Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ibn Battuta O Bua ka Botshelo Jwa Gagwe

Ibn Battuta O Bua ka Botshelo Jwa Gagwe

Ibn Battuta O Bua ka Botshelo Jwa Gagwe

KA NGWAGA wa 1325, lekawana lengwe le ne la tsaya loeto go tswa kwa Tangier, Morocco, e le loeto lwa ntlha mo maetong a mantsi a a neng a tla mo isa kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe le le neng le itsege ka nako eo, le le akaretsang China, India, Indonesia, Mali, Peresia, Russia, Siria, Tanzania, Turkey le dinaga tsotlhe tsa Arabia. Monna yoo, e ne e le Abu Abdallah ibn Battuta mme o ne a tsamaya dikilometara di ka nna 120 700—selo se se iseng se ko se dirwe pele ga go dirwa ga dienjene tse di berekang ka moya wa metsi.

Ibn Battuta o ile a bidiwa motsamai yo o gaisang wa Moiselamo le motsamai yo o gaisang mo metlheng ya pele ga eno. Dipego tsa botshelo jwa gagwe, tse di kwadilweng ka nako ya fa a ne a boela kwa gae labofelo morago ga go tsamaya dingwaga tse di ka nnang 30, di re thusa go ithuta ka dikarolo di le dintsi tsa botshelo le setso sa lekgolo la bo14 la dingwaga, segolobogolo kwa dinageng tsa Bamoseleme.

Loeto Lwa Sedumedi go ya Mecca

Ibn Battuta o ne a tswa kwa Tangier go etela mafelo a a boitshepo le go diragatsa boikarabelo jwa gagwe jwa sedumedi jwa hajj, e leng loeto lwa sedumedi lwa Bamoseleme go ya Mecca, jo bo tshwanetseng go diragadiwa ke Momoseleme mongwe le mongwe yo o godileng mme a na le madi e bile a itekanetse sentle go ka tsaya loeto loo. Mecca e bokgakala jwa dikilometara di le 4 800 kwa botlhaba jwa Tangier. Jaaka baeti ba le bantsi ba sedumedi ba a tle ba dire go itshireletsa, Ibn Battuta o ne a tsamaya le ditlhopha tsa batho ba ba tsayang loeto mmogo ba ba neng ba tla mo thusa gore a fitlhe kwa a yang gone.

E re ka rraagwe e ne e le qadi kgotsa moatlhodi wa mo lefelong leo, Ibn Battuta o ne a bona thuto ya boatlhodi, e leng thuto ya maemo a a kwa godimo kwa Tangier. Fa batho ba a neng a tsamaya le bone ba utlwa ka seno, ba ne ba mo dira moatlhodi wa bone gore a rarabolole dikgotlhang dipe fela tse di ka nnang teng mo tseleng.

Go ya Alexandria, Cairo le Upper Nile

Setlhopha seno sa batho ba ba tsayang loeto mmogo se ne se tsamaya mo lobopong lwa Afrika Bokone go ya kwa Egepeto. Koo, Ibn Battuta o ne a bona ntlo e e itsegeng ya dipone tse di kaelang dikepe e e kwa Alexandria—nngwe ya dilo tse di kgakgamatsang tsa lefatshe la bogologolo—ka nako eo e ne e setse e senyegile go sekae. O ne a re, Cairo e ne e “na le dikago tse dintsi, e le ntlentle, e le lefelo le batho ba neng ba tlhanasela mo go lone e bile e le lefelo le batho botlhe ba neng ba tla kwa go lone.” O ne a rata thata mekoro, ditshingwana, marekisetso, dikago tsa bodumedi le dingwao tsa batho ba toropo eno e kgolo. Jaaka e ne e le mokgwa wa gagwe, fa a ne a le kwa Egepeto o ne a batla a ba a bona tshegetso le tlhotlheletso ya baruti, bakanoki le batho ba bangwe ba maemo a a kwa godimo.

Fa a tswa kwa Cairo, o ne a ya kwa Nile a leba Borwa jwa Egepeto, fa a ntse a le mo tseleng o ne a amogelwa ke banna ba bodumedi, kwa mafelong a baitlami le kwa dihoseteleng le kwa dikholetšheng tse di tshegediwang ka meneelo—tse ka nako eo di neng di tlwaelegile mo metseng ya Bamoseleme. O ne a ikaeletse go kgabaganya sekaka go ya kwa Lewatleng le Lehibidu, a tsamaye ka sekepe go ya Arabia mme a bo a ya Medina, e lefelo la kobamelo ya Bamoselema la ga moporofeti Muhammad le neng le le gone, go tswa foo, a bo a ya Mecca. Mme ntwa e ne ya kgoreletsa loeto lwa gagwe mme a boela Cairo.

Tsela e e Telele e e Fapogang

E re ka Ibn Battuta a ne a sa ntse a ikaeletse go fitlha kwa Medina le Mecca, o ne a ya bokone kwa Gaza, go tswa foo a ya Heberone mme a bo a ya kwa lefelong le go dumelwang gore Aborahame, Isake le Jakobe ba fitlhetswe teng. Fa a le mo tseleng go ya Jerusalema le kwa lefelong la yone la kobamelo le le bidiwang Dome of the Rock, o ne a ema kwa Bethelehema, kwa a neng a bona batho ba ba ipitsang gore ke Bakeresete ba obamela lefelo le Jesu a tsholetsweng kwa go lone.

Go tswa foo, Ibn Battuta o ne a ya bokone kwa Damaseko, kwa a neng a ithuta le bakanoki ba ba itsegeng ba Bamoseleme mme o ne a bona setifikeiti sa go nna morutisi. O ne a re, Umayyad Mosque ya kwa toropong eno e ne e le “ntle go gaisa” mo lefatsheng. Marekisetso a mo lefelong leo a ne a rekisa dibenyane, matsela, dilo tsa go kwala, dibuka le dilo tse di dirilweng ka galase mme mo mafelong a borekisetso a a neng a na le babueledi ba ba neng ba saena ditlankana gore e nne tsa semolao, go ne go na le “basupi ba le batlhano kgotsa ba le barataro le motho yo o neng a tlhomilwe ke moatlhodi go tsamaisa meletlo ya manyalo.” Tota e bile, fa Ibn Battuta a ne a le kwa Damaseko, o ne a nyala. Le fa go ntse jalo, mosadi yono wa gagwe e ne e le mongwe wa basadi ba le bantsi le dinyatsi tsa gagwe ba go sa buiweng thata ka bone mo pegong ya botshelo jwa gagwe.

Kwa Damaseko, Ibn Battuta o ne a tsamaya le baeti ba bangwe ba sedumedi ba ba neng ba ya kwa Mecca. Fa ba le mo tseleng, setlhopha sa gagwe se ne sa ikhutsa kwa motsweding mongwe wa metsi kwa batho ba ba gelelang metsi ba neng ba dira didibeletso kgotsa ditanka tsa metsi tse di dirilweng ka matlalo a dinare. Batsamai ba ne ba dirisa ditanka tseno go siela dikamela tsa bone metsi le go tlatsa dinkgo tsa bone tsa metsi tse di dirilweng ka letlalo pele ga ba kgabaganya sekaka. Kgabagare o ne a goroga kwa Mecca. Loeto lono e ne e le lwa ntlha mo maetong a le supa a sedumedi a a neng a a tsaya. Baeti ba le bantsi ba sedumedi ba ne ba boela gae fa ba sena go diragatsa meetlo ya bone. Mme Ibn Battuta ene ga a ka a dira jalo. Mongwe wa batho ba ba neng ba kwala pego ya botshelo jwa gagwe a re, o ne a ya Baghdad “e le fela go batla go dira sengwe se sesha.”

O Simolola go Tsamaya Thata

Kwa Baghdad, e ka nako eo e neng e le motsemoshate wa Iselamo, Ibn Battuta o ne a kgatlhiwa ke dibata tse di mo mafelong a batho botlhe. O ne a bolela jaana: “Kago nngwe le nngwe e ne e na le diphaposi di le dintsi tsa go tlhapela, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e na le beisene kwa khoneng mme e na le dipompo tse pedi tse di ntshang metsi a a fisang le a a tsididi.” Mojenerale mongwe yo o botsalano o ne a dira gore lekawana leno le kgone go kopana le mmusi mongwe e bong Abu Sa’id. Ibn Battuta o ne a tswa kwa kopanong eo ka dimpho tse di tlhwatlhwakgolo—pitse, seaparo sa meletlo le lekwalo le le kopang mmusi wa kwa Baghdad gore a mo neye dikamela le dithoto tse dingwe.

Go tswa foo, Ibn Battuta o ne a tsamaya ka sekepe go ya kwa maemakepeng a kwa Botlhaba jwa Afrika a a kwa Mogadishu, Mombasa le Zanzibar pele ga a ya Arabia mme a tsena mo Kgogometsong ya Peresia. Moragonyana o ne a tlhalosa ka batho, dingwao le dilo tse a di boneng fa a ntse a tsamaya—tsela e bagwebi ba neng ba amogelwa ka yone kwa Somalia, go tlhafuna betel-nut le go lema khokhonate kwa Yemen, le go batla diperela ka fa tlase ga lewatle kwa Kgogometsong ya Peresia. Go tswa foo, o ne a tsaya tsela e e fapogang thata go ya kwa India—a ralala Egepeto, Siria le Anatolia (Turkey); a kgabaganya Lewatle le Lentsho; a dikologa bokone jwa Lewatle la Caspian; mme go tswa foo, a ya kwa go se gompieno se bidiwang Kazakhstan, Uzbekistan, Afghanistan le Pakistan.

Go Tswa India go ya China

Kwa India, Ibn Battuta o ne a nna moatlhodi wa mmusi wa kwa Delhi ka dingwaga di le robedi. E re ka mmusi yono a ne a itse gore Ibn Battuta o rata go tsamaya, o ne a mo roma go nna moemedi kwa go Togon-temür, yo e leng mmusimogolo wa Mo-Mongolia wa kwa China. Fa a goroga, o ne a tshwanetse go ntsha mpho ya go dira dipuisano e e neng e le “dipitse di le lekgolo tse di sa kopanngwang le mefuta e mengwe ya dipitse, makgoba a le lekgolo a batho ba basweu, basetsana ba ba binang le ba ba opelang ba Bahindu ba le lekgolo, mefuta e e farologaneng ya matsela a le 1 200, ditlhomeso tsa kerese tsa gauta le selefera le dibeisene, diaparo tse di kgabisitsweng tsa sei, dikuane, dilo tse di tsholang marumo, ditšhaka, ditlelafo tse di kgabisitsweng ka diperela le baopafadiwa ba le 15.”

Kwa boemakepeng jo bo kwa borwa jwa India jwa Calicut, Ibn Battuta o ne a bona dikepe tse dikgolo tsa bagwebi tse di bidiwang di-junk tse di neng di tsamaya ka tsela e a neng a ikaeletse go tsamaya ka yone go ya China. Dikepe tseno di ne di na le diseile tse di ka nnang 12, tse tsotlhe di neng di dirilwe ka dithupa tse di logilweng tsa bampuse e bile go ne go na le batsamaya ka dikepe ba ba ka nnang 1 000—batsamaisi ba dikepe ba le 600 le masole a le 400. Ibn Battuta o ne a re, ba malapa a batsamaisi ba dikepe ba ne ba nna mo dikepeng, kwa “ba neng ba [jala] merogo le gemere mo ditankeng tsa logong gone.”

Go thubega ga sekepe go ne ga dira gore Ibn Battuta a se ka a kgona go ya go dira dipuisano kwa China. Go na le moo, o ne a berekela mmusi wa Momoseleme kwa ditlhaketlhakeng tsa Maldive mme o ne a nna motho wa ntlha go tlhalosetsa batho ba dinaga di sele ka dingwao tsa mo lefelong leo. Kgabagare o ne a tsena kwa China. Le fa go ntse jalo, le fa a ile a bona dilo tse a di ratang koo, o ile a bona dilo tse di neng di le kgatlhanong le bodumedi jwa gagwe. Tshedimosetso e nnye e a e kwadileng ka China e dira gore batho bangwe ba belaele gore a tota o kile a tsamaya thata kwa China jaaka a tlhalosa. Gongwe o ile a fitlha fela kwa maemakepeng a kwa borwa jwa China.

Bohutsana Fa a Ya Gae

Fa Ibn Battuta a boela kwa Damaseko, o ne a utlwa gore morwawe yo a mo tlogetseng koo dingwaga di le 20 tse di fetileng, o na le dingwaga di le 12 a tlhokafetse le gore rraagwe yo o neng a nna kwa Tangier, o ne a na le dingwaga di le 15 a tlhokafetse. Mme ka nako eo e ne e le ngwaga wa 1348 mme leroborobo le le bidiwang Black Death le ne le tlhasetse Botlhabagare. Tota e bile, Ibn Battuta o ne a bolela gore kwa Cairo, batho ba le 21 000 ba ne ba swa letsatsi le letsatsi!

Ngwaga morago ga foo, motsamai yono wa dingwaga di le 45 o ne a goroga kwa Morocco mme a fitlhela gore mmaagwe o bolailwe ke leroborobo leno dikgwedi di sekae pelenyana. Fa a ne a tsamaya, o ne a na le dingwaga di le 21. A dingwaga di le 24 tse a di feditseng a ntse a tsamaya di ile tsa kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go eta? Go lebega go ne go sa nna jalo, ka gonne go ise go ye kae o ne a ya kwa Spain. Dingwaga di le tharo moragonyana, o ne a tsaya loeto lwa gagwe lwa bofelo, lo lo neng lwa mo isa kwa Nokeng ya Niger le kwa Tombouctou (Timbuktu), toropo e e mo nageng nngwe ya Afrika e gone jaanong e itsegeng e le Mali.

O Laelwa go Kwala ka Botshelo Jwa Gagwe

Fa mmusi wa kwa Fez, Morocco, a sena go utlwa ka maeto a ga Ibn Battuta, o ne a mo laela gore a kwale pego ya botshelo jwa gagwe e e tla itumelelwang go balwa ke ba lekgotla mme o ne a mo naya mokwaledi e bong Ibn Juzayy. Pego e e feletseng ga ya ka ya anamisiwa thata ka puo ya Searabia mme go e ranolela mo dipuong tsa kwa Bophirima go ne ga simolola fela morago ga gore pego eno e bonwe gape ke bakanoki ba Bayuropa ka lekgolo la bo19 la dingwaga.

Ibn Juzayy o tlhalosa pego eno e le pego e e khutshwafaditsweng ya dilo tsotlhe tse Ibn Battuta a di tlhalositseng ka maeto a gagwe mme go lebega fa mokwaledi yono a fetotse dilo dingwe mo go yone ka boomo. Le fa go ntse jalo, pego eno e re neela dintlha tse di tlhomologileng ka botshelo, kgwebo, dingwao, bodumedi le dipolotiki tsa dinaga tse Ibn Battuta a di etetseng, segolobogolo tsa dinaga tsa Bamoseleme.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Setshwantsho sa lekgolo la bo13 la dingwaga sa ga al-Wasiti, se se bontshang baeti ba sedumedi ba Baiselamo ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa sedumedi e leng “hajj”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Scala/White Images/Art Resource, NY

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Atlelase ya Catolonia ya 1375, e e bontshang karolo ya lefelo le Ibn Battuta a tsamaileng mo go lone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Snark/Art Resource, NY