Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Domesday Book—Patlisiso E e Sa Tlwaelegang

Domesday Book—Patlisiso E e Sa Tlwaelegang

Domesday Book—Patlisiso E e Sa Tlwaelegang

William yo e leng kgosana ya Normandy, (e e leng kgaolo ya Fora), o ne a fenya Engelane ka 1066. Dingwaga di le 19 moragonyana o ne a laela gore go dirwe dipatlisiso ka kgaolo ya gagwe e ntšha e a e gapileng. Tshedimosetso e ba ileng ba e kokoanya ya dipatlisiso tseno e ne ya bidiwa Domesday Book. Ke eng fa e sa ntse e le nngwe ya direkoto tsa hisitori tse di botlhokwa thata tsa kwa Engelane?

WILLIAM o ne a goroga gaufi le toropo ya Hastings, kwa Engelane, ka September 1066. Kwa toropong eo ka October 14, o ne a fenya masole a Kgosi Harold wa kwa Engelane yo o neng a bolawa. Ka Letsatsi la Keresemose ka 1066, William, yo moragonyana o neng a itsege e le Mofenyi, o ne a tlhomiwa go nna kgosi kwa kerekeng ya kwa Lontone e e bidiwang Westminster Abbey. Baesemane ba ne ba tla itshwara jang ka fa tlase ga kgosi ya bone e ntšha?

Patlisiso e Kgolo

Kgosi William I o ne a tlhasela karolo e e kwa bokone jwa naga mme karolo e kgolo ya nang eo ya sala e se na batho. Trevor Rowley yo pele e neng e le motlhatlheledi wa badiri ba Oxford University o ne a kwala jaana: “Go ya kafa batho ba neng ba leba bosetlhogo ka gone ka nako eo, ‘go tlhaselwa ga bokone’ (1068-70) go tshwanetse ga tsewa e le bosetlhogo.” William o ne a nna a lebana le dikhuduego mme masole a gagwe a le 10 000 kgotsa kwa tlase, a ne a nna mo gare ga baagi ba ba ka nnang dimilione di le pedi ba ba neng ba ba tlhoile. Kgabagare batho ba Normandy ba ne ba aga dikago tsa phemelo tse di fetang 500 go ralala naga—kago e e tumileng go di gaisa ke Tower of London.

Ka December 1085, dingwaga di le 19 morago ga gore William a tlhasele, o ne a fetsa malatsi a le matlhano le badiredibagolo ba gagwe ba lekgotla kwa Gloucester, Engelane, ba rulaganya go dira dipatlisiso ka naga eo, kwantle ga Lontone le Winchester. Mo tshimologong ya ngwaga o o latelang, barongwa ba segosi ba ne ba romelwa ka nako e le nngwe kwa dikgaolong di le supa tse di farologaneng go ya go botsolotsa baemedi ba dikgaolo tseo le go sekaseka khumo ya naga.

Kgosi e ne ya tshwanelwa ke go kokoanya madi gore a duele masole a gagwe. Gape o ne a tshwanetse go rarabolola dikgogakgogano tsa gore dikarolo dingwe tsa naga ke tsa bomang. Go fitlhelela dilo tseo go ne go tla tlhomamisa gore batho ba ba tswang kwa Normandy le dikarolo tse dingwe tsa Fora ba tla nna kwa Engelane mme ka go dira jalo o ne a tlhomamisa gore Normandy e tswelela e nna le taolo.

“Letsatsi la Katlholo”

Ka bonako fela morago ga gore a fenye Engelane, Kgosi William o ne a neela batho ba ba nang le taolo ba Ba-Normandy lefatshe la batho ba ba tlotlegang ba Baesemane. Dipatlisiso tse William a neng a di dirile ka Engelane di ne tsa senola gore halofo ya boleng jwa naga eo yotlhe ka nako eo e ne e laolwa ke banna ba ba kwa tlase ga 200, ba babedi fela mo go bone e neng e le Baesemane. Mo Baesemaneng ba le 6 000 kgotsa go feta ba ba neng ba hirile, go ne go se na sepe se bontsi jwa bone ba neng ba ka se dira fa e se go duelela go nna mo nageng e tota ba neng ba na le tshwanelo ya go nna mo go yone pele ga ngwaga wa 1066 mme batho ba ba dikobo dikhutshwane le ba ba neng ba tseetswe naga ya bone ba ne ba tshwanetse go tswelela ba leka go itshedisa ka tsela e ba neng ba ka kgona ka yone.

Dipatlisiso tseo di ne tsa dira gore naga eo e nne ya Ba-Normandy kafa molaong. Gape di ne tsa tlhatlhoba sesha makgetho le magae a batho ba ba hirileng ba nnang mo go one mmogo le naga le sekgwa. Go ne ga akarediwa le e leng phologolo nngwe le nngwe mo dipatlisisong—pholo, kgomo le kolobe. Baesemane ba ba neng ba gatelelwa ke Ba-Normandy ba ne ba sa itumelela dipatlisiso tseno ka gonne ba ne ba itse gore ba ka se ganetse sepe se se kwadilweng mo go tsone. Ba ne ba tsaya patlisiso eno e kgolo e le “Letsatsi le Katlholo” kgotsa “Letsatsi la Masetlapelo.” Ka jalo, moragonyana patlisiso eno e ne ya bidiwa Domesday Book.

Domesday Book e na le dibolumo di le pedi tse di kwadilweng ka Selatine mo dikwalelong tsa momeno. Buka e e bidiwang Great Domesday, e e nang le ditsebe tse dikgolwane e na le ditsebe di le 413; mme e e bidiwang Little Domesday, e na le ditsebe di le 475 tse dinnye. * Buka eno e ne e sa wediwa fa William a swa ka 1087. Tiro eno e ne ya wediwa jang mo ngwageng o le mongwe fela?

Ba-Normandy ba ne ba bona boswa jwa tshedimosetso e e rekotilweng semolao ya bahirisi le bahiri mmogo le direkoto tsa lekgetho go tswa mo Baesemaneng. Ba-Normandy ba ile ba dirisa tshedimosetso eno go dira dipatlisiso tse disha tsa lekgetho ka go romela badiredibagolo kwa kgaolong nngwe le nngwe go ya go dira dipatlisiso.

Buka Eno Gompieno

Mo Metlheng ya Bogare, gantsi ba ntlo ya segosi ba ne ba tsamaya ka Domesday Book. Kwa tshimologong e ne e dirisiwa thata go bona gore naga ke ya ga mang; le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bo18 la dingwaga, moatlhodi yo o itsegeng wa Moesemane e bong Motlotlegi William Blackstone o ne a e dirisa go bona gore ke bahiri bafe ba ba tshwanetseng go dira ditlhopho. E ne e bewa mo mafelong a a farologaneng mme gone jaanong e kwa National Archives of the United Kingdom.

Ka 1986, fa e ne e tshwara dingwaga di le 900, e ne ya rokaganngwa sesha go nna dibolumo di le tlhano. Thanolo ya yone e e tokafaditsweng ya Seesemane e kgona go dirisiwa ke bakanoki le baitsehisitori. Kgatiso nngwe ya BBC e ne ya e bitsa “setlankana se se botlhokwa sa mekwalo e e bolokilweng ya setšhaba mme . . . e sa ntse e ka dirisiwa go nna bosupi jwa setlankana se se supang gore motho o na le tshwanelo ya go nna mo nageng eno.” Ka 1958 e ne ya dirisiwa go tlhomamisa gore toropo nngwe ya bogologolo e na le tshwanelo ya go tswelela e dira kgwebo.

Baithutamarope ba tswelela go dirisa Domesday Book go bona gore Baesemane le Ba-Normandy ba bogologolo ba ne ba nna kae. E sa ntse e le motswedi o o botlhokwa wa tshedimosetso o o ileng wa thusa gore naga ya Engelane e tlhabologe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Buka ya Great Domesday e ne e na le lenaane le le khutshwafaditsweng la dithoto tse di ka duelelwang lekgetho mme lenaane la Little Domesday yone e ne ya tlogelwa e sa khutshwafadiwa mme e ne e sa tsenngwa mo bolumong e kgolwane.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  23]

BOTLHABANELATUMELO JWA GA WILLIAM

William o ne a akantsha gore mopapa a bolele gore go fenya Engelane ga gagwe e ne e le go tlhabanela tumelo kgotsa phenyo ya bodumedi mme a mo solofetsa gore o tla mo naya taolo e kgolo ya bopapa kwa kerekeng e e sa direng dilo sentle ya Engelane. Mopapa o ne a dumela kwantle ga go okaoka. Porofesa David C. Douglas o ne a kwala ka go re, seno e ne e le “leano le le botlhale la go dira dipuisano” la ga William. Rahisitori yo mongwe gape yo o itsegeng e bong George M. Trevelyan, o ne a konela jaana mo bukeng ya gagwe ya History of England: “Folaga ya Mopapa le tshegetso ya gagwe di ne tsa thusa William fela thata mo selong se se neng se lebega e kete ke go kgothosa go na le go nna botlhabanelatumelo.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© The Bridgeman Art Library

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

ENGELANE

LONTONE

Hastings

English Channel

NORMANDY

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

Book: Mary Evans/​The National Archives, London, England