Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Batsadi ba se Bolelang

Se Batsadi ba se Bolelang

Se Batsadi ba se Bolelang

Fa e le gore o motsadi wa ngwana yo o tsenang keretšhe, go ka direga gore o lebana le dikgwetlho. Ka sekai, o tshwanetse go dirisana jang le ngwana yo o ipetolang? O ka ruta jang ngwana wa gago pharologano ya se se siameng le se se sa siamang le go nna tekatekano fa o mo kgalemela? Ela tlhoko kafa batsadi bangwe ba ileng ba rarabolola mathata ano ka teng.

BOBETO

“Fa ngwana a fitlha mo dingwageng tse a ipetolang thata mo go tsone, o lebeletse go bona sengwe le sengwe se a se batlang. Morwaarona o ne a na le bothata jono. Fa a ne a sa newe se a se batlang, o ne a latlhela dilo fa fatshe. E ne e le ngwana wa rona wa ntlha, ka jalo, re ne re sa itse gore re ka lepalepana jang le go ipetola ga gagwe. Go ne go sa re thuse fa batho ba bangwe ba ne ba re bolelela gore re tshwanetse go lebelela gore a itshware ka tsela e e ntseng jalo.”—Susan, Kenya.

“Fa morwadiarona a ne a le dingwaga di le pedi, o ne a tle a robale fa fatshe, a goe, a lele le go ragaraga . . . Go ne go galefisa tota! Go leka go bua le ene ka nako eo, go ne go sa thuse. Ka jalo, nna le monna wa me re ne re mmolelela gore a ye kwa kamoreng ya gagwe, go tswa foo re bo re mmolelela re ritibetse gore fa a setse a ikutlwa botoka a ka nna a tswa mme re tla bua ka kgang eo le ene. Fa a setse a ritibetse, mongwe wa rona o ne a ya kwa kamoreng ya gagwe mme a bo a mo thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa boitshwaro jwa gagwe bo ne bo sa amogelesege. Re ne re atlega fa re dirisa mokgwa ono. Nako nngwe re kile ra ba ra mo utlwa a rapela Modimo a mo kopa gore a mo itshwarele. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a fokotsa go ipetola mme kgabagare o ne a tlogela.”—Yolanda, Spain.

“Bana ba leka go dira dilo dingwe go bona gore ba tla letlelelwa go di dira go fitlha kae. Go letla ngwana gore a dire selo se o mmoleletseng ka tlhamalalo gore a se ka a se dira go mo tlhakanya tlhogo. Re ile ra lemoga gore fa re ne re tiisitse e bile re tlhomame, ka iketlo bana ba rona ba ne ba lemoga gore go goa go ne go ka se dire gore ba newe se ba se batlang.”—Neil, Boritane.

KOTLHAO

“Fa ngwana a le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le tlhano, go thata go itse gore o reetsa sentle go le kana kang. Selo sa botlhokwa ke go boaboeletsa se o se buang. O tshwanetse go boeletsa, o bo o boeletse, ka dinako dingwe ka makgetlho a le mantsi mme gape o dirisa boitshikinyo jwa mmele le lentswe le le tiileng.”—Serge, Fora.

“Le fa bana ba rona ba le banè ba ile ba godisiwa mo lefelong le le lengwe, mongwe le mongwe wa bone o farologane le yo mongwe. Yo mongwe o ne a ka lela fa a ne a lemoga gore o re swabisitse; fa yo mongwe ene a ne a ka leka go dira dilo e le fela go bona gore a o tla otlhaiwa. Mo maemong mangwe go mo leba ka tsela e e bontshang gore o tiisitse kgotsa go mo omanya go tla bo go lekane, fa ka dinako tse dingwe o tshwanetse go mo naya kotlhao e e rileng.”—Nathan, Canada.

“Go botlhokwa gore o se ka wa ineela. Mme gape motsadi ga a tshwanela go gagamatsa dilo kgotsa go tatalala. Ka dinako dingwe, fa ngwana a bontsha gore ruri o a ikwatlhaya, re bona go le molemo gore re nne tekatekano le go tlhofofatsa kotlhao.”—Matthieu, Fora.

“Ke leka gore ke se ka ka baya melao e mentsi thata mme melao e ke setseng ke e beile ga e fetoge. Morwaake wa dingwaga di le tharo o itse ditlamorago tsa go sa reetse mme seo se mo thusa gore a itshware sentle. Gone ke boammaaruri gore fa ke lapile go nna motlhofo gore ke itlhokomolose dilo tse di sa siamang tse a di dirang. Mme ka gonne ke sa batle go fetofetoga, ke ipateletsa gore ke dire sengwe ka gone. Go botlhokwa thata gore o se ka wa fetofetoga!”—Natalie, Canada.

GO SA FETOFETOGE

“Go lebega bana ba bannye ba sa lebale nako epe fela e batsadi ba nnang ba fetofetoga ka yone.”—Milton, Bolivia.

“Ka dinako dingwe, morwaake o tla botsa selo se le sengwe gantsi ka ditsela tse di farologaneng e le go bona gore a re tla nna re mo naya karabo e le nngwe. Kgotsa fa ke bua sengwe mme mmaagwe a bo a bua sengwe se se farologaneng, o tla lemoga phoso eo mme a bo a e dirisa go dira sengwe se a sa letlelelwang go se dira.”—Ángel, Spain.

“Ka dinako dingwe ke ne ke itlhokomolosa boitshwaro jo bo sa siamang jwa morwaake fa ke ne ke itumetse mme ke ne ke mo otlhaya botlhoko fa ke ne ke sa itumela. Ke ne ka lemoga gore seno se ne se dira fela gore a se ka a itshwara sentle le go feta.”—Gyeong-ok, Korea.

“Go botlhokwa gore bana ba bannye ba tlhaloganye gore fa boitshwaro jo bo rileng bo le phoso gompieno, bo tla nna bo le phoso ka dinako tsotlhe.”—Antonio, Brazil.

“Fa batsadi ba sa tlhomama, ngwana o tla akanya gore Papa le Mama ba a etsaetsega le gore ditshwetso tsa bone di ikaega ka gore ba ikutlwa jang. Mme fa batsadi ba tlhomame mo melaong ya bone, bana ba tla itse gore selo se se phoso se phoso ka metlha. Eno ke tsela e nngwe e batsadi ba sireletsang bana ba bone le go ba bontsha lorato ka yone.”—Gilmar, Brazil.

“Bana ba ka dirisa maemo a mo go one go lebegang motsadi a sa itse gore a ka dira eng fa e se go ineela—a a jaaka fa go na le batho ba bangwe. Fa ke rile nnyaa, ke bua jalo go tswa kwa tshimologong mme ke dira gore morwaake a tlhaloganye sentle gore ga nkitla ke mo reetsa fa a nnela go nkopa kgapetsakgapetsa.”—Chang-seok, Korea.

“Batsadi ka bobedi ba tshwanetse go bontsha gore ba a dumalana. Fa nna le mosadi wa me re sa dumalane ka sengwe, re bua ka gone re le babedi fela. Bana ba kgona go lemoga fa batsadi ba bone ba sa dumalane ka kgang e e rileng mme ba tla leka go dirisa seo gore ba dire se ba se ratang.”—Jesús, Spain.

“Fa ngwana a itse gore batsadi ba gagwe ba a dumalana le gore ba ka se ka ba tsiediwa, o ikutlwa a sireletsegile. O itse gore go tla diragala eng, e ka tswa a reetsa kgotsa a sa reetse.”—Damaris, Jeremane.

“Mo go nna le mosadi wa me, go sa fetofetoge go akaretsa gape le go diragatsa sengwe se sentle se re se solofeditseng morwadiarona. Ka tsela eno, o lemoga gore a ka tshepa ditsholofetso tsa rona.”—Hendrick, Jeremane.

“Fa mothapi wa me a ne a nnela go fetola se ke tshwanetseng go se dira mo tirong ya me, seno se ne se tla ntena. Go ntse jalo le ka bana. Ba ikutlwa ba sireletsegile fa ba itse melao e bile ba itse gore melao eo e ka se ka ya fetoga. Gape ba tshwanetse go itse ditlamorago tsa go sa reetse le gore ditlamorago tseo le tsone ga di fetoge.”—Glenn, Canada.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“A Ee wa lona a reye Ee, le Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Jakobe 5:12

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

DINTLHA KA LELAPA

Boimana Jo bo Sa Lebelelwang—Kafa re Neng ra Tlwaelana le Gone ka Teng

Jaaka go boletse Tom le Yoonhee Han

Tom: Re ne re na le dikgwedi di le thataro fela re nyalane fa mosadi wa me e bong Yoonhee, a ne a lemoga gore o imile. Ke ne ke lebega ke ritibetse, e re ka ke ne ke batla go tlhomamisetsa Yoonhee gore a ka ikaega ka nna go bona kgomotso le nonofo. Mme ka fa gare ke ne ke tshogile!

Yoonhee: Ke ne ke gamaregile—e bile ke tshogile! Ke ne ka lela fela thata; ke ne ke ikutlwa ke sa siamela e bile ke se na bokgoni jwa go nna mmè.

Tom: Le nna ke ne ke ikutlwa ke ise ke siamele go nna rre! Mme morago ga gore re bue le batsadi ba bangwe, re ne ra lemoga gore boimana jo bo sa lebelelwang bo tlwaelegile thata go feta kafa re neng re akantse ka gone. Gape, go ile ga re thusa go utlwa ka boitumelo jo batsadi ba bangwe ba nnang le jone jwa go nna papa kgotsa mama. Ka iketlo, ke ne ka se tlhole ke boifa le go sa tlhomamisege mme ke ne ka swegaswega pelo.

Yoonhee: Morago ga gore Amanda a tsholwe, go ile ga nna le dikgwetlho tse dingwe tse disha. O ne a lela a sa kgaotse mme ke ne ke sa kgone go robala dibeke di le dintsi. Ke ne ke se na keletso ya dijo mme seo se ne sa dira gore ke nne le letsapa le legolo. Kwa tshimologong, ke ne ke sa batle go nna mo gare ga batho ba bangwe. Mme ke ne ka lemoga gore go itlhaola ka go nna kwa gae go ne go ka se nthuse. Ka jalo, ke ne ka fetsa nako le basadi ba bangwe ba ba sa tswang go nna bommè. Seo se ne sa dira gore ke kgone go bua ka boemo jwa me le batho ba bangwe ba ba neng ba lebane le boemo jo bo tshwanang le jwa me mme seno se ne sa dira gore ke lemoge gore ga se nna fela ke nang le mathata.

Tom: Ke ne ka leka ka natla gore re nne le thulaganyo e e tlhomameng ya dilo tse re di dirang ka metlha re le lelapa. Ka sekai, e re ka re le Basupi ba ga Jehofa, nna le Yoonhee re ne re ikemiseditse go nna teng ka metlha kwa bodireding le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Gape go nna le ngwana go dira gore go nne le ditshenyegelo mme dingwe tsa tsone e le tse lo neng lo sa di lebelela. Re ne ra tlhomamisa gore ga re dirise madi a a fetang a re nang le one e le gore re se ka ra tsena mo dikolotong, e leng selo se se neng se tla dira gore re ngomoge pelo le go feta.

Yoonhee: Kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore go ka se kgonege go ya kwa bodireding, e re ka bana ba ka itaya tsebe. Mme boammaaruri ke gore batho ba rata bana. Go lemoga seno go nthusitse gore ke tswelele ke nna le seabe mo bodireding le gore ke nne le boikutlo jo bo siameng ka ngwana wa me.

Tom: Baebele ya re, bana ke “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa” e bile “ke tuelo.” (Pesalema 127:3) Mafoko ano a mpontsha gore ngwana ke mpho e e tlhwatlhwakgolo. Fela jaaka go ntse ka boswa bongwe le bongwe, o ka itlhophela: O ka bo beeletsa ka botlhale kgotsa o ka bo senya. Ke nna ke ithuta gore kgato nngwe le nngwe ya kgolo ya ngwana e tlhomologile mme ke tlhoka go nna gone mo kgatong nngwe le nngwe ya botshelo jwa ngwana wa me ka gonne fa nako eo e ka feta o ka se tlhole o e bona gape.

Yoonhee: Ka dinako tse dingwe, go direga dilo tse re neng re sa di lebelela mo botshelong mme go nna le ngwana yo o sa mo lebelelang ga se selo se se maswe se se ka diregang o sa se lebelela. Gone jaanong Amanda o na le dingwaga di le thataro mme ga ke kgone go akanya ke tshela kwantle ga gagwe.

[Setshwantsho]

Tom le Yoonhee le morwadiabone, e bong Amanda