Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Mafelo a go Ikgolaganya le Batho mo Internet?—Karolo 1

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Mafelo a go Ikgolaganya le Batho mo Internet?—Karolo 1

Basha ba Botsa Jaana

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Mafelo a go Ikgolaganya le Batho mo Internet?—Karolo 1

“Ke na le ditsala kwa dinageng tse dingwe mme tsela e e molemo ya go ikgolaganya le bone ke ka go bua le bone mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet. Ke rata go bo ke kgona go bua le bone le fa ba le kgakalakgakala le nna.”—Sue, 17. *

“Ke akanya gore go dira ditsala mo Internet ke go senya nako, ga se tsela e e molemo ya go dira ditsala. Go bua le motho lo lebane difatlhego ke yone fela tsela ya go boloka botsala.”—Gregory, 19.

KE KAKGELO efe mo go tse di fa godimo tseno e e bontshang thata kafa wena o ikutlwang ka teng? Le fa karabo ya gago e ka nna efe, boammaaruri ke gore: Mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet a setse a itsege thata. * Akanya ka seno: Go tsere dingwaga di le 38 gore batho ba le dimilione di le 50 ba dirise radio, thelebishine yone e tsere dingwaga di le 13 gore e dirisiwe ke palo ya batho ba ba kalo mme Internet yone e tsere dingwaga di le nnè fela gore e dire jalo. Lefelo la go dira ditsala mo Internet e leng Facebook le ne la kwadisa batho ba le dimilione tse di fetang 200 mo ngwageng o le mongwe bosheng jaana!

Tshwaya mafoko a a latelang gore a ke boammaaruri kgotsa ke maaka:

Batho ba le bantsi ba ba dirisang mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet ke basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome. ․․․․․ Boammaaruri ․․․․․ Maaka

Karabo: Maaka. Mo e ka nnang batho ba le bararo ba ba dirisang mafelo a a itsegeng a go ikgolaganya le batho mo Internet, ba le babedi mo go bone ba na le dingwaga di le 25 kgotsa go feta. Ka 2009, palo e kgolo ya batho ba ba ileng ba ikwadisa e ne e le ya batho ba ba dingwaga tse di kwa godimo ga 55!

Le fa go ntse jalo, dimilione tsa basha di dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet mme bangwe ba tlhophile go dirisa one mokgwa ono go buisana le batho ba bangwe. Mosha mongwe yo o bidiwang Jessica a re: “Ke ne ka tswala aterese ya me e ke ikgolaganyang le ditsala tsa me ka yone mo Internet mme ke ne ka e bula gape ka gonne go ne go se na ope yo o nteletsang mogala. Go nna e kete batho ba lebala ka wena fa o se mo atereseng ya Internet ya go dira ditsala!”

Ke eng se se dirang gore batho ba kgatlhegele mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet? Karabo e motlhofo: Ka tlholego fela batho ba na le keletso ya go ikgolaganya le batho ba bangwe. Mme mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet a ba thusa go dira sone seo. A re sekasekeng mangwe a mabaka a a ka tswang a dira gore batho ba le bantsi ba ikwadise mo go one.

1. E tlhofofatsa dilo.

“Go ikgolaganya le ditsala tsa gago go ka nna thata mme fa botlhe ba le mo atereseng e le nngwe ya go dira ditsala mo Internet, go nna motlhofo!”—Leah, 20.

“Nka kwala sengwe fela se ke batlang go se bua mme go bo go nna e kete ke romeletse mongwe le mongwe wa ditsala tsa me molaetsa ka nako e le nngwe.”—Kristine, 20.

2. Kgatelelo ya balekane.

“Gantsi go nna le mongwe yo o nkopang gore ke nne tsala ya gagwe mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet mme ga ke kgone, ka gonne ga ke a ikwadisa mo go lone.”—Natalie, 22.

“Fa ke bolelela batho gore ke sweditse ka gore ke se ka ka ikwadisa mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet, ba nteba ba nkgakgamaletse e kete ba botsa go re, ‘Bothata jwa gago ke eng?’”—Eve, 18.

3. Kgatelelo ya metswedi ya tshedimosetso.

“Go na le kgopolo e e rotloediwang ke metswedi ya tshedimosetso ya gore fa o sa dirise mefuta e e farologaneng ya metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki go ikgolaganya le batho, o ka se nne le ditsala. Mme fa o se na ditsala, go ntse jaaka e kete ga o na botshelo. Ka jalo, fa o sa dirise mafelo a go dira ditsala mo Internet, ga o motho wa sepe.”—Katrina, 18.

4. Sekolo.

“Barutabana ba me ba dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet. Bangwe ba kwala melaetsa go re bolelela gore re tla kwala ditlhatlhobo leng. Ka sekai, fa ke sa tlhaloganye sengwe mo dipalong, ke ka kwala molaetsa mo karolong ya morutabana e e bonwang ke batho botlhe ya go kwala dikakgelo (“Wall”) mme o tla nthusa go rarabolola palo eo mo Internet.”—Marina, 17.

5. Tiro.

“Batho ba ba batlang tiro ba dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet go ikgolaganya le ba bangwe. Ka dinako tse dingwe seno se ba thusa go bona tiro.”—Amy, 20.

“Ke dirisa lefelo la go ikgolaganya le batho mo Internet go dira tiro ya me. Le nthusa gore batho ba ke ba berekelang ba kgone go bona diporojeke tse ke berekang ka tsone.”—David, 21.

A o tshwanetse go nna le lefelo la go ikgolaganya le ditsala mo Internet? Fa e le gore o nna kwa gae, batsadi ba gago ke bone ba ba tshwanetseng go go direla tshwetso. * (Diane 6:20) Fa e le gore batsadi ba gago ga ba batle gore o nne le lone, o tshwanetse go amogela tsela e ba ikutlwang ka yone.—Baefeso 6:1.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batsadi ba letla bana ba bone ba ba godileng go dirisa lefelo lengwe la go ikgolaganya le batho mo Internet—mme ba laola tsela e ba le dirisang ka yone. Fa e le gore batsadi ba gago le bone ba dira jalo, a ba itshunya nko mo dilong tsa gago tsa botho? Nnyaa le e seng! Lefelo la go ikgolaganya le ditsala mo Internet ke sedirisiwa se se maatla mme go a tshwanela gore batsadi ba gago ba tshwenyege ka gore o le dirisa jang. Boammaaruri ke gore, lefelo la go ikgolaganya le ditsala mo Internet—fela jaaka lefelo lengwe le lengwe mo Internet—le na le dikotsi tsa lone. Fa e le gore batsadi ba gago ba go letla gore o nne le lefelo la go ikgolaganya le ditsala mo Internet, o ka tila jang dikotsi tseo?

Go “Kgweetsa” ka Pabalesego

Go dirisa Internet go ka tshwantshiwa le go kgweetsa koloi ka ditsela dingwe. Fela jaaka o ka tswa o lemogile, ga se batho botlhe ba ba nang le lekwalo la go kgweetsa ba ba kgweetsang ka pabalesego. Tota e bile, batho ba le bantsi ba ile ba amega mo dikotsing tse di masisi ka ntlha ya go sa nne kelotlhoko kgotsa go dira dilo ba sa kgathale.

Go ntse fela jalo le ka batho ba ba dirisang Internet. Ba bangwe ba “kgweetsa” ka pabalesego; ba bangwe ba kgweetsa botlhaswa. Fa batsadi ba gago ba go letla gore o ikwadise mo lefelong la go ikgolaganya le ditsala mo Internet, ba tshepa gore o tla kgona go nna kelotlhoko fa o ntse o fenyenkolola mafelo a a ka nnang kotsi mo Internet. Ka jalo, o itshupile o le “mokgweetsi” yo o ntseng jang? A o bontshitse gore o “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”?—Diane 3:21.

Gone jaanong mo setlhogong seno re tla tlotla ka dikarolo tse pedi tsa mafelo a go ikgolaganya le ditsala mo Internet tse o tshwanetseng go di sekaseka ka kelotlhoko—tshedimosetso ya gago ya botho le nako ya gago. Mo makasineng o o latelang wa Tsogang!, setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana” se tla tlotla ka leina le o itirelang lone le ditsala tsa gago.

TSHEDIMOSETSO YA GAGO YA BOTHO

O ka tswa o sa akanye ka go sireletsa tshedimosetso ya gago ya botho fa go tliwa mo kgannyeng ya go ikgolaganya le batho mo Internet. Tota e bile, a boikaelelo jo bogolo ga se gone gore o ikgolaganye le batho? Le fa go ntse jalo, go sa tseye dikgato tsa go itshireletsa go ka nna le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang.

Ka sekai, a re re o tshwere madi a mantsi thata mo go wena. Fa o tsamaya le ditsala tsa gago, a o tla a bontsha mongwe le mongwe yo o kopanang le ene mo tseleng? Seo e tla bo e le boeleele—o tla bo o ikopela go kgothosiwa! Fa o le botlhale, o tla fitlha madi a gago mo a ka se bonweng gone.

Tsaya tshedimosetso ya gago jaaka madi a gago. O ntse o akantse ka seno, leba lenaane le le fa tlase fano mme o tshwaye dilo tse o ka se ikutlweng o gololesegile go di bontsha motho yo o sa mo itseng gotlhelele.

․․․․․ aterese ya ntlo

․․․․․ aterese ya me ya e-mail

․․․․․ kwa ke tsenang sekolo gone

․․․․․ dinako tse ke leng kwa gae ka tsone

․․․․․ dinako tse go se nang ope kwa gae ka tsone

․․․․․ ditshwantsho tsa me

․․․․․ tsela e ke lebang dilo ka yone

․․․․․ dilo tse ke di ratang le tse ke di kgatlhegelang

Le fa o ka tswa o le motho yo o botsalano thata, ga go na pelaelo gore o tla dumela gore go na le dilo dingwe mo lenaaneng le le fa godimo tse di sa tshwanelang go bontshiwa mongwe le mongwe. Mme gone basha ba le bantsi—le bagolo—ba ile ba bontsha batho ba ba sa ba itseng dilo tseno ba sa lemoge! O ka tila jang dikotsi tse di ntseng jalo?

Fa e le gore batsadi ba gago ba go letla gore o dirise mafelo a go ikgolaganya le ditsala mo Internet, o tshwanetse go tlhaloganya sentle thulaganyo ya one ya go tlhopha dilo tse ba bangwe ba ka se kgoneng go di bona kgotsa go di bula (privacy settings) mo tsebeng ya gago ya Internet—mme o di dirise. O se ka wa swetsa ka gore beng ba mafelo a go ikgolaganya le ditsala mo Internet ke bone ba ba tla sireletsang tshedimosetso ya gago ya botho. Boammaaruri ke gore, tsela e mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet a dirilweng ka yone ke gore batho ba le bantsi ba bone le go akgela mo tsebeng ya gago ya Internet go feta kafa o neng o akantse ka teng. Ke lone lebaka la go bo mosetsana mongwe yo o bidiwang Allison a ile a dirisa thulaganyo ya go fitlha tshedimosetso ya gagwe gore e bonwe fela ke ditsala tsa gagwe tse a atamalaneng le tsone. A re: “Dingwe tsa ditsala tsa me di ne di na le ditsala tse ke sa di itseng mme ke ne ke sa batle gore batho bano ba ke sa ba itseng ba bale ka nna.”

Tota le fa o buisana fela le ditsala tsa gago tse o atamalaneng le tsone, o tshwanetse go nna kelotlhoko. Corrine yo o nang le dingwaga di le 21 a re: “O ka fetoga lekgoba la go batla go itse se ditsala tsa gago di se buileng ka se o se kwadileng mme o bo o simolola go kwala dilo tse ba sa tlhokeng go di itse ka wena.”

Le ka motlha o se ka wa lebala gore fa go twe tshedimosetso ya gago e bolokilwe e le sephiri mo Internet, ga se ka metlha go leng jalo. Ka ntlha yang? Gwenn Schurgin O’Keeffe o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang CyberSafe: “Beng ba diaterese tse dikgolo tsa Internet ba boloka tshedimosetso ya sengwe le sengwe se se dirwang mo diatereseng tsa bone.” A bo a oketsa jaana: “Se re se dirang mo atereseng ya Internet, le fa re ka se phimola, ga se ele ruri. Re tshwanetse go itse gore se re se dirang se nnetse ruri ka gonne go ka tswa go na le khopi ya sone golo gongwe; go itlhokomolosa seo e tla bo e le boeleele.”

NAKO YA GAGO

Tshedimosetso ya gago ya botho ga se yone fela e e ka tshwantshiwang le madi a mantsi, nako ya gago le yone e ka tshwantshiwa le one. Ka jalo he, o tshwanetse go dirisa nako ya gago sentle. (Moreri 3:1) Mme eo ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo fa go tliwa mo tirisong epe fela ya Internet, go akaretsa mafelo a go ikgolaganya le ditsala mo Internet. *

“Gantsi ke ne ke a tle ke re, ‘Ke tla e dirisa ka motsotso o le mongwe fela.’ Ura morago ga moo, ke sa ntse ke le mo Internet.”—Amanda18.

Ke ne ke le lekgoba. Nako le nako fa ke fitlha kwa gae go tswa sekolong, ke ne ke senya diura di le dintsi ke lebile se batho ba se buileng ka dikakgelo tsa me le go bala se ba se kwadileng.”—Cara, 16.

“Ke ne ke kgona go tsena mo atereseng ya Internet ka founo ya me, ka jalo ke ne ke e dirisa fa ke ya sekolong, fa ke le kwa sekolong le fa ke ya gae go tswa sekolong. Mme fa ke fitlha kwa gae, ke ne ke bula aterese eno mo khomputareng. Ke ne ke itse gore ke lekgoba mme ke ne ke sa batle go tlogela!”—Rianne, 17.

Fa e le gore batsadi ba gago ba go letleletse go dirisa lefelo la go ikgolaganya le ditsala mo Internet, akanyetsa gore go tla bo go siame go dirisa nako e kana kang mo go yone ka letsatsi. Go tswa foo, itlhatlhobe go bona gore o dira jang. Mo kgweding, boloka rekoto ya gore o dirisa nako e e kana kang o le mo lefelong la go ikgolaganya le ditsala mo Internet mme o bone gore a o latelela melelwane e o e ipeetseng. Gakologelwa gore nako ya gago e tshwana le madi a gago. Ka jalo, o se ka wa letla mafelo a go ikgolaganya le ditsala mo Internet a go tlogela o iphotlhere. Tota e bile, go na le dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong!—Baefeso 5:15, 16; Bafilipi 1:10.

Basha bangwe ba tsere dikgato go tlhomamisa gore ba kgona go laola nako ya bone. Ka sekai, ela tlhoko se se latelang:

“Ke ne ka tswala aterese ya me ya go ikgolaganya le ditsala mme ka sala ke na le nako e ntsi. Ke ne ke ikutlwa ke gololesegile! Bosheng jaana ke ile ka e bula gape mme jaanong ke kgona go e laola ka botlalo. Ke kgona go fetsa malatsi ke sa ye kwa go yone. Tota e bile ka dinako tse dingwe ke a e lebala. Fa e ka boa ya nna bothata gape, ke tla e tswala gape.”—Allison, 19.

“Ke iphile nako ya go ikhutsetsa go ikgolaganya le ditsala mo Internet ka go tswala aterese ya me ka dikgwedi di le mmalwa mme moragonyana ke bo ke e bula gape. Ke dira jalo gangwe le gape fa ke lemoga gore ke ntse ke senya nako e ntsi mo go yone. Jaanong ga ke tlhole ke e dirisa thata jaaka pele. Ke tla e dirisa fa go tlhokega mme ke bo ke feditse.”—Anne, 22.

Ntlha ya Botlhokwa

Go na le ntlha e nngwe ya botlhokwa e o tshwanetseng go e ela tlhoko ka mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet. Go go thusa go tlhaloganya ntlha eno, tshwaya ka ✔ go bapa le lebaka le wena o akanyang gore e diretswe lone.

Lefelo la go ikgolaganya le batho mo Internet le diretswe . . .

(A) ․․․․․ kgwebo.

(B) ․․․․․ setlhopha sa ditsala.

(C) ․․․․․ mofuta mongwe wa go itlosa bodutu.

Karabo e e siameng ke efe? O ka tswa o dumela kgotsa nnyaa, ke Tlhopo A. Boikaelelo jo bogolo jwa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet ke go dira kgwebo. Maitlhomo a bone ke go dira lotseno segolobogolo ka go bapatsa. Fa batho ba tswelela go ikwadisa le go kwala dikakgelo mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet, kgwebo ya babapatsi e a gola. Tota e bile, fa wena kgotsa motho ope fela a fetsa nako e ntsi a le mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet, go tla tlhaga dipapatso di le dintsi.

Go itse seo go go thusa go lemoga gore mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet ga a latlhegelwe ke sepe—mme babapatsi ba solegelwa molemo thata—fa o dira gore batho ba le bantsi ba bone tshedimosetso ya gago kgotsa o fetsa nako e ntsi o le mo Internet. Ka jalo, fa e le gore o dirisa lefelo la go ikgolaganya le batho mo Internet, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o sireletse tshedimosetso ya gago ya botho le go laola nako e o e fetsang o le mo go lone.

MO SETLHOGONG SE SE LATELANG SA “BASHA BA BOTSA JAANA” . . .

Go ikgolaganya le batho mo Internet go ka ama leina la gago le ditsala tsa gago. Bona gore jang.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 5 Lefelo la go ikgolaganya le batho mo Internet ke aterese ya Internet e batho ba ba ikwadisitseng mo go yone ba kgonang go buisana le setlhopha se se rileng sa ditsala.

^ ser. 24 Tsogang! ga e buelele e bile ga e kgale lefelo lepe la go ikgolaganya le batho mo Internet. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore tsela e ba dirisang Internet ka yone ga e thulane le melaometheo ya Baebele.—1 Timotheo 1:5, 19.

^ ser. 47 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke  Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Ileketeroniki?” mo makasineng wa Tsogang! wa January 2011. Segolobogolo ela tlhoko lebokoso le le mo tsebe 26 le le nang le setlhogo se se reng, “Ke ne Ke le Lekgoba la go Dira Ditsala mo Internet.”

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

Go tsere dingwaga di le 38 gore batho ba le dimilione di le 50 ba dirise radio

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

Lefelo la go dira ditsala mo Internet e leng Facebook le ne la kwadisa batho ba le dimilione tse di fetang 200 mo ngwageng o le mongwe bosheng jaana

[Lebokoso mo go tsebe 27]

KE ENG FA O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Tlotla le batsadi ba gago ka tshedimosetso ya botho mo Internet. Ke dilo dife tse di tshwanetseng go bolokiwa e le sephiri mme ka ntlha yang? Ke tshedimosetso efe e go ka nnang kotsi gore o ka e kwala mo karolong epe fela ya Internet? Gape kopa batsadi ba gago gore ba go neye kgakololo malebana le go nna tekatekano fa o ikgolaganya le batho mo Internet le fa o buisana le bone lo lebane difatlhego. Ke diphetogo dife tse ba di akantshang, fa e le gore ba na le tsone?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Se o se dirang mo Internet e ka tswa e se sephiri jaaka o akanya

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Nako e tshwana le madi. Fa o e dirisa yotlhe mo selong se le sengwe, o ka se nne le e e lekaneng fa o e tlhoka