Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Melao ya Boitsholo e e Solegelang Molemo Tota

Melao ya Boitsholo e e Solegelang Molemo Tota

Christina o ne a gamaregile! O ne a sa tswa go bona polasetiki e ntsho e na le madi a mantsi thata—madi a a lekanang le a a neng a ka a amogela mo tirong ka dingwaga di feta 20! Mme o ne a itse motho yo e mo latlhegetseng. O tshwanetse go dira eng? Wena o ne o tla dira eng? Karabo ya gago e tla senola tsela e o lebang go ikanyega ka yone le gore o ikemiseditse go le kana kang go tshela ka molao ono wa boitsholo.

Melao ya boitsholo ke eng? Ke melaometheo ya boitsholo kgotsa e e farologanyang se se siameng le se se sa siamang e re e tsayang e le molemo e bile e le botlhokwa. E ka akaretsa go itshwarela, go bua boammaaruri, go bontsha lorato, go tlotla botshelo le go nna boikgapo. Ka jalo, melao ya rona ya boitsholo e ka tlhotlheletsa boitshwaro jwa rona, dilo tse di tlang pele mo matshelong a rona, kamano ya rona le ba bangwe le tsela e re rutang bana ba rona go tshela ka yone. Le fa gone melao ya boitsholo e le botlhokwa, e ntse e ya kwa tlase.

GO FELA GA MELAO YA BOITSHOLO

Ka 2008, babatlisisi kwa United States ba ne ba botsolotsa basha ba le makgolokgolo gore ba akanyang ka melao ya boitsholo. David Brooks o ne a nopolwa jaana mo The New York Times: “Se se swabisang ke kafa ba sa kgathaleleng dikgang tse di amanang le boitsholo ka gone.” Bontsi jwa bone bo ne bo akanya gore go betelela le go bolaya ga go a siama, mme “kwa ntle ga dilo tseo tse di maswe thata, ba ne ba sa akanye sepe ka gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, tota le fa [ba ne] ba bua ka dilo tse di jaaka go kgweetsa o tagilwe, go tsietsa kwa sekolong kgotsa go se ikanyege mo molekaneng.” Jaaka mosha mongwe a ile a tlhalosa, “tota ga se gantsi ke  tshwenyega ka gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.” Ba le bantsi ba ikutlwa jaana ka kgang eno: ‘Dira se o bonang se siame. Dira se pelo ya gago e reng o se dire.’ A go akanya ka tsela eno go siame?

Le fa pelo ya motho e kgona go rata thata le go utlwela botlhoko thata, gape e ka nna ‘boferefere le go gagamalela se e se batlang.’ (Jeremia 17:9) Seemo seno se se utlwisang botlhoko se bonala mo tseleng e melao ya boitsholo e fetogang ka yone mo lefatsheng—e leng sengwe se Baebele e se boleletseng pele. E ne ya bolela jaana bogologolo: “Mo metlheng ya bofelo . . . batho ba tla nna bogagapa, pelotshetlha, ba ikgodisa, ba le mabela” e bile ba “se pelonomi [mme ba le] dikgoka.” Gape “ba tla tlhoa molemo” mme ba “rate menate go na le Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5, Good News Translation.

Dilo tseno di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa gore re tlhatlhobe pelo ya rona re se ka ra e ikanya fela! Eleruri Baebele e bua jaana e sa potapote: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla.” (Diane 28:26) Fela jaaka khampase, pelo ya rona e tlhoka go kaelwa ke melao e e utlwalang sentle gore e re solegele molemo. Re ka bona kae melao eo? Batho ba le bantsi ba e senka mo Baebeleng ka boyone ka gonne ba ikanya botlhale jwa yone le gore e bua puo phaa.

MELAO YA BOITSHOLO E RE KA E IKANYANG!

Melao ya boitsholo e e mo Baebeleng e bontsha bosupi jwa gore e ne e diretswe batho. Ela tlhoka dikai di le mmalwa fela—dinonofo tse di jaaka lorato, bopelonomi, bopelotshweu le boikanyegi.

Go rata batho ba bangwe.

Buka ya Engineering Happiness—A New Approach for Building a Joyful Life ya re: “Fa o ithutile go bontsha lorato, ruri o tla nna le boitumelo.” Go bonala sentle gore rona batho re tlhoka lorato. Ntle le lone, re ka se nne le boitumelo jwa mmatota.

Se Baebele e se buang: “Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Gape mokwadi yoo wa Baebele a re: “Fa ke . . . se na lorato, ga ke sepe.”—1 Bakorintha 13:2.

Lorato loo, ga se lo lo amanang le tlhakanelodikobo e bile ga se maikutlo fela a a sa thewang mo go sepe; lo laolwa ke melaometheo. Ke mofuta wa lorato lo lo re tlhotlheletsang go thusa motho yo re sa mo itseng yo o nang le mathata, re sa lebelela tuelo epe. Re bala jaana mo go 1 Bakorintha 13:4-7: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo itshokela dilo tsotlhe.”

Fa malapa a se na lorato lo lo ntseng jalo, botlhe mo lelapeng ba a boga, segolobogolo bana. Mosadi mongwe yo o bidiwang Monica a re o ile a sotliwa mo mmeleng, mo maikutlong le ka tsa tlhakanelodikobo fa a ne a sa le ngwana. A re, “ke ne ke sa ratiwe e bile ke se na tsholofelo.” Mme fa a ne a le dingwaga di le 15 o ne a ya go nna le rremogoloagwe le mmèmogoloagwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa.

Monica a re: “Le fa ke ne ke le ditlhong, mo dingwageng tse pedi tse ke neng ke nna le bone ka tsone, ba ne ba nthuta go nna motho yo o botsalano, yo o lorato le yo o amegang ka  batho ba bangwe. Ba ne ba nthuta go nna lekgarebe le le tlotlegang.” Gone jaanong Monica o mo lenyalong le le itumetseng, mme ene le monna wa gagwe mmogo le bana ba bone ba bararo ba bontsha batho ba bangwe lorato ka go ba bolelela molaetsa wa Baebele.

Selo se se bofitlha thata se se dirang gore batho ba se ka ba bontsha lorato ke go rata dikhumo—go dumela gore go ema sentle mo go tsa madi mmogo le menate ke dilo tsa botlhokwatlhokwa mo botshelong. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore batho ga ba tlhoke madi a mantsi gore ba itumele. Tota e bile, batho ba ba tsayang dikhumo di le botlhokwa thata ba ka tswa ba ipakela mahutsana, e leng kgopolo e Baebele e reng e boammaaruri. Moreri 5:10 ya re: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela.” Gape Baebele ya re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi.”—Bahebera 13:5.

Bopelonomi le bopelotshweu.

Kwa United States setlhogo sengwe se se kwadilweng ke mokgatlho wa The Greater Good Science Center kwa Yunibesithing ya California, Berkeley se ne sa re: “A go ne go ka se nne molemo fa o ne o ka kgona go tsena mo lebenkeleng o bo o reka boitumelo jo bo nnelang ruri? Kgopolo eno e ka lebega e le go ijesa dijo tsa ditoro mme e ka nna boammaaruri—fa fela sengwe le sengwe se o se rekang o se rekela motho yo mongwe.” Mafoko ano a kayang? Go aba go re leretse boitumelo jo bogolo go feta go amogela.

Se Baebele e se buang: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Gantsi tsela e e molemolemo ya go aba—e bile e duela go gaisa—ke go aba sengwe se e leng sa rona, e leng nako le maatla a rona. Ka sekai, mosadi mongwe yo go tweng Karen o ne a bona basadi ba le bararo—mmè le bomorwadie ba le babedi—ba dutse mo koloing, bonete ya koloi e butswe. Mmè le mongwe wa bomorwadie ba ne ba tshwanetse go ya go palama sefofane; mme koloi ya bone e ne e gana go duma, le thekisi e ba neng ba e biditse e ne e diega. Karen o ne a ithaopela gore o tla ba isa le fa gone boemadifofane bo ne bo le bokgakala jwa metsotso e le 45. Ba ne ba dumela gore a ba thuse. Fa Karen a boa, o ne a bona mongwe wa barwadi bao a sa ntse a letile mo koloing.

Mosadi yono o ne a re, “Monna wa me o etla.”

Karen o ne a re: “Ke itumelela go utlwa gore go na le mongwe yo o tla go thusang. Ke ya go bereka kwa tshingwaneng ya Holo ya rona ya Bogosi, kgotsa kereke.”

Mosadi yono o ne a botsa jaana: “A o Mosupi wa ga Jehofa?”

Karen o ne a re: “Ee,” mme morago ga moo ba ne ba nna le motlotlo o mokhutshwane.

Morago ga dibeke di le mmalwa, Karen o ne a amogela lekwalo mo posong. Karolo ya lone e ne e re: “Nna le mmè ga re a lebala thuso ya gago e e molemo. Ka ntlha ya thuso ya gago, ga re a ka ra siiwa ke sefofane! Nkgonne o re boleletse gore o Mosupi wa ga Jehofa, jaanong re a bona gore ke ka ntlha yang fa o ne o le pelontle jaana mo go rona. Mmè ke Mosupi mme nna ke Mosupi yo o sa tlhagafalang. Le fa go ntse jalo, ke tlile go baakanya boemo jwa me mo bogautshwaneng!” Karen o ne a itumedisitswe thata ke gore o kgonne go thusa badumedimmogo le ene ba le babedi. A re: “Ke ne ka lela.”

 Mokwadi mongwe e bong Charles D. Warner o ne a kwala jaana: “Sengwe se se kgatlhang thata mo . . . botshelong ke gore ga go ope yo o ka lekang ka bojotlhe go thusa yo mongwe mme ene a sa thusege.” Go ntse jalo ka gonne Modimo ga a ka a bopa batho gore ba nne pelotshetlha, go na le moo o ba bopile gore ba bontshe dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo.—Genesise 1:27.

Boikanyegi.

Molao ono wa boitsholo o botlhokwa mo setšhabeng sepe fela se se gatetseng pele. Go sa ikanyege go baka poifo, go se tshepane le go senyega ga boitsholo mo setšhabeng.

Se Baebele e se buang: “Ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng [wa Modimo]?” Karabo ke efe? “Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato . . . e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.” (Pesalema 15:1, 2) Ee, boikanyegi jwa mmatota, fela jaaka dinonofo tse dingwe tse re tlotlileng ka tsone, ke karolo ya botho jwa motho. Ga bo laolwe ke maemo kgotsa go dira se se solegelang wena molemo.

A o gopola Christina yo o neng a sela polasetiki e tletse madi? Tota o ne a sa eletse go huma mme o ne a eletsa go itumedisa Modimo go tswa pelong. Ka jalo, fa mong wa polasetiki eo yo o neng a tshwenyegile a boa, o ne a mmolelela gore madi a gagwe a bonwe. Rrakgwebo yono o ne a gakgamaditswe ke boikanyegi jwa gagwe. Le mothapi wa gagwe ka tsela e e tshwanang, ka gonne moragonyana o ne a tlhatlosa Christina gore a nne motlhokomedi wa lebenkele, maemo a a newang motho yo o ikanngwang thata. A bo mafoko a a mo go 1 Petere 3:10 a le boammaaruri jang ne: “Yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, a a thibele . . . dipounama tsa gagwe mo go bueng tsietso.”

‘TSAMAYA MO TSELENG YA BATHO BA BA MOLEMO’

Melao ya boitsholo e e fitlhelwang mo Baebeleng e re bontsha kafa Mmopi wa rona a re ratang thata ka teng ka gonne e re thusa go ‘tsamaya mo tseleng ya batho ba ba molemo.’ (Diane 2:20; Isaia 48:17, 18) Fa re latela kaelo eo, le rona re bontsha gore re rata Modimo e bile re bona melemo e mentsi. Tota e bile Baebele e re solofetsa jaana: “O boloke tsela ya [Modimo], mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”—Pesalema 37:34.

Ee, a bo batho ba ba latelang melao ya Baebele ba tla nna le isagwe e e molemo jang ne—botshelo mo lefatsheng la kagiso le le se nang boikepo! Eleruri re tshwanetse go ela tlhoko melao ya boitsholo e e rutiwang mo Baebeleng.