Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 8

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 8

Seno ke setlhogo sa bofelo sa motseletsele wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa “Tsogang!” o o sekasekang karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di thusitse go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

MO E ka nnang ka dingwaga di le dikete di le pedi, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ntse ba rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Seno ba se dira ka ntlha ya mafoko a Jesu a a buileng. O ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

Bogosi jono jo batho ba le bantsi jaana ba bo rapelelang ke eng? Ke puso ya Modimo e e kwa legodimong, mme e tla emisetsa dipuso tse dingwe tsotlhe. E re ka Jesu Keresete e le Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jono, o diragatsa thato ya Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Ka nako e e tshwanetseng, Modimo o tla araba thapelo eno ya sekao ka go fedisa boikepo le pogo le go boloka “boidiidi jo bogolo” jo bo se nang palo jwa baobamedi ba ba ikanyegang. (Tshenolo 7:9, 10, 13-17) Go tswa foo, “basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

A go na le tsela nngwe ya go itse gore re ka lebelela maemo a a ntseng jang mo pusong ya ga Keresete? Ruri e teng! Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o eletsa go rarabolola mathata a batho le gore o na le bokgoni jwa go dira jalo. Mma re sekaseke dipolelelopele di le nnè tsa Baebele mme re bone kafa Jesu a re bontshitseng maoko ka gone a se a tla se dirang mo lefatsheng lotlhe e le Kgosi mo Bogosing jwa Modimo jwa kwa legodimong.

 Polelelopele 1:

“Jehofa . . . o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”—Pesalema 46:8, 9.

Tiragatso: Jesu Keresete, “Kgosana e e Kagiso,” o tla tlisa kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng. Bogosi jwa Modimo bo tla dira batho seoposengwe gore e nne bakaulengwe ba boammaaruri ba ditšhabatšhaba ka go dirisa thulaganyo ya go ruta batho e e dirwang ka kagiso le ka go fedisa dibetsa mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 2:2-4; 9:6, 7, ntlha e e kwa tlase mo NW; 11:9.

Se hisitori e se senolang:

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba se ka ba dirisa dibetsa mme ba tshele mmogo ka kagiso. Fa mongwe wa barutwa ba gagwe a ne a leka go mo lwela a tshotse sebetsa, Jesu o ne a mo raya a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:51, 52) Jesu o ne a bolela gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla bonwa ka lorato lo ba ratanang ka lone.—Johane 13:34, 35.

Polelelopele 2:

“Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Tiragatso: Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa phepelotlase, tlhaelo ya dijo le tlala. Mongwe le mongwe o tla nna le letlepu la dijo tse di siameng.

Se hisitori e se senolang:

Go ne go bonala sentle gore Jesu eleruri o ne a utlwela batho ba ba tshwerweng ke tlala botlhoko, mme bokgoni jwa gagwe jwa go fepa boidiidi jo bogolo jwa batho ka kgakgamatso bo ne bo jesa kgakge. Mongwe yo o neng a bona tiragalo eo ka matlho o ne a re: “[Jesu] a laela boidiidi gore bo nne ka go sekama mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, mme, ya re a lelalela kwa legodimong, a di segofatsa mme, fa a sena go ngathoganya dinkgwe, a di abela barutwa, barutwa le bone ba di abela boidiidi. Jalo botlhe ba ja ba bo ba kgora, mme ba sela mo go setseng ga manathwana, a tlala diroto di le lesome le bobedi. Le fa go ntse jalo ba ba jang e ne e ka nna banna ba le dikete di le tlhano, kwantle ga basadi le bana ba babotlana.”—Mathaio 14:14, 19-21.

Polelelopele 3:

“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) “Matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”—Isaia 35:5, 6.

Tiragatso: Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa mofuta mongwe le mongwe fela wa malwetse  le makoa. Difofu di tla bona mme bosusu ba tla utlwa le go bua. Le ka motlha batho ba ka se tlhole ba tlhoka melemo, dikokelo kgotsa dingaka.

Se hisitori e se senolang:

Fa Jesu a ne a ruta batho ka Bogosi jwa Modimo, o ne a fodisa malwetse otlhe a bone le bogole jotlhe ka go rata. Ka jalo, Jesu o ne a bontsha ka selekanyo se sennye gore o tla dirang mo lefatsheng lotlhe e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong.—Luke 7:22; 9:11.

Polelelopele 4:

Ruri Modimo “o tla kometsa loso ka bosaengkae.”—Isaia 25:8.

Tiragatso: Fa Keresete a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, “ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla tsosiwa gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. (Johane 5:28, 29) Jesu o tla fenya loso, sera sa rona se se setlhogo, mme seo se tla dira gore re kgone go itumelela botshelo jo bo sa khutleng.—Pesalema 37:29.

Se hisitori e se senolang:

Bobotlana ka makgetlho a le mararo, Jesu o ne a bontsha maatla a gagwe ka go tsosa motho yo o suleng. (Luke 7:11-15; 8:41-55; Johane 11:38-44) Morago ga gore Jesu a swe a bo a tsosiwa, batho ba ka nna 500 ba ba neng ba iponetse ka matlho ba ne ba ka supa gore o ne a tsositswe mo baswing.—1 Bakorintha 15:3-8.

Motseletsele ono wa dikarolo di le robedi o tlotlile ka dipolelelopele di le dintsi tsa Baebele tse di diragetseng. Dipolelelopele tseo tsotlhe mmogo le tse dingwe tse dintsi di bontsha gore Baebele ga se tiro fela ya batho ba ba botlhale. Go na le moo, e naya bosupi jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ga go na pelaelo gore “sengwe le sengwe se se mo Dikwalong ke Lefoko la Modimo.”—2 Timotheo 3:16, Contemporary English Version.

E re ka Baebele e le buka ya boporofeti jo bo opang kgomo lonaka, o na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore “mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.