Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Masaitseweng a Dikeledi

Masaitseweng a Dikeledi

RE SIMOLOLA go lela fela fa re tsholwa. Moitse mongwe o tlhalosa gore fa re ne re le masea, go lela e ne e le yone tsela e re bonang se re se tlhokang ka yone ka gonne re ne re lela fa re tlhoka sengwe mo maikutlong kgotsa mo mmeleng. Mme fa re ntse re gola, ke ka ntlha yang fa re tswelela re lela, le fa gone re ka kgona go tlhalosa maikutlo ka ditsela tse dingwe?

Matlho a rona a tlala dikeledi ka ntlha ya mabaka a a farologaneng a a amanang le maikutlo. Re ka lela ka ntlha ya kutlobotlhoko, go tlalelwa, go utlwa botlhoko mo mmeleng kgotsa mo maikutlong. Mme go itumela thata, go ikutlwa o imologile le go fitlhelela sengwe le gone go baka dikeledi—mme tseno ke dikeledi tsa boitumelo. Gape go lela ga motho go ka ama batho ba bangwe. María a re: “Fa ke bona mongwe a lela—go sa kgathalesege gore o lelelang—ga ke kgone go itshwara, le nna ke a lela.” Gongwe o a tle o ledisiwe ke dilo dingwe tse di itlhametsweng mo difiliming kgotsa mo dibukeng.

Le fa go ka tswa go bakwa ke eng, go lela ke puo e e maatla e go sa dirisiweng mafoko mo go yone. Buka ya Adult Crying e tlhalosa gore “eno e batla e le yone fela tsela e o ka tlhalosang mo gontsi jaana ka yone ka nako e khutshwane jalo.” Dikeledi di tlhotlheletsa batho go tsaya kgato. Ka sekai, bontsi jwa rona re fitlhela go le thata go itlhokomolosa motho yo o ledisiwang ke kutlobotlhoko ka gonne seo se re lemotsha gore o mo botlhokong. Re ka tsibogela seo ka go leka go mo gomotsa kgotsa go mo thusa.

Baitse bangwe ba dumela gore go lela ke tsela e e molemo ya go ntsha maikutlo a rona le gore go itlwaetsa go thiba dikeledi go ka ama botsogo jwa rona ka tsela e e sa siamang. Ba bangwe bone ba re ga go ise go nne le bosupi jwa saense jo bo tlhomamisang gore go lela go na le melemo mengwe mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di fopholetsa gore diperesente di le 85 tsa basadi le di le 73 tsa banna ba ile ba re ba ikutlwa botoka fa ba sena go lela. Noemí o tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke itse gore ke tlhoka go lela. Morago ga moo nka kgwa mowa ke bo ke simolola  go bona dilo botoka, ka tsela e tota di leng ka yone.”

Dipatlisiso di fopholetsa gore diperesente di le 85 tsa basadi le di le 73 tsa banna ba ile ba re ba ikutlwa botoka fa ba sena go lela

Mme ga o ikutlwe botoka jalo fela ka gonne o lela. Tsela e batho ba tsibogang ka yone fa re lela le yone e botlhokwa. Ka sekai, fa re lela mme batho ba bangwe ba bo ba re gomotsa kgotsa ba re thusa, seo se dira gore re ikutlwe re imologile. Mme fa re lela batho ba bo ba sa tseye kgato e e tshwanetseng, re ka tlhabiwa ke ditlhong le go ikutlwa re sa ratiwe.

Go bonala sentle gore go sa ntse go sa itsiwe dilo tse dintsi malebana le go lela. Se re se itseng ke gore go lela ke nngwe ya ditsela tse di gakgamatsang tse Modimo a dirileng gore re bontshe maikutlo a rona ka tsone.