Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragetseng ka Bopelotelele?

Go Diragetseng ka Bopelotelele?

GO FELA pelo ga se selo se sesha. Go tlwaelegile gore batho ba fele pelo fa ba diega mo pharakanong kgotsa ba letile mo moleng. Mme baitse bangwe ba dumela gore batho ga ba tlhole ba le pelotelele jaaka pele—mme mabaka a gone a ka go gakgamatsa.

Basekaseki bangwe ba akantsha gore mo dingwageng tsa bosheng batho ba le bantsi ga ba tlhole ba le pelotelele ka ntlha ya didirisiwa tsa botegeniki. Go ya ka lokwalodikgang lwa The Gazette lwa kwa Montreal kwa Canada, babatlisisi bangwe ba dumela gore “didirisiwa tsa botegeniki tse di jaaka difounu tsa selula, dikhamera, e-mail le di-iPod di fetola tsela e re tshelang ka yone . . . E re ka didirisiwa tseno tsa botegeniki di dira gore re bone se re se batlang ka bonako, seo se dirile gore re batle go direlwa dilo ka bonako mo dikarolong tse dingwe tsa matshelo a rona.”

Moithutatlhaloganyo yo o berekang ka malapa e bong Dr. Jennifer Hartstein o bua mafoko mangwe a a dirang gore re akanyetse dilo kwa teng. O tlhalosa gore “re setse re le batho ba ba batlang go kgotsofala ka bonako mme re lebeletse gore dilo di direge sentle, ka bonako le ka tsela e re batlang ka yone. Fa seo se sa direge, re betwa ke pelo e bile re tenega ka bonako, [se se supang] bopelokhutshwane.”  Gape a re, “Ga re tlhole re kgona go iketla fela le go dira dilo re se mo lobelong.”

Bangwe ba dumela gore e-mail ga e tlhole e ratiwa ke batho ba le bantsi le gore go ise go ye kae e tla bo e feletswe ke nako. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba le bantsi ba ba romelang melaetsa ga ba tlhole ba na le bopelotelele jwa go nna diura, kgotsa le eleng metsotso e le mmalwa ba letile karabo. Fela jaaka go ntse ka lekwalo, gantsi go lebeletswe gore fa motho a kwala molaetsa wa e-mail, a kwale matseno le ditumediso tse di konelang. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya gore dilo tseno tse e leng seomodiro fela di a lapisa e bile di senya nako. Ba rata melaetsa e e romelelanwang ka bonako ka Internet, e e sa tlhokeng melao ya go kwala ya e-mail. Go lebega batho ba se na pelo ya go kwala ditumediso tse di maitseo! Batho ba le bantsi ga ba iphe nako ya go boa ba bala se ba se kwadileng gore ba baakanye diphoso. Ka ntlha ya seo, makwalo le melaetsa ya e-mail e romelelwa batho ba sele ka phoso, kgotsa e romelwa e na le diphoso tse dintsi tsa thutapuo le tsa mafoko a a sa kwalwang sentle.

Batho ba le bantsi ga ba na pelo ya go bala sengwe se seleele se se printilweng mo pampiring

Batho ga ba batle dilo tse di dirwang ka bonako fa go tliwa mo kgannyeng ya go buisana ka didirisiwa tsa botegeniki fela. Go lebega batho ba sa tlhole ba kgona go leta le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Ka sekai, a o a tle o iphitlhele o bua ka bonako, o ja ka bonako, o kgweetsa ka lobelo kgotsa o dirisa madi ka bonako? Go leta metsotswana fela gore lefiti e tle, dipone tsa pharakano di go bulele kgotsa khomputara e tshube go ka lebega go tsaya lobaka lo loleele thata.

Baitse ba lemogile gore batho ba le bantsi ga ba na pelo ya go bala sengwe se seleele se se printilweng mo pampiring. Ka ntlha yang? Ka gonne ba tlwaetse go fetisa matlho fela mo ditsebeng tsa Internet, ba leba di-blurb le dintlha tse di tlhomologileng fela, ba batla go bona se go buiwang ka sone ka bonako jo bo kgonegang.

Go diragetseng ka bopelotelele? Baitse ga ba itse sengwe le sengwe ka se se bakang bopelokhutshwane. Le fa go ntse jalo, go lebega go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore go fela pelo go ka nna kotsi. Ditlhogo tse di latelang di tlotla ka dingwe tsa dikotsi tsa go fela pelo le se o ka se dirang gore o nne pelotelele.

Batho ba le bantsi ba tlwaetse go fetisa matlho fela mo ditsebeng tsa Internet, ba leba di-blurb fela