fa go ntse jalo, ka dingwaga di le tharo, re ne re ya kwa dikerekeng tse di farologaneng kwa Uganda mme re leka go tlhaloganya gore batho ba koo ba dumela eng le gore ke eng se se neng se ba tlhotlheletsa mo botshelong. Ke ne ka swetsa gape gore ke ithute Koran ka puo ya ntlhantlha e e kwadilweng ka yone. Tota e bile, nna le Rustem re ne ra ikwadisetsa go ithuta Searabia. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, re ne re kgona go bua Searabia ka tsela e e tlwaelegileng e batho ba se buang ka yone.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, re ne ra kopana le banyalani bangwe ba barongwa ba ba rutang batho Baebele e bong Heinz le Marianne Wertholz ba ba neng ba tswa kwa Jeremane le Austria. Mo motlotlong wa rona wa ntlha, ga re a ka ra bua sepe ka bodumedi. Re ne re tshwana le Bayuropa bape fela ba ba kopaneng mo Afrika. Re ne ra ba botsa gore ke eng fa ba le mo Uganda mme ba ne ba re bolelela gore ke barongwa ba Basupi ba ga Jehofa le gore ba mo nageng eo go thusa batho go ithuta Baebele.

Ke ne ka gakologelwa gore fa ke ne ke le kwa khosong nngwe ya filosofi kwa yunibesithing e ke neng ke le kwa go yone kwa Russia, re ne ra bolelelwa gore Basupi ke lekoko le gore ba ntsha bana ba bone ditlhabelo mme ba bo ba nwa madi a bone. Ke ne ka bolelela Heinz le Marianne ka seno, ka gonne ke ne ke sa dumele gore ba ne ba ka letlelela selo se se ntseng jalo. Nna le Dilbar re ne ra amogela khopi ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mme ka bobedi jwa rona re ne ra bala dikarolo di le dintsi tsa yone mo diureng di sekae fela. Fa ke emisa go bala, ke ne ka botsa Dilbar gore o ikutlwa jang mme o ne a mpolelela gore o kgatlhilwe thata ke se a se balang mo e leng gore o ne a gamaregile! Ke ne ka mmolelela gore le nna ke ikutlwa jalo.

Morago ga foo, re ne re tlhoafaletse go bua le Heinz le Marianne gape. Fa re kopana le bone, re ne ra tlotla ka dikgang tse dintsi. Se re neng ra se ithuta mo Baebeleng se ne sa ama dipelo tsa rona le go feta. Go ne ga re rotloetsa go bolelela ditsala tsa rona le batho ba re berekang le bone ka se re se ithutileng. Batho bano ba ne ba akaretsa moemedi wa kwa Russia le moemedi wa puso ya Russia le dinaga tse dingwe le moemedi wa Vatican. Moemedi wa Vatican o ne a re gakgamatsa fa a re bolelela gore Tesetamente e Kgologolo ke “tlhamane fela.”

Go Boela Kwa Nagagaeng ya Rona

Kgwedi pele ga re boela kwa Russia ka 1991, nna le Dilbar re ne ra swetsa ka gore re nne Basupi ba ga Jehofa. Re ne re akanya gore fa re boela kwa Kazan’, ka bonako fela re tla tswelela go ya dipokanong. Mme re ne ra tshoga fa mo dikgweding di le tharo re ne re sa kgone go bona Holo ya Bogosi mme gape re sa kgone go bona ope wa badumedi ka rona! Ka jalo, re ne ra swetsa ka gore re dire tiro ya ntlo le ntlo e re ka e le selo se Basupi ba ga Jehofa ba tlwaetseng go se dira go ralala lefatshe, tota le fa seo se ne se raya gore re dire jalo re le babedi fela. Seno se ne sa felela ka gore re simolole dithuto tsa Baebele di le mmalwa, go akaretsa le go ithuta le mosadi mongwe yo moragonyana a neng a nna Mosupi.

Morago ga seno, re ne ra etelwa ke Mosupi mongwe yo o godileng, yo o neng a filwe aterese ya rona ke Basupi ba kwa Uganda. Go tswa foo, re ne ra simolola go kopana le setlhopha sa batho ba le 15 ba ba neng ba tshwara dipokano mo foleteng e e nang le phaposi e le nngwe e nnye. Heinz le Marianne ba ne ba nna ba ikgolaganya le rona ba bo ba tla go re etela kwa Kazan’. Moragonyana, re ne ra ba etela kwa Bulgaria, e leng naga e nngwe e ba neng ba romelwa kwa go yone mme e sa ntse e le barongwa kwa go yone go fitlha gompieno.

Nagagae ya Gaetsho e Nna le Matswela a a Molemo

Nako le nako fa ke nna le tshono, ke bolelela badiri ka nna ka boammaaruri jwa Baebele kwa dikokelong tse ke berekang kwa go tsone kwa Russia. Fa nako e ntse e tsamaya, ba le bantsi ba ne ba amogela boammaaruri mme ba nna Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le ba le mmalwa ba ba mo go tsa kalafi. Ka 1992, ngwaga morago ga o re gorogileng ka one, setlhopha sa Basupi se se kwa Kazan’ se ne sa oketsega go nna batho ba le 45; mme ngwaga o o latelang sa oketsega go nna batho ba ba fetang 100. Gompieno kwa Kazan’, go na le diphuthego di le supa tsa Basupi—di le tlhano ke tsa puo ya Se-Russia, e le nngwe ke ya Se-Tatar mme e nngwe ke ya puo ya diatla. Gape go na le ditlhopha tsa puo ya Se-Armenia le tsa Seesemane.

Ka 1993, ke ne ka ya kwa khonferenseng ya kalafi kwa New York City, kwa ke neng ka nna le tshono ya go bona ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn. Ke ne ka kopana le Lloyd Barry, yo o neng a thusa go rulaganya tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe. Le fa a ne a tshwaregile thata, o ne a ipha nako ya go bua le nna.

Re ne ra tlotla ka tlhokego ya dikgatiso tsa Baebele ka puo ya Se-Tatar. Dingwaga moragonyana, go ne ga rulaganngwa setlhopha sa thanolo sa puo ya Se-Tatar kwa Russia mme dikgatiso tsa Se-Tatar di ne tsa simolola go nna teng. Mme fa nako e ntse e tsamaya, abo re ne ra itumela jang ne, fa re ne re simolola go amogela Tora ya Tebelo ka metlha, e leng makasine o o diretsweng go ithuta Baebele! Go ise go ye kae morago ga foo, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya puo ya Se-Tatar.

Go Dirisa Mekgwa ya go Thibela go Dutla Madi Thata

Ke tshegetsa melao yotlhe ya boitsholo ya Modimo, e e akaretsang molao o o fitlhelwang mo go Ditiro 15:20 o o laelang batlhanka ba Modimo gore ba “ithibe . . . mo mading.” Temana ya 29 e oketsa ka go re batlhanka ba Modimo ba tshwanetse “go nna [ba] ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong.”

Ka jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba batla thuso ya kalafi, ba kopa dingaka go tlotla tsela e ba ikutlwang ka yone ka kalafi e mo go yone go sa dirisiweng madi. Ke ne ka bereka ka nakwana le Komiti ya Puisano le Dikokelo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kazan’. * Ka 1997, fa Pavel yo o neng a na le ngwaga fela, yo o tswang kwa toropong ya Novosibirsk, a ne a tlhoka go ariwa ka bonako, mmaagwe o ne a ikgolaganya le rona gore re mo thuse. Ka nako eo, go ne go na le dingaka di le mmalwa fela tse di nang le bokgoni tse di neng di ikemiseditse go ara kwantle ga go tshela madi kwa Russia. Re ne ra dumela go mo thusa go batla ngaka e e tla dirisang mekgwa e mengwe ya kalafi.

Go ise go ye kae, re ne ra bona kliniki ya karo ya pelo kwa Kazan’ e dingaka tsa yone di ileng tsa dumela go ara Pavel yo mmotlana. Ka March 31, 1997, dingaka di ne tsa dira karo e e atlegileng e go sa dirisiweng madi mo go yone go baakanya bothata jo bo masisi jwa pelo jo bo bidiwang tetralogy of Fallot. Ka April 3, lokwalodikgang lwa Vechernyaya Kazan lo ne lwa bega jaana: “Mosimane yo mmotlana o siame mme ga a tlhole a tlhoka melemo ya pelo . . . Mmaagwe Pavlik [e leng leina la go reta Pavel] o ne a kgona go wela makgwafo ka lekgetlho la ntlha mo dikgweding di le 11.” Mo nakong e khutshwane morago ga karo, Pavel o ne a tokafala mme a simolola go tsaya dikgato tsa gagwe tsa ntlha mo diphashiting tsa kokelo.

Gone jaanong Pavel o na le botsogo jo bo siameng mme o tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. O rata go thuma, go relela mo aeseng le go tshameka kgwele ya dinao. O mo grade ya borobedi kwa sekolong mme ene le mmaagwe ba kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya Novosibirsk. Morago ga tiragalo eno, dingaka kwa go yone kliniki eno di ne tsa ara balwetse ba Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ba tshwerweng ke pelo ka katlego kwantle ga go dirisa madi. Go dirwa kgatelopele e kgolo kwa Tatarstan mme go ara kwantle ga go dirisa madi go setse go tlwaelegile.

Tiro ya me Gompieno

Nna le mosadi wa me mmogo le Basupi ba bangwe, re bereka mo kliniking e go dirisiwang didirisiwa tsa botegeniki tsa maemo a a kwa godimo, go thusa balwetse ba ba nang le mathata a thulaganyo ya ditshika le a pelo. Re dira dikaro tse di farologaneng, segolobogolo mo balwetseng ba ba batlang kalafi e mo go yone go dirisiwang mokgwa wa go thibela go dutla madi thata. Ke moitse wa diekeserei tsa thulaganyo ya ditshikana mme ke tsweletsa kgatlhego ya me mo karong ya mo thulaganyong ya ditshikana e mo go yone go sa dirisiweng madi mme e se karo e go dirisiwang didirisiwa tse di tsenang mo mmeleng. Jaaka porofesa ya Department of Neurology and Neurosurgery kwa Kazan’ State Medical University, ke tlhatlhelela baithuti le dingaka mme ke leka go ba thusa go bona melemo ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone. *

Mosadi wa me o bereka le nna mo kliniking mme ke moitse wa ditshwantsho tsa ultrasound. Re itumelela tiro ya rona ka gonne re kgona go thusa batho. Mme re nna le kgotsofalo e kgolo ka ntlha ya go bona kafa boammaaruri jwa Baebele bo fodisang batho semoyeng ka teng. Re itumelela go bolelela batho ka tsholofelo ya Modimo ya gore go ise go ye kae mo lefatsheng, “ga go na mmoni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 23 Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo ke ditlhopha tsa Basupi ba ga Jehofa tse di thusang dikokelo le balwetse go dirisana mmogo fa kgang ya go tshelwa madi e nna bothata.

^ ser. 27 Mekgwa ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone ke kalafi e e dirisiwang mo boemong jwa go tshelwa madi. E re ka go na le dikotsi tse dintsi tse di amanang le go tshelwa madi, kalafi le karo e go sa dirisiweng madi mo go yone e simolola go dirisiwa thata go ralala lefatshe. Go tshelwa madi go na le kotsi ya go tsenwa ke mogare wa HIV le megare e mengwe mmogo le gore mmele o tsibogele melemo ka tsela e e sa siamang.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke le ngaka kwa Afrika

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa nna le mosadi wa me re ne re simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ka 1990

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke tlotla le Lloyd Barry ka nako ya fa ke etetse kwa Brooklyn, New York, ka 1993

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Pavel le mmaagwe gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke le mo bodireding le mosadi wa me e bong Dilbar