Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo

Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo

Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo

AKANYA o sa tswa go tsaya loeto go tswa kwa setlhaketlhakeng sa boboatsatsi mme o ya kwa Arctic Circle. Ka bonako fela fa o sena go fologa mo sefofaneng, o lemoga gore o mo tlelaemeteng e e tsididi thata. A o ka kgona go tlwaelana le yone? Ee, mme gone o tla tlhoka go dira diphetogo di le mmalwa.

O lebana le boemo jo bo tshwanang le jono fa bana ba gago ba tsena mo dingwageng tsa bosha. Go lebega e kete tlelaemete e fetogile ka ponyo ya leitlho. Mosimane yo pele a neng a ka se tloge fa thoko ga gago jaanong o rata go fetsa nako le balekane ba gagwe. Mosetsana yo pele a neng a lebelela pele go go bolelela ka letsatsi la gagwe jaanong o go naya dikarabo tse dikhutshwane fela.

O botsa jaana: “Go ne go ntse jang kwa sekolong?”

O araba jaana: “Go ne go siame.”

Go nna le tidimalo.

O mmotsa jaana: “O akantse eng?”

O araba jaana: “Sepe.”

Go sisibala le go feta.

Go diragetse eng? Pelenyana, o ne o ikutlwa e kete o mokatisi mo botshelong jwa bana ba gago mme gone jaanong o ikutlwa e kete o mmogedi fela mme ga go na sepe se o ka se buang.

A o tshwanetse go tlogela phatlha eo e e tsididi e ntse e le gone? Nnyaa, le e seng. O ka kgona go atamalana le bana ba gago fa ba ntse ba le mo dingwageng tsa bone tsa bosha. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, o tshwanetse go tlhaloganya gore go diragala eng mo kgatong eno ya go gola e e itumedisang mme gape e tlhobaetsa.

Go Tswa mo Dingwageng Tsa Bongwana Go ya Mo go Tsa Bogolo

Babatlisisi ba kile ba bo ba akanya gore fa ngwana a le dingwaga di le tlhano, boboko jwa gagwe bo a bo bo setse bo godile. Gone jaanong ba dumela gore le fa selekanyo sa boboko se fetoga go sekae morago ga dingwaga tseo, go ka se buiwe se se tshwanang ka tsela e bo berekang ka yone. Fa ba fitlha mo dingwageng tsa bolesome, ba simolola go nna le phetogo e kgolo ya dihoromone e e fetolang tsela e ba akanyang ka yone. Ka sekai, gantsi fa bana ba bannye ba leba dilo, ba di leba jaaka di ntse mme basha bone ba leba dilo ka kakaretso, ba sekaseka dilo tse di amang kgang eo. (1 Bakorintha 13:11) Ba nna le dikakanyo tsa bone e bile ga ba tlhabiwe ke ditlhong go di tlhalosa.

Paolo, yo o tswang kwa Italy, o ne a lemoga phetogo eo mo ngwaneng wa gagwe wa dingwaga tsa bosha. A re: “Fa ke leba mosimane wa me yo o mo dingwageng tsa bolesome, ke ikutlwa e kete ke bona monna mme ga a tlhole e le mosimane. Ga se diphetogo tsa mo mmeleng fela. Se se dirang gore ke gakgamale le go feta ke tsela e a akanyang ka yone. Ga a boife go tlhalosa tsela e a lebang dilo ka yone le go e buelela!”

A o lemogile sengwe se se tshwanang mo ngwaneng wa gago wa mosha? Gongwe fa a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a latela ditaelo fela. Go ne go tlhokega fela gore o mo reye o re, “Ka gonne ke go laetse jalo.” Jaanong, e re ka e le mosha, o batla gore o mo neye mabaka e bile gongwe o na le bothata ka melao e lelapa le tshelang ka yone. Ka dinako dingwe tsela e a buang ka yone e ka lebega e kete ke ya boganana.

Mme o se ka wa swetsa ka gore ngwana wa gago wa mosha o batla go fetola melao ya gago. A ka tswa a na le bothata jwa go tshela ka melao ya gago mme a batla tsela e a ka e dirisang mo botshelong jwa gagwe ka yone. Ka sekai, akanya o fuduga mo ntlong ya gago o ya kwa go e nngwe mme o tsamaya le fanitšhara ya gago. A go tla nna motlhofo go bona lefelo le o ka bayang fanitšhara nngwe le nngwe mo go lone mo ntlong e ntšha? Go ka se direge. Mme boammaaruri ke gore o ka se latlhe sepe se o se tsayang se le botlhokwa.

Ngwana wa gago wa mosha o lebane le boemo jo bo tshwanang le jono fa a ipaakanyetsa nako e a tla “tlogelang rraagwe le mmaagwe” ka yone. (Genesise 2:24) Ke boammaaruri gore nako eo e ka tswa e sa ntse e le kgakala; ngwana wa gago wa mosha ga a ise e nne mogolo. Le fa go ntse jalo, go nna e kete o setse a paka dilo tsa gagwe. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bosha, o sekaseka melao e a godisitsweng ka yone mme o itlhophela gore ke efe e a tla e dirisang fa a setse a godile. *

Go ka nna ga go tshosa go akanya ka ngwana wa gago a dira ditshwetso tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore fa ngwana wa gago a tsena mo dingwageng tsa bogolo, o tla boloka fela melao e ene a e tsayang e le ya botlhokwa. Ka jalo, gone jaanong—fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a sa ntse a nna kwa gae—ke nako ya gore a sekaseke ka kelotlhoko melaometheo e a tla tshelang ka yone.—Ditiro 17:11.

Eleruri, go mosola gore ngwana wa gago wa mosha a dire jalo. Tota e bile, fa e le gore gone jaanong o amogela melao ya gago a sa belaele sepe, moragonyana a ka nna a amogela melao ya batho ba bangwe a sa belaele sepe. (Ekesodo 23:2) Baebele e tlhalosa mosha yo o ntseng jalo e re ke motho yo o tsiediwang motlhofo ka go bo a ‘se botlhale’—sengwe sa dilo tse mafoko ano a se kayang ke go tlhoka temogo. (Diane 7:7) Mosha yo o sa tlhomamisegang ka dilo tse a di dumelang a ka ‘heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete o heheutlwa ke makhubu e bile o akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho.’—Baefeso 4:14.

O ka dira jang gore ngwana wa gago a se ka a diragalelwa ke selo se se ntseng jalo? Tlhomamisa gore ngwana wa gago o na le dilo tse tharo tse di latelang tse di botlhokwa:

1 BOKGONI JWA GO LEMOGA

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore ‘batho ba ba godileng sentle, bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisitswe gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) O ka nna wa re, ‘Mme gone ke rutile ngwanake go farologanya se se siameng le se se sa siamang mo dingwageng tse di fetileng.’ Mme ga go na pelaelo gore thapiso eo e ile ya mo solegela molemo ka nako eo mme ya mo thusa mo kgatong e e latelang eno ya go gola ga gagwe. (2 Timotheo 3:14) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a re batho ba tlhoka go thapisa bokgoni jwa bone jwa go lemoga. Fa bana ba bannye ba tlhoka go itse se se siameng le se se sa siamang, basha bone ba tlhoka go ‘nna ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.’ (1 Bakorintha 14:20; Diane 1:4; 2:11) Ga o batle gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha a go ikobele fela mme o batla gore a nne le mabaka a a utlwalang a go bo a go ikobela. (Baroma 12:1, 2) O ka mo thusa jang gore a dire jalo?

Tsela nngwe ke ka go mo letla gore a itlhalose. O se ka wa mo tsena mo ganong mme leka ka natla gore o se ka wa galefa—tota le fa a bua sengwe se o sa batleng go se utlwa. Baebele ya re: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19; Diane 18:13) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Fa o reetsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha, o tla kgona go bona gore ke eng se tota a tshwenyegileng ka sone.

Fa o bua le ene, leka go dirisa dipotso go na le go bua fela o sa akanyetse maikutlo a gagwe. Ka dinako dingwe Jesu o ne botsa ka go re, “Lo akanyang?” gore a kgothaletse, e seng fela barutwa ba gagwe mme le batho ba ba neng ba le tlhogoethata, go ntsha maikutlo a bone ka kgololesego. (Mathaio 21:23, 28) O ka dira se se tshwanang ka ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha, tota le fa a na le boikutlo jo bo sa tshwaneng le jwa gago. Ka sekai:

Fa ngwana wa gago wa mosha a re: “Ga ke a tlhomamisega gore ke dumela mo Modimong.”

Go na le gore o arabe ke go re: “Re go rutile sentle—ee o dumela mo Modimong!”

O ka nna wa re: “Ke eng se se dirang gore o ikutlwe jalo?”

Ke eng fa o batla gore a ntshe maikutlo a gagwe? Ka gonne le fa o setse utlwa se a se buang, o batla go itse se a se akanyang. (Diane 20:5) Bothata bo ka tswa bo amana thata le melao ya Modimo, e seng gore a Modimo o teng.

Ka sekai, mosha yo o ikutlwang a lebane le kgatelelo ya go se ikobele melao ya Modimo ya boitsholo a ka leka go dira gore seo se amogelesege ka go bolela gore ga a dumele mo Modimong. (Pesalema 14:1) A ka nna a re, ‘Fa e le gore Modimo ga a yo, go raya gore ga ke tlhoke go tshela ka melaometheo ya Baebele.’

Fa e le gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha o akanya jalo, a ka tswa a tlhoka go akanya ka potso eno, A tota ke dumela gore melao ya Modimo e solegela nna molemo? (Isaia 48:17, 18) Fa e le gore o dumela gore e mo solegela molemo, mo thuse go bona botlhokwa jwa go tshela ka yone.—Bagalatia 5:1.

Fa ngwana wa gago wa mosha a re: “Ka gonne bodumedi jono e le jwa lona ga go reye gore ke jwa me.”

Go na le gore o arabe ke go re: “Ke bodumedi jwa rona, o ngwana wa rona mme o tla dumela se rona re go bolelelang gore o se dumele.”

O ka nna wa re: “Se o se buileng se masisi tota. Fa e le gore ga o batle go dumela se ke se dumelang, go raya gore go na le sengwe se sele se o se dumelang. Ka jalo, wena o dumela eng? O akanya gore ke melao efe ya boitsholo e o tshwanetseng go tshela ka yone?”

Ke eng fa o batla gore a ntshe maikutlo a gagwe? Ka gonne go buisana le ene ka tsela e e ntseng jalo go tla mo thusa go tlhatlhoba tsela e a akanyang ka yone. A ka nna a gakgamadiwa ke go lemoga gore o dumela dilo tse di tshwanang le tse o di dumelang mme selo se se mo tshwenyang ke selo se se farologaneng gotlhelele.

Ka sekai, gongwe ngwana wa gago wa dingwaga tsa bosha ga a itse gore a ka tlhalosetsa batho ba bangwe dilo tse a di dumelang jang. (Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:15) Kgotsa a ka tswa a kgatlhegela motho wa bong bo sele yo a sa dumeleng dilo tse a di dumelang. Batla modi wa bothata mme o thuse ngwana wa gago wa mosha gore le ene a dire jalo. Fa a ntse a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga, o tla bo a siametse le go feta go tsena mo dingwageng tsa bogolo.

2 KAELO YA BAGOLO

Gompieno mo ditsong dingwe, ga go na bosupi bope jo bo leng teng jo bo bontshang gore mathata a bosha a baithutatlhaloganyo bangwe ba reng a tshwanetse go lebelelwa mo dingwageng tsa bolesome a teng. Babatlisisi ba fitlhetse gore mo ditsong tseo basha ba thapisediwa go nna bagolo ba sa le bannye. Ba bereka le bagolo, ba itisa le bone e bile ba fiwa maikarabelo a bagolo. Ga ba na mafoko a a jaaka “botshelo jwa basha,” “boganana jwa basha” tota le e leng “dingwaga tsa bolesome.”

Go farologana le seo, akanya ka se se diragalelang basha kwa dinageng di le dintsi tse mo go tsone ba tsenang kwa dikolong tse di tletseng thata mme batho ba ba ka kgonang go itsalanya le bone fela e le basha ba bangwe. Fa ba fitlha kwa gae, ga go na ope. Mama le Papa ba a bereka. Ba masika ba nna kgakala. Batho ba ba kgonang go itsalanya le bone ke balekane ba bone. * A o lemoga kotsi ya gone? Ga se fela kgang ya gore ba tla itsalanya le batho ba ba sa siamang. Babatlisisi ba lemogile gore tota le e leng basha ba ba tlhomang sekao gantsi ba ineela mo boitshwarong jo bo sa siamang fa ba se mo gare ga bagolo.

Setšhaba sengwe se se neng se sa kgaoganye basha le bagolo e ne e le sa Baiseraele ba bogologolo. * Ka sekai, Baebele e bua ka Usia yo o neng a nna kgosi ya Juda fa a ne a sa ntse a le mosha. Ke eng se se ileng sa thusa Usia go rwala maikarabelo ao a a boima? Go lebega fa sengwe se se ileng sa mo thusa, bobotlana go ya bokgakaleng jo bo rileng, e ne e le tlhotlheletso ya mogolo mongwe yo o bidiwang Sekaria, yo Baebele e mo tlhalosang e le “motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri.”—2 Ditiragalo 26:5.

A ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome o na le motho kgotsa batho ba ba godileng ba ba mo kaelang ba ba tshelang ka melao e e tshwanang le ya gago? O se ka wa nna lefufa fa ngwana wa gago a itsalanya le batho ba ba ntseng jalo. Batho ba ba ntseng jalo ba ka thusa ngwana wa gago go dira se se siameng. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

3 GO NNA LE BOIKARABELO

Mo dinageng dingwe, molao ga o letlelele basha go thapiwa nako e e fetang diura tse di rileng ka beke kgotsa go dira ditiro tse di rileng. Dithibelo tse di ntseng jalo di ile tsa tlhomiwa go sireletsa bana mo maemong a a kotsi a tiro—seno se ile sa dirwa ka ntlha ya diphetogo tse dikgolo tsa madirelo tse di nnileng teng ka lekgolo la bo18 le la bo19 la dingwaga.

Le fa melao eno ya tiro e sireletsa basha mo dikotsing le mo go sotliweng, baitse bangwe ba bolela gore dithibelo tseno gape di dira gore basha ba se ka ba nna le maikarabelo. Buka ya Escaping the Endless Adolescence, ya re ka ntlha ya seo, basha ba le bantsi ba simolotse go nna le “boikutlo jwa gore ba tshwanetse go nna le dilo dingwe, e nna e kete ba tshwanelwa ke go nna le dilo tse ba di newang kwantle ga gore ba di berekele.” Bakwadi ba buka eno ba bolela gore mokgwa ono “o lebega e le tsela e e tlwaelegileng ya go tshela mo lefatsheng leno le le rotloetsang basha gore ba itlose bodutu go na le gore go lebelelwe sengwe mo go bone.”

Go farologana le seo, Baebele e bua ka basha ba ba neng ba rwala maikarabelo a magolo ba sa ntse ba le bannye. Akanya ka Timotheo, yo go ka diregang gore o ne a le mo dingwageng tsa bolesome fa a ne a kopana le moaposetoloi Paulo—monna yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo mo go ene. Ka nako nngwe, Paulo o ne a bolelela Timotheo jaana: ‘Kgotletsa jaaka molelo mpho ya Modimo e e mo go wena.’ (2 Timotheo 1:6) Le fa gongwe Timotheo a ka tswa a ne a le gaufi le go wetsa dingwaga tsa gagwe tsa bolesome kgotsa a simolola dingwaga tsa gagwe tsa bo20, o ne a tloga kwa gae mme a tsamaya le moaposetoloi Paulo, a mo thusa go tlhoma diphuthego le go aga bakaulengwe. Morago ga gore Paulo a dire le Timotheo dingwaga di ka nna lesome, Paulo o ne a kgona go bolelela Bakeresete ba kwa Filipi jaana: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.”—Bafilipi 2:20.

Gantsi basha ba iketleeletsa go nna le maikarabelo, segolobogolo fa ba lemoga gore go dira jalo go akaretsa go dira tiro e e nang le bokao e e solegelang batho ba bangwe molemo. Seno ga se ba thuse fela go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo mo isagweng mme gape se senola dinonofo tsa bone tse dintle.

Go Tlwaela “Tlelaemete” e Ntšha

Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong ya setlhogo seno, fa e le gore o motsadi wa ngwana yo o mo dingwageng tsa bolesome, gongwe o lemoga gore o mo “tlelaemeteng” e e farologaneng le e o neng o le mo go yone dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Tlhomamisega gore o tla e tlwaela, fela jaaka o ne wa dira mo dikgatong tse dingwe tsa go gola ga ngwana wa gago.

Leba dingwaga tsa bosha tsa ngwana wa gago e le tshono ya (1) go mo thusa go nna le bokgoni jwa go lemoga, (2) go mo neela kaelo ya motho yo o godileng le (3) go mo ruta go nna le maikarabelo. Ka go dira jalo, o tla bo o baakanyetsa ngwana wa gago go nna mogolo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Go a tshwanela go bo buka nngwe ya tshupiso e bolela gore dingwaga tsa bosha ke nako e ka yone bana ba ipaakanyetsang go kgaogana le batsadi ba bone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2009, tsebe 10-12, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 38 Boitlosobodutu jo bo diretsweng basha bo rotloetsa boikutlo jo basha ba nang le jone jwa gore ba nne le balekane ba bone, bo tsweletsa kgopolo ya gore basha ba na le tsela ya bone ya go tshela e bagolo ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.

^ ser. 39 Mafoko a a reng “motho yo o simololang dingwaga tsa bosha” le “mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome” ga a yo mo Baebeleng. Ga go na pelaelo gore, basha mo gare ga batho ba Modimo mo motlheng wa pele ga Bokeresete le ba mo motlheng wa Bokeresete ba ne ba thapisediwa go nna bagolo ba sa le bannye go feta kafa go tlwaelegileng ka teng mo ditsong di le dintsi gompieno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  20]

“GA KE AKANYE GORE NKA NNA LE BATSADI BA BA BOTOKA MO GO BONE”

Batsadi ba Basupi ba ga Jehofa ba ruta bana ba bone ka mafoko le ka go ba tlhomela sekao gore ba tshele ka melaometheo ya Baebele. (Baefeso 6:4) Le fa go ntse jalo, ga ba ba pateletse go dira jalo. Batsadi ba Basupi ba itse gore ngwana mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o batla go tshela ka melao efe fa a setse a godile.

Aislyn, yo o nang le dingwaga di le 18, o itlhophetse go tshela ka melao e a godisitsweng ka yone. A re: “Mo go nna, bodumedi jwa me ga se selo fela se ke se dirang gangwe ka beke. Ke tsela e ke tshelang ka yone. Bo ama sengwe le sengwe se ke se dirang le tshwetso nngwe le nngwe e ke e dirang—go simolola ka ditsala tse ke nang le tsone go ya go ditlelase tse ke di tlhophang le dibuka tse ke di balang.”

Aislyn o anaanela thata tsela e batsadi ba gagwe ba Bakeresete ba mo godisitseng ka yone. A re: “Ga ke akanye gore nka nna le batsadi ba ba botoka mo go bone mme ke lesego go bo ba dirile gore ke nne le keletso ya go nna Mosupi wa ga Jehofa le go tswelela ke le ene. Batsadi ba me ba tla tswelela ba nkaela mo botshelong jotlhe jwa me.”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Letla ngwana wa gago gore a bue

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Motho yo o godileng yo o kaelang ngwana wa gago a ka nna le tlhotlheletso e e molemo mo go ene

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tiro e e nang le bokao e thusa basha go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo.