Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banasi Ba ne Ba ka Se Mphetole

Banasi Ba ne Ba ka Se Mphetole

Banasi Ba ne Ba ka Se Mphetole

Jaaka go boletse Hermine Liska

DINGWAGA tsa me tsa kagiso le tse di ritibetseng tsa fa ke ne ke le ngwana di ile tsa khutla go sa lebelelwa ka 1938 fa Adolf Hitler le mokgatlho wa gagwe wa Banasi ba ne ba laola naga ya gaetsho ya Austria. Go ise go ye kae, nna le bana ba ke tsenang sekolo le bone re ne ra laelwa go dumedisa ka go re, “Heil Hitler,” go opela dipina tsa Banasi le go ikwadisa mo mokgatlhong wa Basha wa ga Hitler. Ke ne ka gana ke se fetoge go dira dilo tseno. Mma ke tlhalose.

Ke ne ka gola le bomorwarre ba le banè, kwa polaseng e e kwa St. Walburgen kwa Carinthia, Austria. Batsadi ba me e ne e le Johann le Elisabeth Obweger. Ka 1925, Rre o ne a nna Bibelforscher kgotsa Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Mmè o ne a kolobediwa ka 1937. Go tloga ke sale ngwana, ba ne ba nthuta melaometheo ya Baebele mme ba nthusa go rata Modimo le popo ya gagwe. Ka sekai, ba ne ba mpontsha gore go phoso go tlotla motho ope ka tsela ya go mo obamela. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”—Luke 4:8.

Mmè le Rre ba ne ba rata go amogela baeng. Re ne re nna le baeng ba le bantsi mme batho ba le mmalwa ba ba berekang mo polaseng ba ne ba nna mo lelapeng la gaetsho la batho ba le supa. Re ne re opela thata—mokgwa o o sa ntseng o ratiwa kwa Carinthia—mme re ne re nna le metlotlo e mentsi e e kgatlhang ya Baebele. Ke sa ntse ke gopola ka boitumelo dinako tsa fa lelapa la gaetsho le ne le dutse go dikologa tafole mo phaposing ya go amogela baeng Sontaga mongwe le mongwe mo mosong go ithuta Baebele.

Go Tswa mo Kgololesegong go Nna mo Poifong

Jeremane e ne ya gapa Austria fa ke ne ke le gaufi le go dira dingwaga di le robedi. Go tloga foo, kgatelelo ya go dumela go diragatsa se se batliwang ke mokgatlho wa Banasi e ne ya oketsega mme go ise go ye kae, go ne go lebeletswe gore baagi botlhe ba dumedisane ka go re “Heil Hitler.” Ke ne ka gana go dira jalo ka gonne lefoko “heil” ka Sejeremane le kaya “poloko” mme ke ne ke se kitla ke naya Hitler tlotlo ya gore ke ene a tla tlisang poloko! Ke ne ke itse gore Jesu Keresete ke ene Mmoloki wa me. (Ditiro 4:12) Ka ntlha ya boemo jwa me, ka metlha ke ne ke sotliwa ke barutabana le bana ba ke tsenang tlelase le bone. Fa ke ne ke le dingwaga di le 11, mogokgo wa sekolo sa rona sa poraemari o ne a re: “Hermine, ke tlile go go busetsa morago kwa grade ya ntlha. Nka se letle ngwana yo o manganga jaana mo tlelaseng ya me!”

E re ka nna le bomorwarre re ne re gana re nitame go dumedisa Hitler, Rre o ne a laelwa go tlhagelela kwa kgotlatshekelo. O ne a laelwa go saena setlankana sa go itatola tumelo ya gagwe. Gape setlankana seo se ne se bolela gore o tla godisa bana ba gagwe go ya ka tsela ya Bonasi. E re ka a ne a ganne go se saena, ene le Mmè ba ne ba latlhegelwa ke tshwanelo ya go re tlhokomela mme ke ne ka romelwa kwa lefelong le ke neng ke ya go rutiwa sesha kwa go lone, le le neng le le dikilometara di le 40 go tswa kwa gae.

Ka bonako morago ga foo, ke ne ka gopola gae fela thata mme ke ne ka lela thata. Ka nako eo, mosadi yo o neng a okametse lefelo leo o ne a leka go mpateletsa go ikwadisa mo mokgatlhong wa Basha wa ga Hitler mme ke ne ka gana. Basetsana ba bangwe ba ne ba leka go tsholetsa letsogo la me fa go ne go dumedisiwa folaga ya Banasi mme ga ba a ka ba atlega. Ke ne ka ikutlwa jaaka batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ba neng ba bolela jaana: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa re direle medimo e mengwe.”—Joshua 24:16.

Batsadi ba me ba ne ba ilediwa go nketela. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bona ditsela tsa go kopana le nna mo sephiring fa ke ne ke ya sekolong le fa ke le kwa sekolong. Dinako tse dikhutshwane tse re neng re kopana ka tsone di ne tsa nkgothatsa thata gore ke nne ke ikanyega mo go Jehofa. Mo lekgetlhong lengwe fa re ne re kopane jalo, Rre o ne a nnaya Baebele e nnye, e ke neng ka e fitlha ka kelotlhoko mo bolaong jwa me. Abo ke ne ke itumelela go e bala jang ne, le fa ke ne ke tshwanelwa ke go dira jalo mo sephiring! Gone ke boammaaruri gore letsatsi lengwe ke ne ka batla ke tshwarwa mme ke ne ka fitlha Baebele ka bonako ka fa tlase ga kobo ya me.

Ke ne Ka Romelwa Kwa Bonnong Jwa Baitlami

E re ka maiteko otlhe a go nthuta sesha a ne a retetse, balaodi ba ne ba belaela gore ke ne ke sa ntse ke na le tlhotlheletso ya batsadi ba me. Ka jalo, ka September 1942, ba ne ba nthomela kwa Munich Jeremane ka terena, kwa ke neng ka tsenngwa mo sekolong sa Katoliki se se bidiwang Adelgunden, se le sone e neng e le bonno jwa baitlami. Ka nako ya fa ke fudusiwa, baitlami ba ne ba bona Baebele ya me mme ba e tsaya.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikemiseditse go nna ke ikanyega mo go se ke se dumelang mme ka gana go ya ditirelong tsa kereke. Fa ke ne ke bolelela mongwe wa baitlami gore batsadi ba me ba ne ba a tle ba mpalele Baebele ka Bosontaga, tsela e a neng a tsiboga ka yone e ne ya nkgakgamatsa. O ne a mpusetsa Baebele ya me! Go lebega fa se ke neng ka se bua se ile sa mo ama. Tota e bile, o ne a ntetla gore ke mmalele Baebele.

Nako nngwe, morutabana mongwe o ne a nthaya a re: “Hermine, o na le moriri o o blonde e bile o na le matlho a a pududu. O Mojeremane, ga o Mojuda. Jehofa ke Modimo wa Bajuda.”

Ke ne ka araba jaana: “Mme gone Jehofa o dirile sengwe le sengwe. Ke Mmopi wa rona rotlhe!”

Mogokgo wa sekolo le ene o ne a leka go nkgatelela. Ka nako nngwe, o ne a re: “Bona fa, Hermine, mongwe wa bomogoloo o ikwadisitse mo sesoleng. Abo e le sekao se sentle se o tshwanetseng go se latela jang ne!” Ke ne ke itse gore mongwe wa bonkgonne o ne a ikwadisitse mo sesoleng mme ke ne ke sa ikaelela go latela sekao sa gagwe.

Ke ne ka re: “Ga ke molatedi wa ga nkgonne. Ke molatedi wa ga Jesu Keresete.” Mogokgo o ne a ntshosetsa ka go re o tla nkisa kwa lefelong la batho ba ba lwalang mo tlhaloganyong, a bo a laela moitlami mongwe gore a ipaakanyetse go nkisa koo. Le fa go ntse jalo, ga a ka a diragatsa matshosetsi a gagwe.

Ka selemo sa 1943, Munich e ne ya tlhaselwa ka dibomo mme bana ba kwa sekolong sa Adelgunden ba ne ba fudusediwa kwa motseselegaeng mongwe. Ka nako eo, gantsi ke ne ke akanya ka mafoko ano a Mmè a neng a mpolelela one: “Fa go ka direga gore re kgaoganngwe le wena mme o sa tlhole o amogela makwalo a me, gakologelwa gore Jehofa le Jesu ba tla nna le wena. Le ka motlha ba ka se ka ba go latlha. Ka jalo, tswelela o rapela.”

Ke Letlelelwa go Boela Gae

Ka March 1944, ke ne ka busediwa kwa Adelgunden, kwa re neng re fetsa mo e ka nnang nako yotlhe ya rona—bosigo le motshegare—mo lefelong le re neng re sireleditswe mo dibomong tse di neng di latlhelwa ka difofane ka gonne go ne go thuntshiwa dibomo thata kwa Munich. Ka yone nako eo, batsadi ba me ba ne ba nna ba kopa gore ke busediwe kwa go bone. Kgabagare kopo eo e ne ya amogelwa mme ke ne ka goroga kwa gae kwa bofelong jwa April 1944.

Fa nako ya gore ke sadise mogokgo sentle e ne e fitlha, o ne a re: “Hermine, fa o fitlha kwa gae o re kwalele. Mme o se ka wa fetoga.” Abo tsela e a lebang dilo ka yone e ne e fetogile jang ne! Ke ne ka utlwa gore fa ke sena go tsamaya, basetsana ba le robongwe le baitlami ba le bararo ba ne ba bolawa ka nako ya ditlhaselo tsa dibomo. Abo ntwa e le selo se se setlhogo jang ne!

Ka fa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke itumeletse go boa ke kopana gape le ba lelapa la gaetsho. Ka May 1944, fa ntwa e ntse e fagile, ke ne ka kolobediwa mo bateng, ka go dira jalo ke bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa. Fa ntwa e ne e khutla ka 1945, ke ne ka tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke iketleeditse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, jo e leng jone fela tsholofelo ya batho ya kagiso e e tla nnelang ruri le polokesego.—Mathaio 6:9, 10.

Ka 1950, ke ne ka kopana le Erich Liska, lekawana lengwe le e neng e le modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa le le tswang kwa Vienna, Austria. Re ne ra nyalana ka 1952 mme ka nakwana, ke ne ka tsamaya le Erich fa a ntse a etela diphuthego go di nonotsha semoyeng.

Ngwana wa rona wa ntlha o ne a tsholwa ka 1953 mme re ne ra nna le ba bangwe ba babedi. Ka ntlha ya maikarabelo a rona a a oketsegileng, re ne ra tlogela tirelo ya nako e e tletseng gore re godise bana ba rona. Ke ne ka ithuta gore fa o ngaparela Modimo, le ka motlha a ka se go swabise mme o tla go naya maatla. Ga a ka a ntshwabisa. Segolobogolo fa e sale monna wa me yo o rategang a tlhokafala ka 2002, Jehofa o ntse a nkgomotsa le go nnonotsha.

Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke leboga batsadi ba me thata go bo ba ile ba tsenya go rata Modimo mo pelong ya me fa ke sa ntse ke le monnye le go rata Lefoko la gagwe le le kwadilweng, le e leng motswedi wa botlhale jwa boammaaruri. (2 Timotheo 3:16, 17) Mme mo godimo ga tsotlhe, ke leboga Jehofa, yo o tswelelang go nnaya maatla a go lebana le diteko mo botshelong.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

“Ga ke molatedi wa ga nkgonne. Ke molatedi wa ga Jesu Keresete”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke na le ba lelapa la gaetsho mo polaseng ya rona kwa St. Walburgen

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Batsadi ba me e bong Elisabeth le Johann Obweger

[Motswedi wa Setshwantsho]

Both photos: Foto Hammerschlag

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le monna wa me e bong Erich