Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Pego ya New York Times ya re “motho yo o gogang motsoko o dira gore mothapi wa gagwe a latlhegelwe ke . . . $5 816 [R57 520] ka ngwaga go feta motho yo o sa gogeng.” Go ya ka tshedimosetso e e kgobokantsweng ke babatlisisi kwa Ohio State University, palogare ya madi a go fopholediwang gore a latlhegela mothapi a bakilwe ke nako e motho a iphang yone ya go goga, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa tlhokomelo ya kalafi le go sa tle tirong. Lebaka le lengwe e ne e le go se wetse tiro, mo go ka tswang go bakiwa ke diphelelo tse motho yo o tshwakgotsweng ke motsoko a nnang le tsone fa a sa goge.

Italy

“Baruti le badumedi ga ba dire se se tsamaisanang le se ba se buang mme seno se dira gore Kereke e se ka ya ikanngwa.”—Mopapa Francis.

Malaysia

Balaodi ba kwa Malaysia ba fitlhetse ditone di le 24 tsa dinaka tsa tlou tse di neng di tlisiwa ka bokukuntshwane mo nageng eno—dinaka tsa tlou di feta 1 000—di fitlhilwe mo merwalong e le mebedi ya logong lwa mahogany. Balwelatshireletsego ya tlhago ba re e ne e le la ntlha go gapiwa selekanyo se segolo jalo. Merwalo eno e ne e tswa kwa Togo mme e ya kwa China.

Afrika

Go ya ka pego ya 2012 ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, diperesente di le 63 tsa dintsho di bakilwe ke malwetse a a tshelanwang, bogolo jang HIV/AIDS, malwetse a a amanang le letshololo, malaria, thiibi le malwetse a bana.

Australia

Metshameko ya go betšha e e mo difounong tsa di-smartphone le didirisiwa tse dingwe e setse e ratiwa thata ke bana. E mengwe e tshwana le metshameko ya mmatota ya casino mme yone e motlhofo go e fenya. Pego nngwe ya puso e tlhagisa gore metshameko e e ntseng jalo e ka dira gore bana ba tseye gore go betšha go siame fela “mme e ka dira gore fa ba gola ba tshwakgolwe ke go betšha.”