Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Farologaneng?

A o ka kgona go bona dilo tse tharo tse di sa tshwaneng fa gare ga setshwantsho A le setshwantsho B? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa ditshwantsho tseno ka go di tsenya mebala.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 25:10-22.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

4. Ke setshwantsho sefe se se siameng, a ke setshwantsho A TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Letlole la kgolagano le ne le emela eng mo Baiseraeleng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 25:22; Lefitiko 16:2.

Ke eng se se neng se le botlhokwa go gaisa go nna gone ga Letlole?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Joshua 7:1-6, 11, 12.

Go nna kutlo go botlhokwa go le kana kang fa e le gore o batla go itumedisa batsadi ba gago le Jehofa?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 15:22, 23; Baefeso 6:1-3.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a dire dipatlisiso ka letlole la kgolagano. Morago ga moo, kopanang mme lo tlhalose gore lo ithutile eng. Ka sekai, fa nako e ntse e tsamaya, ke dilo dife tse di ileng tsa bolokiwa mo teng ga Letlole? Di toroweng mme lo bo lo tlotla ka botlhokwa jwa tsone.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bahebera 9:4.

Letlole le ne le tshwanetse go rwalwa jang? Go ne ga diragala eng fa Dafide a ne a sa ikobele ditaelo tsa ga Jehofa tsa go rwala Letlole?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 37:5; 1 Ditiragalo 13:7, 9-14; 15:12-15.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 6 ABELE

DIPOTSO

A. Ke mang yo o bolaileng Abele?

B. Jehofa o ne a leba jang Abele le setlhabelo sa gagwe?

C. Tlatsa phatlha eno. Abele e ne e le ․․․․․.

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 3900 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

A ke tshimo ya Edene?

O ne a nna ka kwa ntle ga tshimo ya Edene

ABEL

DINTLHA KA GA GAGWE

Morwa wa bobedi wa ga Adame le Efa le monna wa ntlha wa tumelo yo o umakiwang mo Baebeleng. Abele o ne a itshupa a batla go amogelwa ke Modimo ka go ntsha setlhabelo se se amogelesegang. Le fa gone go sa kwalwa sepe mo Baebeleng malebana le se Abele a se buileng, sekao sa gagwe le tumelo ya gagwe ke sekao mo go rona.—Genesise 4:1-11; Bahebera 11:4.

DIKARABO

A. Morwarraagwe e bong Kaine. —1 Johane 3:11, 12.

B. “Ka kamogelo.”—Genesise 4:4.

C. Modisa.—Genesise 4:2.

Batho le Dinaga

5. Maina a rona ke Dean yo o nang le dingwaga di le lesome le Jennifer yo o nang le dingwaga di le supa. Re nna kwa Australia. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Australia? A ke ba le 36 400, 63 400 kgotsa ba le 93 400?

6. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana nang le Australia.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 15

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1.Go tlhaela dikota le mehiri.

2. Diphuka tsa ditšheruba di tshwanetse tsa bo di tšharolotswe mo godimo ga sekhurumelo.

3. Difatlhego tsa ditšheruba di tshwanetse go leba mo sekhurumelong.

4. B.

5. 63 400.

6. C.