Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Motšhini o o Ithutang O o E Gaisang Yotlhe mo Lefatsheng”

“Motšhini o o Ithutang O o E Gaisang Yotlhe mo Lefatsheng”

“Motšhini o o Ithutang O o E Gaisang Yotlhe mo Lefatsheng”

GO NA le mabaka a a utlwalang a go bo go ile ga twe boboko jwa ngwana ke “motšhini o o ithutang o o e gaisang yotlhe mo lefatsheng.” Lesea le tsholwa le setse le siametse go ithuta dilo tsotlhe tse le di bonang, medumo le dilo tse di le dikologileng tse le di utlwang.

Mo godimo ga moo, lesea le kgatlhiwa ke batho ba bangwe—difatlhego tsa bone, mantswe a bone le fa batho ba le tshwara. Buka ya Babyhood, ya ga Penelope Leach ya re: “Go dirilwe dipatlisiso di le dintsi ka dilo tse di kgatlhang masea thata, medumo e e ngokang kgatlhego ya one le dilo tse a batlang go nna a di utlwa. Dilo tseno tsotlhe di direga gangwe le gape e bile di nna di le gone ka tsela ya gore lesea le tlhokomelwe ke motho yo o godileng.” Ga go gakgamatse go bo batsadi ba nna le seabe sa botlhokwa jaana mo kgolong ya ngwana wa bone!

“Ke ne Ke Bua Jaaka Lesea”

Batsadi le dingaka tsa bana ba gakgamadiwa ke bokgoni jo lesea le nang le jone jwa go ithuta puo ka go e reetsa fela. Babatlisisi ba lemogile gore mo malatsing a sekae fela, lesea le setse le tlwaetse lentswe la mmaalone e bile le rata go utlwa lone go na le la motho yo le sa mo itseng; mo dibekeng di le mmalwa fela, le kgona go lemoga pharologano fa gare ga modumo wa puo ya batsadi ba lone le medumo ya dipuo tse dingwe; mme mo dikgweding di le mmalwa, le kgona go lemoga tsela e mafoko a kgaoganang ka yone mme ka tsela eo le kgona go farologanya puo e e tlwaelegileng le medumo e e sa tlhaloganyesegeng.

Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke le lesea, ke ne ke bua jaaka lesea.” (1 Bakorintha 13:11, Modern King James Version) Lesea le bua jang? Gantsi le dira medumo fela e e sa tlhaloganyesegeng. A ke medumo fela e e sa reng sepe? Nnyaa le e seng! Mo bukeng ya gagwe ya What’s Going On in There?—How the Brain and Mind Develop in the First Five Years of Life, Dr. Lise Eliot o re gakolola gore go bua ke “bokgoni jo bo raraaneng jo mo go jone go tlhokegang tirisanommogo e e bofefo ya mesifa e mentsi e e laolang dipounama, loleme, magalapa le kgokgotsho.” O oketsa jaana: “Le fa go dira medumo ga lesea go ka lebega e le tsela e e kgatlhang e masea a e dirisang gore a newe tlhokomelo, gape ke tsela e e botlhokwa ya go ipaakanyetsa go tshikinyega le go dirisana mmogo go go raraaneng ga mesifa ka nako ya fa le bua.”

Batsadi ba tsibogela medumo e lesea le e dirang ka gore le bone ba bue ka tsela e lesea le buang ka yone mme seno le sone se thusa ka tsela nngwe. Go bua ka tsela e e ntseng jalo go dira gore lesea le arabe. Puisano eno e thusa lesea go nna le bokgoni jwa go tlotla—bokgoni jo le tla bo dirisang botshelo jotlhe jwa lone.

Go Fetola Seabe

Batsadi ba lesea ba nna ba tshwaregile ka go tsibogela dilo tse lesea le le sa tswang go tsholwa le di tlhokang letsatsi le letsatsi. Lesea le a lela mme mongwe o le fa dijo. Lesea le a lela mme mongwe o a le tseta. Lesea le a lela mme mongwe o a le tsholetsa. Go le tlhokomela ka tsela e e ntseng jalo go tshwanetse e bile go a tlhokega. Ke tsela ya botlhokwa e batsadi ba diragatsang seabe sa bone ka yone sa go nna batlhokomedi.1 Bathesalonika 2:7.

Go ya ka se se tlhalositsweng fa godimo, go a utlwala fa lesea le akanya gore ke motho wa botlhokwa go gaisa mme bagolo—segolobogolo batsadi—ba teng fela go dira se le se batlang. Boikutlo joo bo phoso mme go a utlwala go bo lesea le ikutlwa jalo. Gakologelwa gore mo nakong e e fetang ngwaga, le ntse le tshwarwa ka tsela eo. Go ya ka lone, ke mmusaesi wa mmusomogolo o o tletseng batho ba bagolo ba ba leng foo go le direla. Mogakolodi wa malapa e bong John Rosemond, o kwala jaana: “Go tsaya fela dingwaga tse di ka fa tlase ga di le pedi gore batsadi ba rute bana ba bone gore ba dumele kgopolo eno e e sa utlwaleng; mme go tsaya bobotlana dingwaga di le 16 tse di oketsegileng gore ba e baakanye! Se se kgatlhang ke gore, seo ke tiro ya motsadi: ka gonne ke ene a dirang gore ngwana wa gagwe a dumele seo mme ka bonya a bo a mo ruta gore ga go a nna jalo.”

Fa ngwana a le dingwaga tse di ka nnang pedi o simolola go ithuta gore kgopolo eno e phoso fa motsadi a fetola seabe sa gagwe sa go nna motlhokomedi mme a nna mokaedi. Jaanong ngwana o lemoga gore batsadi ga ba latele kaelo ya gagwe; go na le moo, go lebeletswe gore ene a latele kaelo ya bone. Puso ya ngwana e phutlhame mme a ka nna a se ka a itumelela puso e ntšha. E re ka a betilwe ke pelo, o leka go tswelela a ntse a laola batsadi ba gagwe. Jang?

Go Lepalepana le go Ipetola

Fa bana ba le bantsi ba nna le dingwaga tse di ka nnang pedi, tsela e ba itshwarang ka yone e fetoga thata, gantsi seno se akaretsa go galefa thata mo go tweng ke go ipetola. Nako eno e betisa batsadi pelo thata jaana mo e leng gore e ile ya bidiwa “nako e e thata ya dingwaga tse pedi”! Ka bonako fela, ngwana yo monnye o simolola go rata go re, “Nnyaa!” kgotsa “Ga ke batle!” A ka tswa a itenegela le go tenegela batsadi ba gagwe fa a ntse a lwantshana le maikutlo a gagwe a a ganetsanang. O batla go nna kgakala le wena mme le fa go ntse jalo, o batla go nna gaufi le wena. Mo batsading ba ba sa itseng gore ba direng, ga go na sepe se se dirang tlhaloganyo e bile ga go na sepe se se berekang. Go direga eng?

Akanya ka phetogo e e ileng ya direga ka bonako mo botshelong jwa ngwana. Go fitlha bosheng jaana, se a neng a tshwanetse go se dira fela e ne e le go lela mme bagolo ba bo ba tla ba tabogile. Gone jaanong o simolola go lemoga gore “puso” ya gagwe e ne e le ya nakwana fela le gore gone jaanong o tla tshwanelwa ke gore a itirele dilo dingwe. Ka bonya ka bonya, o simolola go tlhaloganya gore o mo seemong sa gore a ikobele batsadi, se se tlhalosiwang jaana ka mafoko ano a Baebele: “Bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe.”—Bakolosa 3:20.

Mo nakong eno e e thata, batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba tswelela ba laola ngwana wa bone. Fa ba dira jalo ba tiisitse mme e le ka tsela e e lorato, ngwana o tla tlwaela seabe sa gagwe se sesha. Mme seno se tla mo thusa go ipaakanyetsa dilo tse dingwe tse di itumedisang fa a ntse a gola.

Go mo Thusa go Nna le Boitshwaro jo bo Siameng

Diphologolo, tota le e leng metšhine, e kgona go lemoga mafoko le go etsa tsela e go buiwang ka yone. Mme motho ke ene fela a kgonang go ema mme a bo a itshekatsheka. Ka jalo, fa ngwana a nna le dingwaga tse di ka nnang pedi kgotsa di le tharo, o kgona go nna le boikutlo jo bo jaaka mabela, ditlhong le go ikutlwa molato. Tseno ke dikgato tsa ntlha tsa go nna mogolo yo o nang le dinonofo tsa boitsholo jo bo siameng—yo o kgonang go emela se se siameng a sa fetoge, tota le fa ba bangwe ba dira se se phoso.

Mo e ka nnang ka yone nako eno, batsadi ba itumelela sengwe gape se se itumedisang. Ngwana wa bone o simolola go lemoga kafa batho ba bangwe ba ikutlwa ka teng. Le mororo ka nako ya fa a ne a le dingwaga di le pedi, a ne a tshameka fela gaufi le ba bangwe, gone jaanong o tshameka le bone. Gape o kgona go lemoga fa batsadi ba gagwe ba itumetse mme a ka batla go ba itumedisa. Ka jalo, go ka direga gore go nne motlhofo gore a rutiwe.

Go feta le fa e le leng pele, ngwana wa dingwaga di le tharo o simolola go ithuta go farologanya se se siameng le se se sa siamang, se se molemo le se se bosula. Go bonala sentle gore eno ke nako ya gore batsadi ba thapise bana ba bone ka boikaelelo jwa go ba thusa gore e nne bagolo ba ba nang le maikarabelo.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Mo malatsing a sekae fela, lesea le setse le tlwaetse lentswe la mmaalone e bile le rata go utlwa lone go na le la motho yo le sa mo itseng

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Go feta le fa e le leng pele, ngwana wa dingwaga di le tharo o simolola go ithuta go farologanya se se siameng le se se sa siamang, se se molemo le se se bosula

[Lebokoso mo go tsebe 6]

LEBAKA LA GO BO A KA TSWELELA A IPETOLA

John Rosemond o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya New Parent Power: “Batsadi bangwe ba akanya gore ngwana wa bone o ipetola ka go bo ba dirile phoso nngwe malebana le kafa ba neng ba tsiboga ka teng fa a ne a batla sengwe. Ba akanya gore fa e le gore ba dirile sengwe se se dirang gore ngwana a ipetole, ba tshwanetse go dira sengwe se sele ka bonako gore a tlogele go ipetola. Ka jalo, e re ka ba akanya gore go ne go sa siama gore ba re nnyaa, jaanong ba re ee. Kgotsa fa ba sena go itaya ngwana, ba mo naya se se fetang se pele a neng a se batla gore ba se ka ba ikutlwa ba le molato. Seno se dira gore ba akanye gore ba fitlheletse se ba neng ba se batla. Ngwana o emisa go ipetola, motsadi o kgwa mowa mme ngwana ene, e re ka a lemoga gore go ipetola ke yone tsela e a atlegang ka yone gore a bone dilo tse a di batlang, o tswelela go ipetola le go feta.”