Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwara Ditlhapi Jaaka Dinonyane

Go Tshwara Ditlhapi Jaaka Dinonyane

Go Tshwara Ditlhapi Jaaka Dinonyane

BATSHWARI ba ditlhapi—e ka tswa e le batho kgotsa dinonyane—ba na le mathata a le mararo a magolo a ba lebanang le one: (1) go batla ditlhapi, (2) go di latela le (3) go di tshwara.

Mokgwa o o tlwaelegileng wa batshwari ba ditlhapi ba Baegepeto ba bogologolo e ne e le go dirisa lerumo go tlhaba tlhapi. Batshwari bano ba ditlhapi ba ne ba dirisa one mokgwa o dinonyane dingwe tsa losika lwa bokokolofute di neng di o dirisa bogologolo pele ga batho ba simolola go tshwara ditlhapi ka tsela eno.

Mofuta wa kokolofute e e mmala o kwebu (gray heron), e leng nonyane nngwe e e tlwaelegileng e e fitlhelwang kwa molomong wa noka ya Nile kwa Egepeto, e dirisa molomo wa yone o o motsu jaaka lerumo go tlhaba tlhapi. Mme e bile e ka kgona go tlhaba ditlhapi di le pedi ka nako e le nngwe mme e ka kgona go ja selekanyo se se fetang halofo ya kilogerama ya ditlhapi ka letsatsi. Go ka bolelwa gore kokolofute e na le bokgoni jo bo fetang jwa batho jwa go tshwara ditlhapi.

Gantsi bokokolofute ba na le bokgoni jwa go kukunela ditlhapi le go di tlhasela. Kokolofute e ka tla e tsamaya ka bonya mo metsing a a seng boteng kgotsa ka dinako tse dingwe e bo e nna e didimetse fela molomo wa yone o ipaakanyeditse go tlhasela. Fa tlhapi e atamela gaufi le mo kokolofute e ka e tlhaselang teng, kokolofute e thabuetsa tlhogo ya yone mo metsing e bo e tshwara tlhapi ka molomo wa yone. Gantsi go nna pelotelele ke sone se se dirang gore nonyane eno e atlege.

Go Tshwara Ditlhapi ka go Dirisa Dirai

Go ya ka buka ya The Life of Birds, bokokolofute ba kwa Japane ba ba nang le mmala o motala mo mokwatleng ba bonala ba etsa batho ba ba dirisang borotho go fepa ditlhapi tse di mo matsheng a mantle. Dinonyane tseo tse di botlhale di dirisa manathwana a borotho go ngokela ditlhapi mo di ka kgonang go di tshwara gone.

Dinonyane tse di bidiwang bommamoleane tsa kwa Caribbean le tsone di dirisa borotho go ngoka ditlhapi. Bommamoleane ba kgona go tshwara ditlhapi ba sa dirise dirai dipe, ba dirisa maoto a tsone a a serolwana. Ka go ema mo metsing a a seng boteng ka leoto le le lengwe, ba tshikinya leoto le lengwe go ngoka ditlhapi tse di batlang go bona gore go direga eng.

Mokgwa wa go Phamola le go Fofa

Dinonyane di tshwara ditlhapi ka ditsela tse di farologaneng. Dintsu tse di tshwarang ditlhapi, tse gantsi di bidiwang di-osprey, di ka tlhalosiwa sentle e le batshwari ba ditlhapi ba ba phamolang ba bo ba fofa. Di fofa mo godimo ga metsi, di ntse di lebile ditlhapi dipe fela tse di sa thumeleng kwa teng ga metsi. Fa di bona tlhapi, di mena diphuka tsa tsone mme di bo di thabuela ka bonako mo metsing, di itebaganya sentle le tlhapi e di batlang go e tshwara ka menoto ya yone. Mokgwa ono o tlhoka gore nonyane eno e tlhasele ka nako e e tshwanetseng le gore e bo e kgona go bona sentle.

Ka dinako tse dingwe, ntsu ya Afrika e e tshwarang ditlhapi e lemoga gore tlhapi e e e tshwereng ka menoto ya yone e boima thata go ka e tsholetsa. Tlhapi e ka nna ya bo e le boima jwa dikilogerama di le 2,7! Ntsu eno e dira eng fa seno se direga? Baithutatlholego ba ile ba bona dingwe tsa tsone di rarabolola bothata jono ka go thumela kwa lotshitshing di dirisa diphuka tsa tsone!

Go Thabuela mo Metsing go Tshwara Tlhapi

Di-gannet le di bobby (dinonyane tsa metsi) le tsone di thabuela mo metsing go batla ditlhapi mme di thabuela mo metsing di tlhamaletse. Ditlhopha tse dinnye tsa dinonyane tseno di fofa mmogo go batla ditlhapi tse di sa thumeleng kwa teng. Mebele ya ditlhapi tseno e e mmala wa selefera e dira gore mmala wa metsi a lewatle o o bobududu jo bo tseneletseng e nne mmala o o botala jo bo setlhafetseng fa o lebile o le kwa godimo. Fa dinonyane tseo di bona mmala o o botala mo metsing, di simolola go tshwara ditlhapi.

Fa di-gannet di sena go bona ditlhapi, di thabuela mo metsing e kete ke metswi ka lobelo lwa dikilometara tse di ka nnang 96 ka ura. Dinonyane tseno di dira sengwe se se kgatlhang se motho a ka se bapisang le kgaisano ya go thabuela mo metsing ya Diolimpiki. Go ise go ye kae, ditlhopha tse dingwe tsa dinonyane di lemoga tiragalo eno mme di tla ka bonako gore le tsone di tle go ja.

Go farologana le bokokolofute, di-gannet le di-bobby ga di tlhabe ditlhapi ka melomo ya tsone fa ditlhogo tsa tsone di tsena mo metsing. Maatla a dinonyane tseno di thabuelang mo metsing ka one a dira gore di ye boteng jwa dimetara di se kae ka kwa tlase ga metsi. Mme fa di ntse di thumela kwa godimo, di tshwara ditlhapi di bo di di metsa di feletse.

Dinonyane tsa metsi tse di bidiwang di-tern le tsone di kgona go thabuela mo metsing ka botswerere mme di fofela ka bonako gaufi thata le metsi. Buka ya Handbook of the Birds of the World e tlhalosa gore, go na le gore di-tern di thabuele ka bonako mo metsing jaaka di-bobby le di-gannet, tsone di ikaegile ka “bokgoni, matsetseleko le majato a go fofa.” Di tla phamola tlhapi go tswa mo godimo ga metsi. Ka dinako tse dingwe, di tla latela tlhapi kafa tlase ga metsi ka bonako.

Go Tshwara Ditlhapi di le Setlhopha

Dikukara di ka lebega di ka se kgone go dira sepe ka ntlha ya melomo ya tsone e megolo mme ke difofi le batshwari ba ditlhapi ba ba nang le botswerere. Gantsi dikukara tse di borokwa di thabuela mo metsing go bona dijo tsa tsone mme gape di ka nna tsa phamola tlhapi mo bathong ba ba tshwarang ditlhapi fa ba ntse ba goga matloa a bone. Mme dikukara di na le bokgoni jo bogolo jwa go tshwara ditlhapi di le setlhopha.

Ka tlholego fela, dikukara di rata go nna di le setlhopha. Sengwe se se gakgamatsang ka tsone ke mokgwa wa tsone wa go dirisana mmogo fa di tshwara ditlhapi. Gantsi setlhopha seno sa dinonyane se tla fofela mo metsing mme se bo se dira sekasediko. Ka go thuma ka iketlo, di phuthela setlhopha sa ditlhapi mo lefelong le metsi a seng kwa teng thata. Fa di ntse di dira jalo, tsotlhe di tsharolola diphuka tsa tsone di bo di tsenya ditlhogo tsa tsone ka nako e le nngwe mo metsing mme di bo di metsa ditlhapi tseno ka bonako.

Gone ke boammaaruri gore fela jaaka batho bape ba ba tshwarang ditlhapi, gantsi dinonyane di palelwa ke go tshwara ditlhapi. Mme gantsi tsone di atlega thata go tshwara ditlhapi go gaisa batho.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ntsu ya Afrika e e tshwarang tlhapi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photolibrary

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Kokolofute ya mmala o o kwebu

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

“Northern gannets”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

“Tern” e e tlwaelegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kukara ya kwa Australia