Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba Botsa Jaana

Nka Dira Jang Gore ke Kgatlhe Batho ka Lekgetlho la Ntlha?

Nka Dira Jang Gore ke Kgatlhe Batho ka Lekgetlho la Ntlha?

“Puisano eno ya tiro e tsamaya sentle! Mothapi wa me wa isagwe o tshwanetse a bo a lemoga gore ke ritibetse; sale ke mmitsa ka leina la gagwe fa ke tsena fela ka kgoro. Ke a itse gore o tla nthapa!”

“A ke lone lekawana le le nthomeletseng lekwalo le le kgatlhang lele la go batla tiro? Ruri nka se thape motho yo o ntseng jaana! Fa e le gore o itshwara jaana a ise a bone tiro, o tla itshwara jang fa a setse a e bone?”

Lebelela setshwantsho seno mme o bo o bala mokwalo o o fa godimo. A o ka kgona go bona ditsela tse tharo tse ka tsone motho yo o batlang tiro a dirang gore mothapi a nne le boikutlo jo bo sa siamang ka ene?

  1. ․․․․․

  2. ․․․․․

  3. ․․․․․

Dikarabo di fa tlase

1. Lekawana leno le apere ka tsela ya go latlhelela diaparo fela fa a ya kwa puisanong ya go batla tiro. 2. Tsela e a buang ka yone (a bitsa mothapi ka leina la gagwe) e supa go mo tlwaela ka tsela e e feteletseng. 3. Tsela e a itshikinyang mmele ka yone e supa gore ga a na maitseo.

AKANYA o latswa dijo tse di rileng ka lekgetlho la ntlha. Go go tsaya nako e kana kang go itse gore a o a di rata? Go ja go sekaenyana fela go tla bo go lekane gore o tle o itse gore a o tla tsamaya o ja dijo tseo gape—kgotsa gore a o tla kgona le go fetsa dijonyana tse di fa pele ga gago.

Go direga sengwe se se tshwanang fa o kopana le motho yo mongwe ka lekgetlho la ntlha. Ka nakonyana eo fela, o nna le boikutlo jo bo rileng ka motho yoo. Mme ntlha e o ka akanyang ka yone ke eno: Ka yone nako eo, motho yoo le ene o nna le boikutlo jo bo rileng ka wena.

A o batla tiro? tsala? molekane wa lenyalo? Gore o atlege go ikaegile ka gore o dira gore batho ba ikutlwe jang ka wena mo lekgetlhong la ntlha fa ba kopana le wena. Mma re sekaseke dikarolo di le tharo tse mo go tsone o ka nnang wa tlhoka go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go dira ditsala, gore se ba se bonang se ba kgatlhe.

1. Tsela e o Lebegang ka Yone

Go ka tswa go siame kgotsa go sa siama, tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka wena ka yone fa ba go bona ka lekgetlho la ntlha e ka tswa e ikaegile ka selo sa ntlha se ba se bonang, tebego ya gago. Gantsi re itlhokomolosa karolo eno ya go kgatlha batho ba bangwe ka lekgetlho la ntlha. Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Clarissa * a re: “Mo malatsing ano, fa o ya resetšhurenteng, go lebega o sa itse gore a batho ba tla bo ba apere diaparo tse di nang le seriti kgotsa ba tla bo ba ikaparetse diaparo tse ba robalang ka tsone!”

Gone ke boammaaruri gore se o se aparang se tshwanetse sa tshwanela tiragalo le lefelo le o leng kwa go lone. Ka sekai, o ka se ka wa apara diaparo tse o di aparang fa o nna le puisano ya tiro fa o ya kwa lewatleng! Mme go tweng fa e le gore tota ga o tlhomamisege gore o apare eng? Selo se se botlhokwa ke go bontsha gore o akanya sentle ka go tila go feteletsa dilo. Fa o sa tlhomamisega, go botoka gore o apare sengwe se se tla tshwanelang maemo otlhe.

GAKOLOGELWA SENO! Fela jaaka setshwantsho sa ekeserei, tsela e o aparang le e o ipaakanyang ka yone, e ka senola se o leng sone ka fa teng.

“Fa ke bona batho kwa kokoanong nngwe mme ba apere ka tsela e e sa tlwaelegang, ke tila go kopana le bone. Ka nako eo, se ke se itseng fela ka bone ke kafa ba lebegang ka teng mme tsela e ba apereng ka yone e dira gore ke se ka ka nna le boikutlo jo bo siameng ka bone.”—Diane.

Baebele e akantsha “diaparo tse di rulagantsweng sentle” tse di bontshang gore o na le “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”—1 Timotheo 2:9.

Ipotse jaana: ‘A se ke se apereng se lebega se rulagantswe sentle kgotsa a se botlhaswa? A motho yo e ka nnang mothapi wa me, tsala ya me kgotsa molekane wa me wa lenyalo a ka swetsa ka gore ga ke ‘a itekanela mo mogopolong’ ka ntlha ya tsela e ke aparang ka yone?’

Kakantsho: Kopa kgakololo mo mothong yo wena o tlotlang tsela e ntle e a aparang ka yone.

2. Se o Se Buang

Tsela e o buang ka yone e senola gore a o ikokobeditse kgotsa a o mabela, a o motho yo o ritibetseng kgotsa a o motho yo o mafega. Gakologelwa seo fa o leka go kgatlha motho wa bong bo sele ka lekgetlho la ntlha. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Valerie a re: “Go ntena tota fa ke tlotla le lekawana mme a bo a ntse a bua fela ka ene.” O oketsa jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe, basimane bangwe ba batla go itse sengwe le sengwe ka wena fa ba kopana le wena ka lekgetlho la ntlha. Seo se imetsa motho mme se dira gore mosetsana a ikutlwe e kete a ka tshabela go sele.”

GAKOLOGELWA SENO! Mafoko a gago ke tsela e batho ba ka kgonang go bona gore tota o ntse jang—ka jalo, tlhomamisa gore se ba se bonang se a kgatlha!

“Fa ke kopana le lekawana, ke rata gore a nne se tota a leng sone. Go kopana ga rona ka lekgetlho la ntlha go botlhokwa. Fa mosimane a tlhoka go akanyetsa se a tshwanetseng go se bua, go botoka gore a se ka a se bua.”—Selena.

Baebele ya re: “O tla bua sengwe se se sa siamang fa o bua thata—ka jalo, nna botlhale mme o ele tlhoko gore o bua eng.”—Diane 10:19, Contemporary English Version.

Ipotse jaana: ‘Nka nna tekatekano jang fa go tliwa mo kgannyeng ya go bua thata le go bua go le gonnye thata? A go na le sengwe se se ka tshosang kgotsa sa kgopisa batho ba bangwe malebana le tsela e ke buang ka yone?’

Kakantsho: Ela tlhoko batho ba go lebegang ba na le bokgoni jwa go tlotla. Ke ditsela dife tse ba di dirisang go dira gore motlotlo o tswelele pele? A o ka kgona go dirisa mokgwa o o tshwanang?

3. Kafa o Itshwarang ka Teng

Jaaka go a tle go bolelwe, se motho a se dirang se botlhokwa go na le se a se bolelang. Ka sekai, fa o na le maitseo, tsela e o itshwarang ka yone e “bolela” gore o tlotla batho ba bangwe. Eo ke ntlha e nngwe e o tshwanetseng go e gakologelwa fa o setse o batla molekane wa lenyalo. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Carrie a re: “Go dira dilo tse dinnye tse di jaaka go bulela motho lebati, go bontsha maitseo. Bontsi jwa dilo tseno ke go bontsha maitseo fela a a tlwaelegileng.”

GAKOLOGELWA SENO! Ditiro tsa gago di ntse jaaka lomati la phasalatso lo lo bontshang dinonofo tse o nang le tsone. (Diane 20:11) Ditiro tsa gago di “phasalatsa” eng ka wena?

“Ke akanya gore go nna moreetsi yo o molemo go botlhokwa. Gape, ke go bontsha maitseo go sa tsene motho yo mongwe mo ganong fa a bua, kwantle ga fa tota go tlhokega.”—Natalia.

Baebele ya re: “Tshwara batho ba bangwe ka tsela e o batlang gore ba go tshware ka yone.”—Luke 6:31, CEV.

Ipotse jaana: ‘A ke na le maitseo? A ke kgatlhegela batho ba bangwe ka tsela ya mmatota? A ke a ikanyega? A ke tshwara nako?’

Kakantsho: Rulaganya go fitlha bobotlana metsotso e le lesome pele ga nako e o tshwanetseng go dira sengwe ka yone gore fa go ka tlhaga maemo a o sa a lebelelang, o bo o sa ntse o ka kgona go fitlha ka nako. O se ka wa dira gore tsela e batho ba go lebang ka yone fa ba go bona ka lekgetlho la ntlha e nne ya gore o motho yo o fitlhang thari!

Tlhagiso: Go dira gore o kgatlhe batho ba bangwe ga go reye gore o tshwanetse go fitlha se o leng sone, e leng selo se tota se tla bong se raya gore o motho yo o tsietsang. (Pesalema 26:4) Go na le moo, leka go bona gore ke dinonofo dife tse o batlang go itsege ka tsone mme go tswa foo, o bo o leka go nna le tsone. (Bakolosa 3:9, 10) Fa o ntse o dira jalo, gakologelwa gore, ke wena yo o itirelang leina ka bowena. Go ela tlhoko thata tsela e o lebegang ka yone, tsela e o buang ka yone le tsela e o itshwarang ka yone, go tla dira gore ba bangwe ba nne le boikutlo jo bo siameng ka wena mo lekgetlhong la ntlha fa ba kopana le wena—jo bo tla nnelang ruri!

 

^ ser. 15 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.