Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisa Bana fa Gare ga Bosea le Dingwaga Tsa Bosha

Go Godisa Bana fa Gare ga Bosea le Dingwaga Tsa Bosha

Go Godisa Bana fa Gare ga Bosea le Dingwaga Tsa Bosha

“Go fitlha bana ba gago ba le dingwaga di le tlhano, ba ikutlwa ba sireletsegile mo gae mme go motlhofo go ba ruta go nna le dinonofo tse di molemo. Mme fa ba simolola go tsena sekolo ba simolola go bona tsela e farologaneng e batho ba bangwe ba dirang dilo ka yone le e ba buang ka yone.”—Valter, Italy.

FA BANA ba ntse ba gola, ba simolola go itse tikologo ya bone e ntšha. Ba fetsa nako le batho ba ba oketsegileng—bana ba ba tshamekang le bone, ba ba tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe ba masika. Jaaka Valter yo o nopotsweng fa godimo a bolela, ga e tlhole e le wena fela yo o nnang le tlhotlheletso mo botshelong jwa ngwana wa gago jaaka go ne go ntse fa e ne e le lesea. Ke ka moo go leng botlhokwa gore o dirise dingwaga tseno tsa bosea go ruta ngwana wa gago botlhokwa jwa go nna kutlo le go nna le maitseo. Gape go botlhokwa gore o mo rute gore ke eng se se siameng le se se phoso.

Gore ngwana wa gago a kgone go dira dilo tse go builweng ka sone fa godimo ga go itlele fela ka bonako le ka tlholego. Gongwe o tla tlhoka go ‘kgalemela, go kgalema o tiisitse, go rotloetsa ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta.’ (2 Timotheo 4:2) Batsadi ba Baiseraele ba ne ba laetswe jaana ka melao ya Modimo: “O a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7) Jaaka temana eno e bontsha, go botlhokwa gore o tswelele o kaela ngwana wa gago.

Boikarabelo jwa go godisa bana bo akaretsa dikgwetlho di le dintsi. Mma re sekasekeng di le mmalwa fela tsa tsone.

Nako ya go Reetsa

Baebele ya re le fa go na le “nako ya go bua,” gape go na le nako ya go reetsa. (Moreri 3:7) O ka ruta ngwana wa gago jang go reetsa fa batho ba bangwe—go akaretsa le wena—ba bua? Tsela e nngwe ke ka go mo tlhomela sekao. A wena o reetsa batho ba bangwe ka kelotlhoko, go akaretsa le bana ba gago?

Bana ba iteega tsebe motlhofo mme ga go na pelaelo gore o ka fela pelo fa o ntse o leka go buisana le bone. Ngwana mongwe le mongwe o farologane, ka jalo, nna kelotlhoko mme o bone gore ke mekgwa efe ya puisano e e dirang sentle mo ngwaneng wa gago. Ka sekai, David, rre mongwe wa kwa Boritane a re: “Ke dira gore morwadiake a mpolelele ka mafoko a gagwe se ke sa tswang go se bua. Ka ntlha ya seo, o reetsa botoka fa a ntse a gola.”

Fa Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe o ne a ba bolelela jaana: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:18) Fa e le gore batho ba bagolo ba tlhoka go dira jalo, abo go le botlhokwa le go feta jang ne gore bana ba dire jalo!

‘Itshwarelaneng lo Gololesegile’

Baebele ya re: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakolosa 3:13) Bana ba ka thapisediwa go nna le bokgoni jwa go itshwarela. Jang?

Fela jaaka go ile ga tlotliwa ka bokgoni jwa go reetsa kwa godimo, o tlhoka go tlhoma sekao. Dira gore bana ba gago ba bone gore o na le moya wa go itshwarela mo tseleng e o dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Marina, mmè mongwe kwa Russia o dira maiteko a go dira jalo. A re: “Re leka go tlhomela bana ba rona sekao se se molemo sa go itshwarela batho ba bangwe, go ineela fa go na le go sa utlwane le go sa kgopisege.” O oketsa jaana: “Fa ke le phoso, ke kopa maitshwarelo mo baneng ba me. Ke batla gore ba ithute go dira se se tshwanang fa ba dirisana le batho ba bangwe.”

Ba tla tlhoka go kgona go rarabolola dikgotlhang le go itshwarela fa ba setse ba godile. Thapisa bana ba gago gone jaanong gore ba akanyetse batho ba bangwe le go amogela diphoso tse ba di dirileng. Fa o dira jalo, o tla ba naya mpho e e botlhokwa e e tla ba solegelang molemo fela thata fa ba ntse ba gola.

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

Mo ‘dinakong tseno tsa mathata,’ batho ba le bantsi ke “baithati.” (2 Timotheo 3:1, 2) Gone jaanong, fa bana ba gago ba sa ntse ba le bannye, ke nako ya go ba ruta go nna le moya wa go leboga. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.

Tota le fa bana ba sa ntse ba le bannye, ba ka kgona go ithuta go bontsha maitseo le go akanyetsa batho ba bangwe. Jang? Dr. Kyle Pruett o ne a bolelela makasine o o bidiwang Parents jaana: “Tsela e e molemolemo e o ka rutang bana ba gago go leboga ka yone ke gore o leboge ba lelapa la gago ka metlha.” O oketsa jaana: “Seno se kaya gore ka metlha o ba bolelele kafa o anaanelang thuso ya bone ka teng kgotsa dilo tse dingwe tse ba di dirang tse di bontshang go go akanyetsa . . . O tlhoka gore o go dire thata.”

Richard, rre mongwe wa kwa Boritane o leka go dira jalo, a re: “Nna le mosadi wa me re bontsha kafa re ka lebogang batho ba ba re bontshitseng bopelonomi ka teng, ba ba jaaka barutabana kgotsa bommèmogolo le borremogolo. Ka metlha fa re etela lelapa lengwe go ya go ja le lone, re le kwalela karata ya go leboga mme bana botlhe ba kwala maina a bone kgotsa ba torowa setshwantsho mo go yone.” Go bontsha kanaanelo le go leboga go tla thusa ngwana wa gago gore moragonyana a nne le botsala jo bogolo le jo bo nnelang ruri le batho ba bangwe.

“O se Ka wa Thibela Kotlhao”

Fa bana ba gago ba ntse ba gola, go botlhokwa gore ba ithute gore dilo tse ba dirang di nna le ditlamorago tsa tsone. Tota le fa bana ba le babotlana, ba ikarabelela mo bathong ba ba nang le taolo, e seng fela kwa gae mme gape le kwa sekolong le mo setšhabeng. O ka ruta bana ba gago go ithuta molaomotheo o o reng, o roba se o se jalang. (Bagalatia 6:7) Jang?

Baebele ya re: “O se ka wa thibela kotlhao.” (Diane 23:13) Fa e le gore o ile wa mo tlhalosetsa sentle gore selo sengwe se se phoso se tla mo leretse ditlamorago tse di rileng, o se ka wa tshaba go dira jaaka o boletse. Norma, mmè mongwe kwa Argentina a re: “Go botlhokwa gore o tlhomame. Go nna o fetofetoga go dira gore ngwana a dirise seo go dira se a se ratang.”

Batsadi ba ka dira go le gontsi go tila go ngangisana mo go sa feleng fa ngwana a sena go dira phoso ka go tlhomamisa gore bana ba bone ba tlhaloganya sentle go sa le gale ditlamorago tsa go sa reetse. Ga se gantsi bana ba ka se ikobeleng melao fa ba e itse le gore go tla diragala eng fa ba sa e ikobele e bile ba itse gore ditlamorago tsa gone di ka se fetolwe.

Gone ke boammaaruri gore e le gore kotlhao e nne le matswela, ga o a tshwanela go otlhaya ngwana o galefile. Baebele ya re: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Go otlhaya ngwana ga go a tshwanelwa go dirwa ka tsela e e setlhogo e bile ga go a tshwanela go nna ka tsela ya tshotlo—e ka tswa e le mo mmeleng kgotsa mo maikutlong.

Mme o ka laola jang bogale jwa gago fa ngwana wa gago a dirile gore o fele pelo? Peter, rre mongwe wa kwa New Zealand, o dumela jaana: “Ga se ka metlha go leng motlhofo mme bana ba tlhoka go ithuta gore go otlhaiwa ke ditlamorago tsa se ba se dirileng mme ga se ka go bo motsadi a paletswe ke go itshwara.”

Peter le mosadi wa gagwe ba leka go thusa bana ba bone go bona melemo e e nnelang ruri ya kotlhao. A re: “Tota le fa bana ba dirile sengwe se se sa itumediseng, re bua le bone ka gore ba tshwanetse go nna batho ba mofuta mang go na le go ba bolelela kafa ba sentseng ka teng.”

“A go Nna Tekatekano ga Lona go Itsiwe”

Modimo o ne a bolela jaana malebana le kotlhao e a neng a tla e naya batho ba gagwe: “Ke tla go otlhaya ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 46:28) O tla bona diphelelo tse di molemo fa o otlhaya ngwana ka tsela e e tshwanetseng le e e tsamaisanang le phoso e a e dirileng. Paulo o ne a kwalela Bakeresete jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe.”—Bafilipi 4:5.

Go nna tekatekano go akaretsa go otlhaya bana ba gago ka tsela e e tla dirang gore ba sale ba na le seriti. Santi, rre mongwe wa kwa Italy a re: “Ga nke ke nyenyefatsa morwaake kgotsa morwadiake. Go na le moo, ke leka go bona gore ke eng se se bakileng bothata mme ke bo ke ba thusa go bo baakanya. Ga ke otlhaye bana ba me fa pele ga batho ba bangwe, tota le fa pele ga bana ba bangwe fa go kgonega. E bile ga ke dire metlae ka makoa a bone fa gare ga batho ba bangwe kgotsa fa re le nosi.”

Richard, yo o umakilweng pelenyana, le ene o bona botlhokwa jwa go nna tekatekano. A re: “Kotlhao ga ya tshwanela go kokotlelwa, o akaretsa phoso nngwe le nngwe mo kotlhaong. Fa o sena go otlhaya ngwana, go botlhokwa gore o se ka wa nnela go bua ka gone le go mo gopotsa diphoso tsa gagwe.”

Go godisa bana ke tiro e e boima e e akaretsang go intsha setlhabelo mme gone e lere masego a magolo. Ke se Yelena, mmè mongwe wa kwa Russia a se lemogileng. A re: “Ke tlhophile tiro e e ka dirang gore ke fetse nako e ntsi le morwaake. Go tlhoka maiteko e bile go dira gore lotseno lwa gago lo fokotsege mme boitumelo jo morwaake a nnang le jone le kafa re atamalanang ka teng di feta matsapa a ke a dirileng go intsha setlhabelo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Bana ba ka ithuta go akanyetsa batho ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Otlhaya bana ka tsela e e tla dirang gore ba sale ba na le seriti