Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopa Thuso

Kopa Thuso

Kopa thuso mo go ba masika mmogo le mo ditsaleng tse o di ikanyang

“Re na le ditsala tse di molemo thata mo phuthegong ya rona. Ba lorato e bile ba re ema nokeng. E kete ke ba lelapa la rona la mmatota.”—LIZAAN, MMÈ WA BANA BA BABEDI BA DINGWAGA TSA BOLESOME.

Kgwetlho.

Alina yo o nang le bana ba bannye ba basimane ba le babedi a re: “Mathata a me a magolo ke go lapa le go nna ke se na nako.” Seemo sa ga Alina se tlwaelegile mo go bommè ba ba se nang balekane. Ke sone se batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba nnang le batho ba ba ba thusang, ba ba ka se nneng ditlhong go kopa thuso mo go bone.

Dikakantsho.

Kopa thuso mo go ba masika mmogo le mo ditsaleng tse o di ikanyang. Ke eng fa o sa dire lenaane la batho ba o ka yang kwa go bone fa o tlhoka thuso, e ka tswa e le thuso ya go tlhokomela bana, ya sepalangwa, ya go baakanya sengwe mo ntlong kgotsa fa o tlhoka go bua le mongwe? Mme o nne o fetola lenaane leno fa go nna le diphetogo dingwe. Gape o ka batlisisa gore ke thuso efe e o ka e newang ke ditheo tsa puso le tse e seng tsa puso.

Renata, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o thusitswe thata ke Bakeresete ka ene. A re: “Ka metlha ba nna ba iketleeditse go nthusa. Fa nna le bomorwadiake ba babedi ba dingwaga tse robongwe re ne re tshwerwe ke foluu, ke ne ke sa kgone go apaya. Fela fa phuthego e sena go utlwa ka seno, mongwe o ne a re tlisetsa dijo letsatsi le letsatsi.” Ditiro tse di ntseng jalo tsa bopelonomi di nkgopotsa mafoko a a mo Baebeleng mo go 1 Johane 3:18: “Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”

A motsadi yo o sa newang tshwanelo ya semolao ya go tlhokomela bana a ka thusa? Fa e le gore motsadi yo mongwe, yo gantsi e leng rre, o neilwe tetla e e kafa molaong ya go fetsa nako le bana mme e le motho yo o nang le maikarabelo e bile a ikeetleeditse go thusa, le ene o ka mo letla gore a go thuse. Aitsane bana ba tlhoka go fetsa nako le rraabone. *

Ruta bana ba gago go go thusa. Fa o abela bana ba gago ditiro tse di tshwanelang dingwaga tsa bone, o a ba thusa mme le wena o a ithusa. Tiro e ruta bana go nna le maikarabelo mme go nna le mekgwa e mentle ya go bereka go tla ba thusa thata moragonyana mo botshelong.

^ ser. 6 Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisa melaometheo ya Baebele kafa ba ka kgonang ka teng go ya ka maemo a bone gape ba akanyetsa se se siametseng bana. Ditshwetso tsa kgotlatshekelo di tshwanetse go ikobelwa.